Fetela kwa tshedimosetsong

ETSA TUMELO YA BONE | MIRIAME

“Opelelang Jehofa”!

“Opelelang Jehofa”!

 Mosetsana mongwe o ne a iphitlhile kgakajana, a tlhomile matlho kwa lefelong lengwe le le mo gare ga matlhaka. O ne a sa tshikinyege e bile a sa dire modumo, fa noka e kgolo ya Nile e ntse e elela ka iketlo. Nako e ne e tsamaya ka bonya, mme o ne a nna a letile e bile a lebile, a leka go itlhokomolosa ditshenekegi tse di neng di fofa go mo dikologa. Kwa a neng a lebile gone, go ne go na le mmanki o o fitlhilweng o o neng o sa tsenwe ke metsi; mo go one go ne go na le monnawe wa mosimane. O ne a utlwisiwa botlhoko ke gore monnawe o ne a le nosi e bile a sa kgone go itira sepe. Mme o ne a itse gore tshwetso e batsadi ba gagwe ba neng ba e dirile ke yone fela e neng e ka boloka botshelo jwa ngwana yoo yo monnye ka nako eo e e thata.

 Mosetsana yoo o ne a bontsha bopelokgale ka tsela e e gakgamatsang, mme o ne a sa ntse a tla bontsha bopelokgale ka tsela e kgolo. O ne a setse a simolola go nna le nonofo e e kgatlhang thata, e leng tumelo. Nonofo eo e ne e tla bonala sentle mo dilong tse di neng di tla direga e bile o ne a tla e dirisa botshelo jwa gagwe jotlhe. Dingwaga moragonyana, fa a ne a setse a tsofetse, tumelo ya gagwe e ne e tla mo thusa fa go ne go direga ditiragalo tse di kgatlhang mo hisitoring ya batho ba gaabo. Gape yone nonofo eno e ne e tla mo thusa fa a sena go dira phoso e e masisi. Mosadi yoo e ne e le mang? Mme re ka ithuta eng mo tumelong ya gagwe?

Miriame E ne E le Ngwana wa Makgoba

 Baebele ga e umake leina la ngwana yoo, mme gone re a itse gore e ne e le mang. E ne e le Miriame, ngwana wa ntlha wa ga Amerame le Jokebede, Bahebera ba e neng e le makgoba kwa lefatsheng la Egepeto. (Dipalo 26:59) Monnawe o ne a tla bidiwa Moshe moragonyana. Mogoloe loseanyana lono e bong Arone, o ne a na le dingwaga di le tharo ka nako eo. Ga go na bosupi jo bo tlhomamisang gore Miriame o ne a na le dingwaga di le kae ka nako eo mme go a utlwala go akanya gore o ne a ise a tshware dingwaga di le lesome.

 Miriame o tshedile ka nako e e thata. Baegepeto ba ne ba tsaya batho ba gaabo e leng Bahebera ba le kotsi, ka jalo ba ne ba ba dira makgoba le go ba gatelela. Fa makgoba a ne a nna a atlega e bile a oketsega ka palo, Baegepeto bao ba ba neng ba le boboi ba ne ba tla ka leano le le setlhogo. Faro o ne a laela gore bana botlhe ba Bahebera ba basimane, ba bolawe fa ba sena go tsholwa. Miriame o ne a itse ka tumelo ya basadi ba babedi ba babelegisi e bong Shifera le Pua, ba ba neng ba se ka ba ikobela taelo ya kgosi.​—Ekesodo 1:8-22.

 Gape Miriame o ne a bona tumelo ya batsadi ba gagwe. Fa Amerame le Jokebede ba sena go nna le ngwana wa boraro yo montle, ba ne ba nna ba mo fitlhile dikgwedi tsa ntlha tse tharo. Ga ba a ka ba letla gore taelo ya kgosi e ba boifise e bo e dira gore ba latlhe ngwana wa bone. (Bahebera 11:23) Mme gone go fitlha ngwana ke namane e tona ya tiro, le fa go ntse jalo go ise go ye kae ba ne ba tshwanelwa ke go dira tshwetso e e bokete. Jokebede o ne a tshola ngwana mme a tshwanelwa ke go mo tlogela kwa mongwe a neng a tla mmona gone, mongwe yo o neng a tla kgona go mo sireletsa le go mo godisa. Akanya fela mmê yoo a rapela ka tlhoafalo fa a ntse a loga mmanki ka matlhaka, a o tshasa bitumena le boka gore o se ka wa tsenwa ke metsi a bo a tsenya ngwana wa gagwe yo a mo ratang mo go one go tswa foo a bo a mo tlogela fa Nokeng ya Nile! Ga go pelaelo gore o ile a raya Miriame a re a sale foo mme a bone gore go tla direga eng.​—Ekesodo 2:1-4.

Miriame O ne A Nna Mofalotsi

 Miriame o ne a leta. Fa a ntse a letile, o ne a bona setlhopha sa basadi se atamela. Mme e ne e se basadi fela ba ba tlwaelegileng ba Baegepeto. E ne e le morwadia Faro le batlhokomedi ba gagwe ba basadi, ba tla go tlhapa mo nokeng ya Nile. Pelo ya ga Miriame e ne ya simolola go iteela ka bonako. A o ne a na le tsholofelo ya gore morwadia Faro o tla tlola taelo ya kgosi a bo a sireletsa losea lono lwa Mohebera? Ga go pelaelo gore Miriame o ile a rapela thata ka nako eo.

 Morwadia Faro ke ene wa ntlha go bona mmanki mo matlhakeng. O ne a roma lelata la gagwe la mosadi gore le ye go o tsaya. Go tswa foo pego eo e bua jaana: “Fa [morwadia Faro] a o bula o ne a bona ngwana, mme mosimane yoo o ne a lela.” Ka bonako fela,o ne a lemoga gore mosadi mongwe wa Mohebera o ne a leka go boloka botshelo jwa ngwana wa gagwe. Morwadia Faro o ile a tlhomogela losea loo lo lontle pelo. (Ekesodo 2:5, 6) E re ka Miriame a ne a le kelotlhoko, o tshwanetse a bo a ile a bona gore mosadi yoo o ikutlwa jang. O ne a itse gore jaanong nako ya gagwe ya gore a dumele gore Jehofa o tla tsaya kgato e gorogile. O ile a nna pelokgale mme a atamela basadi bao ba lelapa la segosi.

 Ga re itse gore go ne go ka direga eng ka mosetsanyana wa Mohebera wa lekgoba, yo o neng a nna le bopelokgale jwa go bua le mongwe yo o neng a tswa mo lelapeng la segosi. Le fa go ntse jalo, Miriame o ne a mmotsa jaana: “A nka ya go go biletsa mosadi yo o anyisang mo basading ba Bahebera gore a go anyisetse ngwana yono le go go thusa go mo tlhokomela?” Eno e ne e le potso e e maleba. Morwadia Faro o ne a itse gore o ne a ka se kgone go anyisa ngwana yoo. Gongwe o ne a akanya gore go ne go tla bo go le botlhale gore mosimanyana yoo a anyisiwe ke mmê mongwe wa Mohebera; go tswa foo o ne a tla mo tseela kwa legaeng la gagwe gore e nne morwawe a bo a mo godisa le go mo tsenya sekolo. Miriame o tshwanetse a bo a ne a phophoma ka boitumelo tota fa morwadia Faro a ne a mo raya a re: “Tsamaya!”​—Ekesodo 2:7, 8.

Miriame o disitse kgaitsadie yo mmotlana a le pelokgale

 Miriame o ne a tswa ka lobelo a ya gae kwa batsading ba gagwe ba ba neng ba tlhobaela. Akanya fela kafa a neng a itumetse ka gone fa a ntse a bolelela mmaagwe dikgang tseno. Jokebede o tshwanetse a bo a ile a lemoga gore Jehofa ke ene a neng a kaela dilo, ka jalo o ne a tsamaya le Miriame kwa go morwadia Faro. Gongwe Jokebede o ile a leka go fitlha tsela e a neng a itumetse le e a neng a imologile ka yone fa morwadia Faro a ne a mo raya a re: “Tsaya ngwana yono o tsamaye ka ene mme o mo nkanyisetse o bo o mo ntlhokomelele, ke tla go duela.”​—Ekesodo 2:9.

 Mo letsatsing leo, Miriame o ne a ithuta go le gontsi ka Modimo wa gagwe e bong Jehofa. O ne a ithuta gore Jehofa o tlhokomela batho ba gagwe e bile o reetsa dithapelo tsa bone. Gape o ne a ithuta gore batho ba ba godileng kgotsa banna, ga se bone fela ba ba ka kgonang go nna le tumelo le bopelokgale. Jehofa o reetsa dithapelo tsa batlhanka ba gagwe botlhe. (Pesalema 65:2) Rotlhe fela gompieno, e ka tswa re le bannye kgotsa re godile, re le banna kgotsa basadi, re tshwanetse go nna re gopotse ntlha eno mo dinakong tseno tse di thata.

Miriame, Kgaitsadie Moshe yo o Neng a le Pelotelele

 Jokebede o ne a anyisa ngwana yoo le go mo tlhokomela. Ga go pelaelo gore Miriame o ne a simolola go rata kgaitsadie yono yo mmotlana fela thata. Gongwe o ne a mo thusa go ithuta go bua mme o ne a itumela thata fa a ne a mo utlwa a bua leina la Modimo e bong Jehofa lekgetlo la ntlha. Fa ngwana yoo a gola, nako ya gore a isiwe kwa go morwadia Faro e ne ya goroga. (Ekesodo 2:10) Ga go pelaelo gore botlhe mo lelapeng ba ne ba utlwile botlhoko. Morwadia Faro o ne a bitsa ngwana yoo a re ke Moshe. Miriame o tshwanetse a bo a ne a swegaswega pelo tota a batla go bona gore Moshe o ne a tla nna motho yo o tseng jang fa a gola. A o ne a tla tswelela a rata Jehofa fa a ntse a golela mo lelapeng la segosi la Egepeto?

 Fa nako e ntse e ya, o ne a bona karabo. Miriame o tshwanetse a bo a ne a le motlotlo ka kgaitsadie yo mmotlana ka gonne fa a gola o ne a tlhopha go direla Jehofa go na le go dirisa ka botlalo ditshono tse a neng a na le tsone mo ntlong ya segosi ya ga Faro. Fa Moshe a ne a na le dingwaga di le 40, o ne a femela batho ba gaabo. O ne a bolaya Moegepeto yo o neng a sotla lekgoba la Mohebera. E re ka Moshe a ne a itse gore o ne a ka nna a bolaelwa seo, o ne a tshaba mo Egepeto.​—Ekesodo 2:11-15; Ditiro 7:23-29; Bahebera 11:24-26.

 Mo dingwageng di le 40 tse di neng tsa latela, Miriame a ka tswa a ile a se ka a tlhola a utlwa sepe go tswa kwa go kgaitsadie ka gonne a ne a nna kgakala kwa Midiana, a disa dinku. (Ekesodo 3:1; Ditiro 7:29, 30) Fa Miriame a ntse a gola a bo a tsofala, o ne a bona pogisego ya batho ba gaabo e ntse e oketsega.

Miriame E ne E le Moporofeti

 Miriame a ka tswa a ne a na le dingwaga di feta 80 fa Moshe a ne a boa, a romilwe ke Modimo gore a tle go golola batho ba gagwe. Arone o ne a nna mmueledi wa ga Moshe, mme bokgaitsadie Miriame ka bobedi ba ne ba ya kwa go Faro go ya go mo kopa gore a tlogele batho ba Modimo gore ba tsamaye. Ga go pelaelo gore o ne a dira sotlhe se a neng a ka se kgona go ba kgothatsa morago ga gore Faro a gane go ba reetsa le fa ba ne ba boela kwa go ene gangwe le gape fa Jehofa a ne a tlisa dipetso tse di lesome go tlhagisa Baegepeto. Kgabagare, go ne ga tla petso ya bofelo ya go bolawa ga maitibolo a basimane ba Baegepeto le nako ya gore Baiseraele ba gololwe. Akanya fela kafa Miriame a neng a tshweregile ka gone a thusa batho ba gaabo fa Moshe a ne a ba etelela pele a ba ntsha kwa Egepeto.—Ekesodo 4:14-16, 27-31; 7:1–12:51.

 Moragonyana, fa Baiseraele ba ne ba gaeletswe fa gare ga Lewatle le Lehibidu le mophato wa Baegepeto, Miriame o ne a bona kgaitsadie e bong Moshe a ema fa pele ga lewatle a bo a tsholetsa thobane ya gagwe. Lewatle leo le ne la kgaogana ka bogare! Fa Miriame a ne a ntse a lebile kgaitsadie a tsamaya kwa pele ga batho ba kgabaganya lewatle, ga go pelaelo gore tumelo ya gagwe mo go Jehofa e ne ya nonofa le go feta. O ne a direla Modimo yo o kgonang go dira sengwe le sengwe e bile a kgona go diragatsa ditsholofetso tsotlhe tsa gagwe.​—Ekesodo 14:1-31.

 Morago ga moo, fa batho ba ne ba setse ba kgabagantse ka bapalesego mme metsi a lewatle a boa a khurumetsa Faro le masole a gagwe, Miriame o ne a lemoga gore Jehofa o ne a le maatla go gaisa mophato oo wa masole o o neng o le maatla thata mo lefatsheng lotlhe. Batho ba ne ba tlhotlheletsega go opelela Jehofa. Miriame o ne a etelela basadi pele mme ba opela ba re: “Opelelang Jehofa, gonne o kwa godimo thata. O latlhetse pitse le mopalami wa yone mo lewatleng.”​—Ekesodo 15:20, 21; Pesalema 136:15.

Miriame o ne a tlhotlhelediwa gore a etelele basadi ba Iseraele pele mme ba opele pina ya phenyo kwa Lewatleng le Lehibidu

 Eno e ne e le nngwe ya ditiragalo tse Miriame a neng a se kitla a di lebala mo botshelong jwa gagwe. Go ya ka pego ya Baebele, ka nako ya fa tiragalo eno e ne e direga Miriame o ne a bidiwa moporofeti. Miriame ke ene mosadi wa ntlha yo Baebele e mmitsang moporofeti. Ke mongwe wa basadi ba le mmalwa ba ba ileng ba direla Jehofa ka tsela eno e e kgethegileng.​—Baatlhodi 4:4; 2 Dikgosi 22:14; Isaia 8:3; Luke 2:36.

 Baebele e re gopotsa gore Jehofa o re lebile e bile o ikemiseditse go re segofatsa ka ntlha ya matsapa a re a tsayang go mo direla re le boikokobetso, re le pelotelele le ka gonne re batla go mo galaletsa. E ka tswa re le bannye kgotsa re godile, re le banna kgotsa basadi, re ka kgona go nna le tumelo mo go Jehofa. Tumelo e e ntseng jalo e a mo itumedisa; ga a ke a e lebala e bile o itumelela go re duela ka ntlha ya yone. (Bahebera 6:10; 11:6) Leno ke lebaka le le utlwang la go etsa tumelo ya ga Miriame.

Miriame O ne A Nna Boikgogomoso

 Go nna le dikabelo tse di kgethegileng kgotsa maemo go tlisa masego, mme gape go ka nna le dikotsi. Ka nako ya fa Baiseraele ba ne ba gololwa mo bokgobeng, go bonala Miriame e ne e le mosadi yo o tumileng mo setšhabeng. A o ne a tla nna boikgogomoso kgotsa a itseela kwa godimo? (Diane 16:18) Ka maswabi, fa nako e ntse e ya seo se ne sa mo diragalela.

 Dikgwedi di le mmalwa fa Baiserale ba sena go tswa kwa Egepeto, Moshe o ne a amogela setlhopha sa batho ba ba neng ba tswa kgakala. E ne e le mogwegadiagwe e bong Jethero, a tlisitse mosadi wa ga Moshe e bong Siphora le barwa ba bone ba babedi. Moshe o ne a ile a nyala Siphora mo lobakeng lwa dingwaga di le 40 tsa fa a ne a nna kwa Midiana. Siphora o ne a boetse kwa go ba lelapa la gaabo kwa Midiana, gongwe a ba etetse, mme jaanong rraagwe o ne a mo tlisitse mo kampeng ya Baiseraele. (Ekesodo 18:1-5) Akanya fela kafa Baiseraele ba neng ba itumetse ka gone fa Siphora a ne a goroga! Gongwe bontsi jwa bone ba ne ba lebile pele go bona mosadi wa monna yo Modimo a neng a mo tlhophile go ba etelela pele a ba ntsha kwa Egepeto.

 A Miriame le ene o ne a itumetse? Gongwe kwa tshimologong. Mme fa nako e ntse e ya, go bonala a ile a letla boikgogomoso bo mo laola. Gongwe a ka tswa a ne a akanya gore Siphora o ne a tlile go mo tseela maemo a go nna mosadi yo o tlotlegang mo setšhabeng. Le fa mabaka e ka tswa e ne e le afe, Miriame le Arone ba ne ba simolola go bua dilo tse di sa siamang. Mme jaaka gantsi go tle go direge, dilo tseo tse ba neng ba di bua di ile tsa fetoga letlhoo. Kwa tshimologong, ba ne ba ngongorega ka Siphora ba re ga se Moiseraele mme ke Mokushe. a Mme go ise go ye kae, ba ne ba setse ba ngongorega le ka Moshe. Miriame le Arone ba ile ba re: “A Jehofa o buile ka Moshe a le nosi fela? A ga a bua le ka rona?”​—Dipalo 12:1, 2.

Miriame O ne A Itewa ke Lepero

 Mafoko ao a ne a bontsha gore Miriame le Arone ba ne ba setse ba na le boikutlo jo bo sa siamang e bile bo le kotsi. Ba ne ba sa itumelele tsela e Jehofa a neng a dirisa Moshe ka yone ka gonne ba ne ba batla go re e nne bone ba nang le taolo le tlhotlheletso. A ba ne ba dira jalo ka gonne Moshe a ne a sa dirise taolo ya gagwe sentle e bile a leka go nna le maatla a a oketsegileng? Ga go pelaelo gore Moshe o ne a na le makoa, mme gone o ne a sa itseele kwa godimo e bile o ne a se mabela. Pego ya Baebele e a re: “Jaanong monna yono e bong Moshe o ne a le boikokobetso thata go gaisa batho botlhe mo lefatsheng.” Le fa gone Miriame le Arone ba ka tswa ba ne ba na le mabaka, ba ne ba le phoso e bile ba ne ba le mo kotsing. Jaaka Baebele e tlhalosa, “Jehofa o ne a reeditse.”​—Dipalo 12:2, 3.

 Go ise go ye kae, Jehofa o ne a biletsa Moshe, Arone le Miriame kwa tenteng ya bokopanelo. Fa ba fitlha koo, pilara ya leru e e emelang go nna gone ga ga Jehofa, e ne ya fologa e bo e ema fa kgorong ya tente. Foo Jehofa o ne a bua. O ne a kgalemela Miriame le Arone, a ba gopotsa ka kamano e e kgethegileng e a nang le yone le Moshe le ka maikarabelo a magolo a a mo neileng one. Jehofa o ne a ba botsa jaana: “Ke ka ntlha yang fa lo ne lwa se ka lwa boifa go ngongorega ka motlhanka wa me Moshe?” Miriame le Arone ba tshwanetse ba bo ba ne ba tshogile tota. Jehofa o ne a tsaya se ba neng ba se dira e le go nyatsa ene, e seng Moshe.​—Dipalo 12:4-8.

 Go bonala Miriame e ne e le ene a di gogang kwa pele mo kgannyeng eno, a tlhotlheletsa kgaitsadie yo mmotlana gore ba nne kgatlhanong le ngwetsi ya kwa gaabo. Seo se tlhalosa lebaka la go bo Miriame e le ene a ileng a otlhaiwa. Jehofa o ne a mo itaya ka lepero. Bolwetse joo jo bo kotsi bo ne jwa dira gore a sale “a le mosweu jaaka kapoko.” Ka yone nako eo, Arone o ne a ikokobetsa fa pele ga ga Moshe, a mo kopa gore a rapele Jehofa gore a ba itshwarele, a re: “Re dirile bomatla tota.” E re ka Moshe a ne a le boikokokobetso, o ne a goela kwa go Jehofa a re: “Ao tlhe Modimo, tsweetswee mo fodise! Tsweetswee!” (Dipalo 12:9-13) Tsela e Arone le Moshe ba neng ba utlwile botlhoko ka yone fa Miriame a iteilwe ke lepero, e bontsha kafa ba neng ba rata kgaitsadiabone ka gone, le fa gone a ne a na le makoa.

Jehofa O ne A Itshwarela Miriame

 Jehofa o ne a utlwela Miriame botlhoko. O ne a mo fodisa ka gonne a ne a ikwatlhaile. Le fa go ntse jalo, o ne a laela gore Miriame a bewe a le esi kwa ntle ga kampa ya Baiseraele malatsi a le supa. Miriame o tshwanetse a bo a ne a tlhabilwe ke ditlhong tota fa a ne a tshwanelwa ke go ikobela taelo eo, ka gonne batho ba bangwe mo kampeng ba ne ba tla lemoga gore o a otlhaiwa. Mme gone, tumelo ya gagwe e ne ya mmoloka. Mo pelong ya gagwe, o ne a itse gore Rraagwe e bong Jehofa o ne a le tshiamiso le gore o ne a mo otlhaya ka gonne a mo rata. Ka jalo, o ne a dira jaaka a ne a laetswe. Fa a ntse a le nosi kwa ntle ga kampa malatsi a le supa, batho ba ba mo kampeng ba ne ba se ka ba fuduga. Morago ga moo, Miriame o ne a bontsha tumelo gape mme mo lekgetlong leno o ne a dira seo ka go nna boikokobetso a bo a itetla gore a ‘tsene.’​—Dipalo 12:14, 15.

 Jehofa o otlhaya mongwe le mongwe yo a mo ratang. (Bahebera 12:5, 6) E re ka a ne a rata Miriame, o ne a mo otlhaela boikgogomoso jwa gagwe. Kotlhao eo e ne e le botlhoko, mme gone e ne ya mmoloka. Jehofa o ne a mo amogela gape, ka gonne a ile a amogela kotlhao eo ka boikokobetso. O ne a tshela go fitlha ka nako ya fa Baiseraele ba ne ba setse ba le gaufi le go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng. Fa a ne a swela kwa Kadeshe mo nageng ya Tsine, a ka tswa a ne a tloga a tshwara dingwaga di le 130. b (Dipalo 20:1) Dingwaga di le makgolo moragonyana, Jehofa o ne a tlotlomatsa Miriame ka gonne a ile a mo direla ka boikanyegi. O ne a dirisa moporofeti Mika go gopotsa batho ba gagwe jaana: “Ke ne ka lo golola kwa lefatsheng la bokgoba; ke ne ka romela Moshe, Arone le Miriame kwa pele ga lona.”​—Mika 6:4.

Tumelo ya ga Miriame e ne ya mo thusa gore a tswelele a le boikokobetso fa Jehofa a ne a mo otlhaya

 Re ka ithuta go le gontsi mo botshelong jwa ga Miriame. Re tlhoka go sireletsa ba ba sa kgoneng go itshireletsa le go emela se se siameng re le pelokgale, jaaka a ile a dira a sa ntse a le ngwana. (Jakobe 1:27) Fela jaaka ene, re tshwanetse go itumelela go bolelela ba bangwe molaetsa wa Modimo. (Baroma 10:15) Re tshwanetse go tila go nna le dinonofo tse di sa siamang tse di jaaka lefufa le go galefa. (Diane 14:30) Mme fela jaaka ene, fa Jehofa a re otlhaya, re tshwanetse go amogela kotlhao eo re le boikokobetso. (Bahebera 12:5) Fa re dira dilo tseno, eleruri re tla bo re etsa tumelo ya ga Miriame.

a Mo kgannyeng ya ga Siphora, go bonala lefoko “Mokushe” le kaya gore o ne a tswa kwa Arabia, jaaka Bamidiana ba bangwe, e seng gore o ne a tswa kwa Ethiopia.

b Bana bano ba motho ba ne ba tlhokafala ka go latelana ga matsalo a bone; go ne ga tlhokafala Miriame pele, ga latela Arone, go tswa foo go bo go tlhokafala Moshe. Go bonala ba tlhokafetse mo nwageng o le mongwe.