Ditiragalo wa Ntlha 13:1-14

  • Letlole le tsewa kwa Kiriathe-jearime (1-14)

    • Usa o a bolawa (9, 10)

13  Dafide o ne a buisana le dikgosana tsa dikete le tsa makgolo le baeteledipele botlhe.+  Go tswa foo, Dafide o ne a raya phuthego yotlhe ya Iseraele a re: “Fa go bonala go le molemo mo go lona e bile go amogelesega mo go Jehofa, Modimo wa rona, a re romeleng molaetsa kwa go bomorwarraarona ba ba setseng mo dikgaolong tsotlhe tsa Iseraele le kwa baperesiting le kwa Balefing kwa metseng ya bone+ e e nang le mafulo gore ba tle mo go rona.  Mme a re yeng go tsaya Letlole+ la Modimo wa rona gore le tle kwano mo go rona.” Gonne ba ne ba sa le tlhokomele mo motlheng wa ga Saulo.+  Phuthego yotlhe e ne ya dumela gore go dirwe jalo, ka gonne batho botlhe ba ne ba bona seo se siame.  Ka jalo, Dafide o ne a phutha Iseraele yotlhe, go simologa kwa nokeng* ya Egepeto go ya go fitlha kwa Lebo-hamathe,*+ gore Letlole la Modimo wa boammaaruri le ye go tsewa kwa Kiriathe-jearime.+  Dafide le Baiseraele botlhe ba ne ba ya kwa Baala,+ kwa Kiriathe-jearime wa Juda, ba ya go tsaya Letlole la Modimo wa boammaaruri, e bong Jehofa, yo o ntseng fa godimo ga* ditšheruba,+ kwa leina la gagwe le bidiwang gone.  Le fa go ntse jalo, ba ne ba pega Letlole la Modimo wa boammaaruri mo kareng e ntšha+ mme ba le ntsha mo ntlong ya ga Abinadabe, mme Usa le Ahio ba ne ba eteletse kara eo pele.+  Dafide le Baiseraele botlhe ba ne ba bina fa pele ga Modimo wa boammaaruri ka maatla otlhe a bone, ba opela, ba letsa diharepa, diletswa tse dingwe tsa megala, meropana,+ disemebala+ le diterompeta.+  Le fa go ntse jalo, fa ba goroga kwa seboaneng sa ga Kidone, Usa o ne a ntsha seatla a bo a tshwara Letlole, ka gonne dikgomo di ne di batlile di le menola. 10  Foo bogale jwa ga Jehofa bo ne jwa tukela Usa, mme Modimo o ne a mmolaya ka gonne a ne a tshwere Letlole,+ mme o ne a swela foo fa pele ga Modimo.+ 11  Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a galefa* ka gonne Jehofa a ile a galefela Usa fela thata; mme lefelo leo le ntse le bidiwa Perese-usa* go fitlha mo letsatsing leno. 12  Ka jalo, Dafide o ne a boifa Modimo wa boammaaruri mo letsatsing leo mme a re: “Ke tla tlisa jang Letlole la Modimo wa boammaaruri kwa go nna?”+ 13  Dafide ga a ka a isa Letlole kwa a neng a nna gone kwa Motseng wa ga Dafide, mme o ne a laela gore le isiwe kwa ntlong ya ga Obede-edoma wa Mogathe. 14  Letlole la Modimo wa boammaaruri le ne la nna le ba lelapa la ga Obede-edoma, la tswelela le le kwa ntlong ya gagwe dikgwedi di le tharo, mme Jehofa o ne a nna a segofatsa ba lelapa la ga Obede-edoma le sotlhe se a neng a na le sone.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “go simologa kwa Shihore.”
Kgotsa “kwa kgorong ya Hamathe.”
Kgotsa gongwe “fa gare ga.”
Kgotsa “a kgopisega.”
Mo go kayang “Go Galefela Usa.”