Dikgosi wa Ntlha 10:1-29

  • Kgosigadi ya Sheba e etela Solomone (1-13)

  • Dikhumo tse dintsi tsa ga Solomone (14-29)

10  Jaanong kgosigadi ya Sheba e ne ya utlwa pego ka ga Solomone e e amanang le leina la ga Jehofa,+ ka jalo e ne ya ya go mo leka ka dipotso tse di thata.*+  E ne ya goroga mo Jerusalema e na le setlhopha* se segolo thata,+ le dikamela di rwele leokwane la balema+ le gauta e ntsi thata le maje a a tlhwatlhwakgolo. E ne ya tsena kwa go Solomone mme ya mmolelela sengwe le sengwe se e neng e se rata.  Foo Solomone o ne a araba dipotso tsotlhe tsa gagwe. Go ne go se na sepe se se thata* se kgosi e neng e sa kgone go se mo tlhalosetsa.  E rile kgosigadi ya Sheba e sena go bona botlhale jotlhe jwa ga Solomone,+ ntlo e a e agileng,+  dijo tse di jewang mo tafoleng ya gagwe,+ tsela e manno a batlhanka ba gagwe a neng a rulagantswe ka yone, kafa baabi ba gagwe ba dijo ba direlang ka gone mo ditafoleng le diaparo tsa bone, batho ba ba abang dinô le ditlhabelo tsa gagwe tse di fisiwang tse a neng a di ntsha ka metlha kwa ntlong ya ga Jehofa, o ne a sala a gakgametse fela thata.*  Ka jalo, o ne a raya kgosi a re: “Pego e ke e utlwileng kwa lefatsheng la me ka se o se fitlheletseng* le botlhale jwa gago e ne e le boammaaruri.  Le fa go ntse jalo, ga ke a ka ka dumela dipego tseo go fitlha ke tla mme ke bona seo ka matlho a me. Mme ga ke a bolelelwa le fa e le halofo ya dilo tse ke di boneng. Botlhale jwa gago le katlego ya gago di feta kgakala pego e ke e utlwilweng.  Go itumela banna ba gago, e bile go itumela batlhanka ba gago ba ba emang fa pele ga gago ka metlha, ba reetsa botlhale jwa gago.+  E kete Jehofa, Modimo wa gago a ka bakwa,+ yo o neng a itumela ka ntlha ya gago a bo a go baya mo setulong sa bogosi sa Iseraele. E re ka Jehofa a rata Iseraele ka lorato lo lo sa feleng, o ne a go tlhoma gore o nne kgosi gore o diragatse tshiamiso le tshiamo.” 10  Go tswa foo, o ne a naya kgosi ditalenta* tsa gauta di le 120 le leokwane la balema+ le lentsi thata le maje a a tlhwatlhwakgolo.+ Ga go ise go ke go tlhole go tlisiwa leokwane la balema le lentsi jalo le le lekanang le le kgosigadi ya Sheba e neng ya le naya Kgosi Solomone. 11  Setlhopha sa dikepe tsa ga Hirame tse di neng di rwele gauta e e tswang kwa Ofire+ di ne tsa tlisa le dikota tsa ditlhare tsa morukuru+ di le dintsi thata le maje a a tlhwatlhwakgolo+ go tswa kwa Ofire. 12  Kgosi e ne ya direla ntlo ya ga Jehofa le ntlo ya kgosi* ditshegetso ka dikota tsa ditlhare tsa morukuru, gape e ne ya direla baopedi diharepa le diletswa tsa megala.+ Ga go ise go ke go tlisiwe dikota tsa morukuru tse di tshwanang le tseo gape go tla go fitlha mo letsatsing leno. 13  Gape Kgosi Solomone o ne a naya kgosigadi ya Sheba sepe fela se a neng a se eletsa le se a neng a se kopile, mo godimo ga se Solomone a neng a se mo naya ka ntlha ya bopelotshweu jwa gagwe.* Morago ga moo, o ne a tsamaya mme a boela kwa lefatsheng la gagwe mmogo le batlhanka ba gagwe.+ 14  Mme bokete jwa gauta e e neng ya tlisiwa kwa go Solomone mo ngwageng o le mongwe e ne e le ditalenta tsa gauta di le 666,+ 15  kwantle ga e e tswang mo bagwebing le poelo e e tswang mo barekising le e e tswang kwa dikgosing tsotlhe tsa Baarabia le balaodi ba lefatshe. 16  Kgosi Solomone o ne a dira dithebe tse dikgolo tsa gauta e e tswakantsweng+ di le 200 (thebe nngwe le nngwe e ne ya dirwa ka gauta ya bokete jwa dishekele* di le 600)+ 17  le dithebe tse dinnye* tsa gauta e e tswakantsweng di le 300 (thebe nngwe le nngwe e nnye e ne ya dirwa ka gauta ya bokete jwa bomaena* ba le bararo). Go tswa foo, kgosi e ne ya di baya mo Ntlong ya Sekgwa sa Lebanona.+ 18  Gape kgosi e ne ya dira setulo se segolo sa bogosi e dirisa lonaka lwa tlou+ mme ya se manega gauta e e itshekisitsweng.+ 19  Go ne go na le ditepisi di le thataro tse di yang kwa setulong sa bogosi, mme setulo seo se ne se na le marulelo a a sediko kwa morago ga sone, mme go ne go na le maikaego a mabogo mo matlhakoreng oomabedi a setulo seo, mme ditau+ tse pedi di ne di eme ka fa thoko ga maikaego a mabogo. 20  Mme go ne go na le ditau di le 12 di eme mo ditepising tseo tse thataro, nngwe le nngwe e eme kwa bofelelong jwa ditepisi tseo tse thataro. Ga go na bogosi bope jo bo neng bo dirile sengwe se se tshwanang le seo. 21  Dikopi tsotlhe tsa ga Kgosi Solomone e ne e le tsa gauta, mme dilwana tsotlhe tsa Ntlo ya Sekgwa sa Lebanona+ e ne e le tsa gauta e e sa tswakanngwang. Go ne go se na sepe se se dirilweng ka selefera, ka gonne mo motlheng wa ga Solomone selefera e ne e tsewa e se sepe.+ 22  Gonne kgosi e ne e na le setlhopha sa dikepe tsa Tareshishe+ mo lewatleng se na le setlhopha sa dikepe tsa ga Hirame. Gangwe mo dingwageng di le tharo, setlhopha sa dikepe tsa Tareshishe se ne se tla se rwele gauta le selefera, lonaka lwa tlou,+ dikgabo le diphikoko. 23  Ka jalo, Kgosi Solomone o ne a humile+ thata e bile a le botlhale+ thata go feta dikgosi tse dingwe tsotlhe tsa lefatshe. 24  Mme batho go tswa mo lefatsheng lotlhe ba ne ba batla go bona* Solomone gore ba utlwe botlhale jwa gagwe jo Modimo a neng a bo tsentse mo pelong ya gagwe.+ 25  Mongwe le mongwe wa bone o ne a tle a tlise mpho eno ngwaga le ngwaga: dilwana tsa selefera, dilwana tsa gauta, diaparo, dibetsa, leokwane la balema, dipitse le bommoulo. 26  Mme Solomone o ne a nna a kokoanya dikara le dipitse;* o ne a na le dikara di le 1 400 le dipitse*+ di le 12 000, mme o ne a di baya mo metseng ya dikara le mo Jerusalema gaufi le kgosi.+ 27  Kgosi e ne ya dira gore selefera e nne ntsi mo Jerusalema jaaka maje, ya bo ya dira gore dikgong tsa mosedara di nne dintsi jaaka ditlhare tsa mosikamore tse di kwa Shefela.+ 28  Dipitse tsa ga Solomone di ne di rekilwe kwa Egepeto, mme setlhopha sa bagwebi ba kgosi se ne se tle se reke dipitse di le dintsi* ka tlhwatlhwa e le nngwe.+ 29  Kara nngwe le nngwe e e neng e tswa kwa Egepeto e ne e rekwa ka dishekele tsa selefera di le 600, mme pitse e ne e rekwa ka di le 150; morago ga moo, ba ne ba tle ba di rekisetse dikgosi tsotlhe tsa Bahite+ le dikgosi tsa Siria.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “ka dithamalakane.”
Kgotsa “mokoloko.”
Seheb., “go se na sepe se se fitlhegileng.”
Seheb., “go ne go sa tlhole go na le moya ope mo go ene.”
Kgotsa “ka mafoko a gago.”
Talenta e lekana le 34,2 kg. Bona Dintlha B14.
Kgotsa “ntlo ya segosi.”
Seheb., “go ya ka seatla sa ga Kgosi Solomone.”
Shekele e lekana le 11,4 g. Bona Dintlha B14.
Thebe e nnye e gantsi e neng e tsholwa ke bahulametswi.
Mo Dikwalong Tsa Sehebera maena o lekana le 570 g. Bona Dintlha B14.
Seheb., “ba batla sefatlhego sa ga.”
Kgotsa “bapalami ba dipitse.”
Kgotsa “bapalami ba dipitse.”
Kgotsa gongwe “kwa Egepeto le kwa Kue; bagwebi ba kgosi ba ne ba tle ba di reke go tswa kwa Kue,” gongwe go tewa Kilikia.