Ditiragalo wa Ntlha 14:1-17

  • Dafide o tlhomiwa go nna kgosi (1, 2)

  • Lelapa la ga Dafide (3-7)

  • Bafilisitia ba a fenngwa (8-17)

14  Kgosi Hirame+ wa Ture o ne a romela barongwa kwa go Dafide, mmogo le dikota tsa mosedara, babetli ba maje* le babetli ba logong gore ba mo agele ntlo.*+  Mme Dafide o ne a itse gore Jehofa o ne a mo nonotshitse thata gore a nne kgosi ya Iseraele,+ ka gonne bogosi jwa gagwe bo ne bo tlotlomaditswe thata ka ntlha ya batho ba Gagwe ba Iseraele.+  Dafide o ne a nyala basadi ba bangwe gape+ mo Jerusalema, mme Dafide o ne a tsholelwa bana ba bangwe gape ba basimane le ba basetsana.+  Ano ke maina a bana ba a neng a ba tsholelwa kwa Jerusalema:+ Shammua, Shobabe, Nathane,+ Solomone,+  Ibehare, Elishua, Elepelete,  Noga, Nefege, Jafia,  Elishama, Beeliada le Elifelete.  Fa Bafilisitia ba utlwa gore Dafide o ne a tloditswe gore a nne kgosi ya Iseraele yotlhe,+ Bafilisitia botlhe ba ne ba tla go batla Dafide.+ E rile Dafide a utlwa ka gone, o ne a ya go ba tlhasela.  Foo Bafilisitia ba ne ba tla mme ba nna ba tlhasela baagi ba mo Mokgatšheng* wa Refaime.+ 10  Dafide o ne a botsa Modimo a re: “A ke ye go tlhasela Bafilisitia? A o tla ba tsenya mo seatleng sa me?” Foo Jehofa o ne a mo raya a re: “Tsamaya, ka gonne ruri ke tla ba tsenya mo seatleng sa gago.”+ 11  Ka jalo, Dafide o ne a ya kwa Baale-perasime+ mme o ne a ba kgemetha gone koo. Foo Dafide o ne a re: “Modimo wa boammaaruri o thubagantse baba ba me ka seatla sa me, fela jaaka phatlha e e dirilweng ke metsi.” Ke gone ka moo ba neng ba bitsa lefelo leo Baale-perasime.* 12  Bafilisitia ba ne ba tlogela medimo ya bone gone koo, mme Dafide o ne a laela gore e fisiwe ka molelo.+ 13  Moragonyana Bafilisitia ba ne ba boa gape ba tlhasela mo mokgatšheng.*+ 14  Dafide o ne a botsa Modimo gape, mme Modimo wa boammaaruri o ne a mo raya a re: “O se ka wa ba sala morago. Go na le moo, dikologa o ye kwa morago ga bone mme o ba tlhasele o tswa kwa pele ga ditlhatshana tsa bakha.+ 15  Mme fa o utlwa modumo wa go gwanta mo godimo ga ditlhatshana tsa bakha, o tlhasele ka gonne Modimo wa boammaaruri o tla bo a dule a le kwa pele ga gago gore a kgemethe masole a Bafilisitia.”+ 16  Ka jalo, Dafide o ne a dira fela jaaka Modimo wa boammaaruri a ne a mo laetse,+ mme ba ne ba kgemetha masole a Bafilisitia go simologa kwa Gibeone go ya kwa Gesere.+ 17  Go tuma ga ga Dafide go ne ga anamela mo mafatsheng otlhe, mme Jehofa o ne a dira gore ditšhaba tsotlhe di mmoife.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “baagi ba dipota.”
Kgotsa “ntlo ya segosi.”
Kgotsa “mo Lebaleng le le Kwa Tlase.”
Mo go kayang “Mong yo o Thubaganyang.”
Kgotsa “mo lebaleng le le kwa tlase.”