Dikgosi wa Ntlha 3:1-28

  • Solomone o nyala morwadia Faro (1-3)

  • Jehofa o iponatsa mo go Solomone mo torong (4-15)

    • Solomone o kopa botlhale (7-9)

  • Solomone o atlhola basadi ba babedi (16-28)

3  Solomone o ne a dira kgolagano ya lenyalo le Faro kgosi ya Egepeto. O ne a nyala* morwadia Faro+ mme a mo tlisa mo Motseng wa ga Dafide+ go fitlha a fetsa go aga ntlo ya gagwe+ le ntlo ya ga Jehofa+ le lobota lo lo dikologileng Jerusalema.+  Le fa go ntse jalo, batho ba ne ba sa ntse ba ntshetsa ditlhabelo mo mafelong a a kwa godimo,+ ka gonne go tla go fitlha ka nako eo ntlo ya leina la ga Jehofa e ne e ise e agiwe.+  Solomone o ne a tswelela a rata Jehofa ka go tsamaya mo melaong ya ga Dafide rraagwe, ntle le gore o ne a fisa ditlhabelo mo mafelong a a kwa godimo.+  Kgosi e ne ya ya kwa Gibeone go ya go ntsha setlhabelo teng, ka gonne leo e ne e le lefelo le le kwa godimo le le boitshepo le le tlhomologileng thata.*+ Solomone o ne a ntsha ditlhabelo tse di fisiwang di le 1 000 mo sebesong seo.+  Jehofa o ne a iponatsa mo go Solomone ka toro bosigo kwa Gibeone, mme Modimo o ne a re: “Kopa se o ka ratang gore ke se go neye.”+  Foo Solomone o ne a re: “O bontshitse motlhanka wa gago Dafide rre lorato lo logolo lo lo sa kgaotseng fa a ne a ntse a tsamaya mo ditseleng tsa gago ka boikanyegi le ka tshiamo le ka pelo e e tlhamaletseng. O ne wa tswelela o mmontsha lorato lono lo logolo lo lo sa kgaotseng go fitlha mo letsatsing leno ka go mo naya morwa gore a nne mo setulong sa gagwe sa bogosi.+  Mme jaanong Jehofa, Modimo wa me, o tlhomile motlhanka wa gago kgosi mo boemong jwa ga Dafide rre, le fa ke le mosha* e bile ke se na maitemogelo.*+  Motlhanka wa gago o busa batho ba gago ba o ba tlhophileng,+ batho ba bantsi thata mo go ka se kang ga bolelwa palo ya bone kgotsa mo ba ka se kang ba balwa.  Ka jalo, naya motlhanka wa gago pelo e e utlwang gore a atlhole batho ba gago,+ gore a lemoge molemo le bosula,+ gonne ke mang yo o ka kgonang go atlhola setšhaba seno sa gago se sentsi?”* 10  Jehofa o ne a itumedisiwa ke go bo Solomone a kopile seno.+ 11  Go tswa foo, Modimo o ne a mo raya a re: “E re ka o kopile seno mme o sa kopa go tshela lobaka lo loleele* kgotsa dikhumo kgotsa gore baba ba gago ba swe, mme o kopile gore o tlhaloganye dikgang tsa boatlhodi,+ 12  ke tla dira se o se kopileng.+ Ke tla go naya pelo e e botlhale le e e tlhaloganyang,+ gore fela jaaka go ise go ke go nne le ope yo o tshwanang le wena pele ga gago, go se ka ga nna le ope yo o tshwanang le wena morago ga gago.+ 13  Mo godimo ga moo, ke tla go naya se o sa se kopang,+ dikhumo mmogo le kgalalelo,+ mo e leng gore ga go kitla go nna le kgosi e nngwe e e tshwanang le wena mo nakong ya fa o sa ntse o tshela.*+ 14  Mme fa o tsamaya mo ditseleng tsa me ka go boloka melao ya me le ditaelo tsa me, fela jaaka Dafide rrago a ne a tsamaya,+ gape ke tla dira gore o tshele lobaka lo loleele.”*+ 15  Fa Solomone a thanya, o ne a lemoga gore e ne e le toro. Foo o ne a ya kwa Jerusalema mme a ema fa pele ga letlole la kgolagano ya ga Jehofa a bo a isa ditlhabelo tse di fisiwang le ditlhabelo tsa go abelana+ a bo a direla batlhanka botlhe ba gagwe moletlo. 16  Ka nako eo, basadi ba babedi ba ba gwebang ka mmele ba ne ba tla kwa kgosing mme ba ne ba ema fa pele ga yone. 17  Mosadi wa ntlha o ne a re: “Tsweetswee, morena wa me, nna le mosadi yono re nna mo ntlong e le nngwe, mme ke ne ka belega fa a ntse a le mo ntlong. 18  Ka letsatsi la boraro fa ke sena go belega, mosadi yono le ene o ne a belega. Re ne re le mmogo, re le babedi fela; go ne go se na motho yo mongwe gape mo ntlong. 19  Morwa wa mosadi yono o ne a swa go le bosigo, ka gonne o ne a robetse mo godimo ga gagwe. 20  Ka jalo, o ne a tsoga mo gare ga bosigo mme a tsaya morwaake fa thoko ga me, fa nna lelata la gago ke ne ke robetse a bo a mo latsa mo mabogong a gagwe,* mme o ne a latsa morwawe yo o suleng mo mabogong a me. 21  E rile ke tsoga mo mosong gore ke anyise morwaake, ke ne ka lemoga gore o sule. Ka jalo, ke ne ka mo sekaseka ka kelotlhoko mo mosong, mme ka lemoga gore e ne e se morwaake yo ke neng ka mo tshola.” 22  Le fa go ntse jalo, mosadi yo mongwe o ne a re: “Nnyaa, morwaake ke yo o tshelang, mme morwao ke yo o suleng!” Mme mosadi wa ntlha o ne a ntse a re: “Nnyaa, morwao ke yo o suleng, mme morwaake ke yo o tshelang.” Ba ne ba ngangisana jalo fa pele ga kgosi. 23  La bofelo kgosi e ne ya re: “Yono a re, ‘Morwaake ke yono yo o tshelang, mme morwao ke yo o suleng!’ mme yole ene a re, ‘Nnyaa, morwao ke yo o suleng, mme morwaake ke yo o tshelang!’ ” 24  Kgosi e ne ya re: “Ntlisetsang tšhaka.” Ka jalo, ba ne ba tlisa tšhaka kwa kgosing. 25  Foo kgosi e ne ya re: “Kgaoganyang ngwana yo o tshelang ka dikarolo di le pedi, mme lo neye mosadi yo mongwe halofo mme yo mongwe lo mo neye halofo e nngwe.” 26  Ka yone nako eo, mosadi yo morwawe a neng a tshela o ne a rapela kgosi, ka gonne o ne a utlwela morwawe botlhoko. O ne a re: “Tsweetswee, morena wa me! Mo neyeng ngwana yo o tshelang! Lo se ka lwa mmolaya!” Le fa go ntse jalo, mosadi yo mongwe o ne a ntse a re: “Ga a kitla a nna wa me kgotsa wa gago! A ba mo kgaoganye ka dikarolo di le pedi!” 27  Fa a rialo, kgosi e ne ya araba ya re: “Nayang mosadi wa ntlha ngwana yo o tshelang! Lo se ka lwa mmolaya, ka gonne ke ene mmaagwe.” 28  Ka jalo, Baiseraele botlhe ba ne ba utlwa ka katlholo e kgosi e neng e e dirile, mme ba ne ba gakgamaditswe ke* kgosi,+ ka gonne ba ne ba lemoga gore botlhale jwa Modimo bo ne bo le mo go ene gore a diragatse tshiamiso.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “tsaya.”
Seheb., “le legolo.”
Kgotsa “mosimanyana.”
Seheb “e bile ke sa itse go tswa le go tsena.”
Kgotsa gongwe “se se thata.” Seheb., “se se bokete.”
Seheb., “malatsi a mantsi.”
Seheb., “mo malatsing otlhe a gago.”
Seheb., “ke tla lelefatsa malatsi a gago.”
Seheb., “mo sehubeng sa gagwe.”
Seheb., “ba boifa.”