Ditiragalo wa Ntlha 12:1-40

  • Ba ba neng ba ema bogosi jwa ga Dafide nôkeng (1-40)

12  Bano e ne e le banna ba ba neng ba tla kwa go Dafide kwa Sikelage+ fa a ne a sa kgone go tsamaya ka kgololesego ka ntlha ya ga Saulo+ morwa Kishe, mme e ne e le bangwe ba batlhabani ba ba maatla ba ba neng ba mo eme nôkeng mo tlhabanong.+  Ba ne ba tshotse bora e bile ba ne ba kgona go dirisa seatla sa moja le sa molema+ go konopa maje ka motsekedi+ kgotsa go hula metswi ka bora. E ne e le ba bomorwarraagwe Saulo, ba tswa mo lotsong lwa ga Benjamine.+  Tlhogo ya bone e ne e le Ahiesere, a na le Joashe, ba babedi bano e ne e le bomorwa Shemaa wa Mogibea;+ Jesiele le Pelete bomorwa Asamafetha,+ Beraka, Jehu wa Moanathothe,  Ishemaia wa Mogibeone,+ motlhabani yo o maatla mo go ba ba masome a mararo+ e bile a okametse bao ba ba masome a mararo; le Jeremia, Jahasiele, Johanane, Josabade wa Mogederathe,  Elusai, Jerimothe, Bealia, Shemaria, Shefatia wa Moharife,  Elekana, Ishia, Asarele, Joesere le Jashobeame, ba Bakora;+  le Joela le Sebadia bomorwa Jerohame wa kwa Gedore.  Bangwe ba Bagada ba ne ba ya kwa letlhakoreng la ga Dafide kwa lefelong le go leng thata go tsena kwa go lone kwa nageng;+ e ne e le batlhabani ba ba maatla, masole a a katiseditsweng ntwa, ba ba nnang ba tshotse thebe e kgolo le lerumo, ba difatlhego tsa bone di neng di tshwana le tsa ditau le ba ba neng ba le lobelo jaaka ditshephe mo dithabeng.  Esere e ne e le tlhogo ya bone, wa bobedi e le Obadia, wa boraro e le Eliabe, 10  wa bonê e le Mishemana, wa botlhano e le Jeremia, 11  wa borataro e le Atai, wa bosupa e le Eliele, 12  wa borobedi e le Johanane, wa borobongwe e le Elesabade, 13  wa bolesome e le Jeremia, wa bolesome le bongwe e le Makebanai. 14  Bano e ne e le Bagada,+ e le ditlhogo tsa masole. Yo mmotlana thata o ne a lekana le ba le 100, mme yo mogolo thata o ne a lekana le ba le 1 000.+ 15  Bano ke banna ba ba neng ba kgabaganya Joredane mo kgweding ya ntlha fa e ne e penologa go fitlha kwa dintshing tsa yone, mme ba ne ba leleka batho botlhe ba ba nnang mo mafelong a a kwa tlase, ba ba lelekela kwa botlhaba le kwa bophirima. 16  Bangwe ba banna ba Benjamine le ba Juda le bone ba ne ba tla kwa go Dafide kwa lefelong le go leng thata go tsena kwa go lone.+ 17  Foo Dafide o ne a tswela kwa go bone mme a ba raya a re: “Fa e le gore lo tlile kwa go nna ka kagiso go tla go nthusa, pelo ya me e tla nna seoposengwe le lona. Le fa go ntse jalo, fa e le gore lo tlile go ntsietsa gore lo nkise kwa babeng ba me mme gone diatla tsa me di sa dira molato ope, mma Modimo wa borraaronamogolo a go bone a bo a atlhole.”+ 18  Foo moya o ne wa tla mo go* Amasai,+ tlhogo ya ba ba masome a mararo a bo a re: “Re ba gago wena Dafide, e bile re na le wena, wena morwa Jese.+ Kagiso, a kagiso e nne ya gago, e bile a yo o go thusang a nne le kagiso,Gonne Modimo wa gago o a go thusa.”+ Ka jalo, Dafide o ne a ba amogela mme a ba tlhoma go nna ditlhogo tsa mephato ya masole. 19  Bangwe ba ba tswang mo lotsong lwa ga Manase le bone ba ne ba ngwegela kwa go Dafide fa a ne a tla le Bafilisitia ba tla go tlhabana le Saulo; mme o ne a se ka a thusa Bafilisitia, ka gonne fa babusi ba Bafilisitia+ ba sena go buisana, ba ne ba mmusetsa morago ba re: “O tla ngwegela kwa go Saulo morena wa gagwe mme seo se tla tsenya matshelo a rona mo kotsing.”+ 20  Fa a ne a boela kwa Sikelage,+ batho bano ba ne ba ngwegela kwa go ene ba tswa mo lotsong lwa ga Manase: Adane, Josabade, Jediaele, Mikaele, Josabade, Elihu le Silethai, ditlhogo tsa dikete tsa ga Manase.+ 21  Ba ne ba thusa Dafide go tlhabana le setlhopha sa dirukutlhi, ka gonne botlhe fela e ne e le banna ba ba maatla,+ ba ba pelokgale mme ba ne ba nna balaodi ba masole. 22  Letsatsi le letsatsi batho ba ne ba nna ba tla kwa go Dafide+ go tla go mo thusa, go fitlha ba nna mophato o mogolo, jaaka mophato wa Modimo.+ 23  Eno ke palo ya banna ba ba neng ba ipaakanyeditse go ya tlhabanong, ba ba neng ba tla kwa go Dafide kwa Heberone+ gore ba mo neye bogosi jwa ga Saulo go ya ka taelo ya ga Jehofa.+ 24  Banna ba Juda ba ba tsholang thebe e kgolo le lerumo ba ba neng ba ipaakanyeditse ntwa ba ne ba le 6 800. 25  Go tswa mo lotsong lwa ga Simeone, banna ba ba maatla, ba ba pelokgale ba masole ba ne ba le 7 100. 26  Go tswa mo lotsong lwa ga Lefi, ba ne ba le 4 600. 27  Jehoiada+ e ne e le moeteledipele wa bomorwa Arone,+ mme o ne a na le ba le 3 700, 28  mmogo le Sadoke,+ yo e neng e le lekawana le le maatla le le pelokgale, a na le balaodi ba le 22 ba ba tswang mo kgotleng ya borraabone. 29  Go tswa mo lotsong lwa ga Benjamine, e leng bomorwarraagwe Saulo,+ go ne go na le banna ba le 3 000, ba pele bontsi jwa bone ba neng ba disa ntlo ya ga Saulo ka kelotlhoko. 30  Go tswa mo lotsong lwa ga Eferaime, go ne go na le banna ba ba maatla, ba ba pelokgale, ba ba tumileng ba le 20 800 go tswa mo dikgotleng tsa bone. 31  Go tswa mo halofong ya lotso lwa ga Manase, go ne go na le banna ba le 18 000 ba ba neng ba tlhaotswe ka maina gore ba tle go tlhoma Dafide go nna kgosi. 32  Go tswa mo lotsong lwa ga Isakare, ba ba neng ba tlhaloganya metlha e bile ba itse se Iseraele e tshwanetseng go se dira, go ne go na le dikgosana dingwe tsa bone di le 200, mme bomorwarraabone botlhe ba ne ba le mo taolong ya bone. 33  Go tswa mo lotsong lwa ga Sebulone, go ne go na le banna ba le 50 000 ba ba neng ba direla mo sesoleng, ba ba neng ba rulaganyeditswe tlhabano ba na le dibetsa tsotlhe tsa ntwa, botlhe ba ne ba ikopanya le Dafide ba ikanyega ka botlalo.* 34  Go tswa mo lotsong lwa ga Nafetali, go ne go na le dikgosana di le 1 000, mme ba ne ba na le banna ba le 37 000 ba ba neng ba tshola thebe e kgolo le lerumo. 35  Go tswa mo lotsong lwa ga Dana, ba ba rulaganyeditsweng tlhabano ba ne ba le 28 600. 36  Mme go tswa mo lotsong lwa ga Ashera, ba ba neng ba direla mo sesoleng e bile ba rulaganyeditswe tlhabano ba ne ba le 40 000. 37  Ba ba tswang kwa ntlheng e nngwe ya Joredane,+ ba lotso lwa ga Rubene, lwa ga Gada le halofo ya lotso lwa ga Manase, e ne e le masole a le 120 000 a a nang le dibetsa tsa ntwa tse di farologaneng. 38  Bano botlhe e ne e le banna ba ntwa, ba ne ba kopana ba bo ba tsamaya ka thulaganyo ya ntwa; ba ne ba ya kwa Heberone ba ikemiseditse go ya go tlhoma Dafide gore a nne kgosi ya Iseraele yotlhe, mme le Baiseraele botlhe ba ba neng ba setse ba ne ba dumalana* gore Dafide a tlhomiwe go nna kgosi.+ 39  Mme ba ne ba nna koo le Dafide malatsi a le mararo, ba ja e bile ba nwa, ka gonne bomorwarraabone ba ne ba ba baakanyeditse. 40  Mme ba ba neng ba le gaufi le bone, tota le ba ba neng ba le kgakala kwa lefatsheng la Isakare, Sebulone le Nafetali, ba ne ba tlisa dijo di le mo ditonking, mo dikameleng, mo bommoulong le mo dikgomong. E ne e le dijo tse di dirilweng ka bupi, dikuku tse di dirilweng ka mofeige o o kgobilweng le morara* o o swabisitsweng, beine, leokwane le dikgomo le dinku tse dintsi thata, ka gonne Baiseraele ba ne ba le mo boitumelong.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “o ne wa apesa.”
Kgotsa “botlhe ba ba neng ba ikopanya le Dafide ba ne ba se pelopedi.”
Seheb., “ba ne ba le pelonngwe.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”