Ditiragalo wa Ntlha 17:1-27

  • Dafide ga a kitla a aga tempele (1-6)

  • Kgolagano ya bogosi e e dirwang le Dafide (7-15)

  • Thapelo ya ga Dafide ya go leboga (16-27)

17  Fela fa Dafide a sena go nna mo ntlong ya gagwe,* o ne a raya moporofeti Nathane+ a re: “Bona, ke nna mo ntlong ya masedara+ mme letlole la kgolagano ya ga Jehofa lone le ka fa tlase ga matsela a tente.”+  Nathane o ne a raya Dafide a re: “Dira sengwe le sengwe se se mo pelong ya gago, ka gonne Modimo wa boammaaruri o na le wena.”  Mo go jone bosigo joo, Modimo o ne a raya Nathane a re:  “Tsamaya mme o reye motlhanka wa me Dafide o re, ‘Seno ke se Jehofa a se buang: “Ga se wena yo o tla nkagelang ntlo e ke tla nnang mo go yone.+  Gonne ga ke ise ke nne mo ntlong go tloga mo letsatsing la fa ke ne ke ntsha Iseraele kwa Egepeto go fitlha mo letsatsing leno, mme ke ne ke ntse ke tsamaya ke tswa mo tenteng e nngwe ke ya kwa go e nngwe e bile ke tswa mo motlaaganeng o mongwe ke ya kwa go o mongwe.*+  Ka nako eo yotlhe ke ne ke tsamaya le Baiseraele. Ke ne ka tlhoma baatlhodi ba Iseraele mme ka ba tlhoma gore ba dise batho ba me. A lo kile lwa nkutlwa ke kopa mongwe wa baatlhodi bao gore a nkagele ntlo ya masedara?”’  “Jaanong raya motlhanka wa me Dafide o re, ‘Seno ke se Jehofa wa masomosomo a se buang: “Ke ne ka go tsaya kwa mafulong, o setse letsomane morago, gore o nne moeteledipele wa batho ba me ba Iseraele.+  Mme ke tla nna le wena gongwe le gongwe kwa o yang gone+ e bile ke tla nyeletsa* baba ba gago botlhe fa pele ga gago;+ mme ke tla dira gore leina la gago le nne fela jaaka leina le legolo la banna ba bagolo mo lefatsheng.+  Ke tla tlhophela batho ba me ba Iseraele lefelo ke bo ke ba tlhoma mo go lone, mme ba tla nna koo e bile ga ba kitla ba tlhola ba tshwenngwa; batho ba ba bosula ga ba kitla ba ba gatelela* gape jaaka ba ile ba dira mo nakong e e fetileng,+ 10  go simologa ka letsatsi la fa ke ne ke tlhomela batho ba me ba Iseraele baatlhodi.+ Mme ke tla fenya baba ba gago botlhe.+ Mo godimo ga moo, ke a go bolelela, ‘Jehofa o tla go agela ntlo.’* 11  “‘“Fa malatsi a gago a khutla o bo o swa jaaka borragomogolo, ke tla tlhoma mongwe wa losika lwa gago, mongwe wa bomorwao,+ gore a nne kgosi mme ke tla tiisa bogosi jwa gagwe thata.+ 12  Ke ene yo o tla nkagelang ntlo,+ mme ke tla tiisa setulo sa gagwe sa bogosi gore se nne ka bosakhutleng.+ 13  Ke tla nna rraagwe, mme ene o tla nna morwaake.+ Ke tla tswelela ke mo rata*+ mme ga nkitla ke mo latlha ka tsela e ke neng ka latlha kgosi e e neng e le pele ga gago.+ 14  Ke tla dira gore a eme mo ntlong ya me le mo bogosing jwa me ka bosakhutleng,+ mme setulo sa gagwe sa bogosi se tla nna ka bosakhutleng.”’”+ 15  Nathane o ne a bolelela Dafide mafoko ano otlhe le ponatshegelo eno yotlhe. 16  Foo Kgosi Dafide o ne a tla fa pele ga ga Jehofa mme a nna fa fatshe a bo a re: “Nna ke mang, Jehofa Modimo? Mme ba lelapa* la me ke bomang go bo o ntiretse dilo tseno tsotlhe?+ 17  Jaaka e kete seno se ne se sa lekana, wena Modimo, gape wa re lelapa la me, nna motlhanka wa gago, le tla tswelela le le teng go fitlha kwa nakong e e tlang e e kgakala,+ mme o ntsere jaaka e kete ke ne ke le motho yo o tshwanetseng go tlotlomadiwa le go feta,* wena Jehofa Modimo. 18  Ke eng se sengwe gape se nna motlhanka wa gago Dafide nka se buang le wena ka ntlha ya tlotla e ke e neilweng, fa wena o nkitse sentle?+ 19  Jehofa, o dirile dilo tseno tsotlhe tse dikgolo e bile o senotse bogolo jwa gago ka ntlha ya me le ka go dumalana le pelo ya gago.*+ 20  Jehofa, ga go na ope yo o tshwanang le wena,+ e bile ga go na Modimo ope kwantle ga gago;+ sengwe le sengwe se re se ikutlwetseng se re naya bosupi jwa seno. 21  Mme ke setšhaba sefe se sengwe mo lefatsheng se se tshwanang le batho ba gago ba Iseraele?+ Modimo wa boammaaruri o ne a ya mme a ba golola gore e nne batho ba gagwe.+ O ne wa itirela leina ka go dira ditiro tse dikgolo le tse di boitshegang,+ ka go leleka ditšhaba fa pele ga batho ba gago+ ba o neng wa ba golola kwa Egepeto. 22  O ne wa dira gore Baiseraele e nne batho ba gago ka bosakhutleng;+ mme wena Jehofa, o ne wa nna Modimo wa bone.+ 23  Jaanong, tlhe Jehofa, e kete se o se solofeditseng nna motlhanka wa gago le ba lelapa la me o ka se diragatsa ka bosakhutleng.+ 24  E kete leina la gago le ka nnela ruri* mme la tlotlomadiwa+ ka bosakhutleng, gore batho ba tle ba re, ‘Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, ke Modimo mo Iseraele,’ mme e kete lelapa la me, nna motlhanka wa gago Dafide, le ka tiisiwa thata fa pele ga gago.+ 25  Gonne wena, Modimo wa me, o ntshenoletse boikaelelo jwa gago jwa go nkagela ntlo.* Ke gone ka moo nna motlhanka wa gago ke neng ka nna le bopelokgale jwa go rapela thapelo eno. 26  Mme jaanong Jehofa, o Modimo wa boammaaruri, mme o ntsholofeditse dilo tseno tse di molemo. 27  Ka jalo, e kete o ka itumelela go segofatsa lelapa la me, nna motlhanka wa gago, mme e kete le ka tswelela le le fa pele ga gago ka bosakhutleng, ka gonne wena Jehofa, o le segofaditse, mme le segofetse ka bosakhutleng.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “mo ntlong ya segosi.”
Gongwe go kaya “go tswa mo lefelong lengwe la tente go ya kwa go le lengwe le go tswa mo lefelong lengwe la bonno go ya kwa go le lengwe.”
Seheb., “kgaola.”
Seheb., “lapisa.”
Kgotsa “losika lwa segosi.”
Kgotsa “ke mmontsha lorato lo lo sa kgaotseng.”
Seheb., “ntlo.”
Kgotsa “motho wa maemo a kwa godimo.”
Kgotsa “le thato ya gago.”
Kgotsa “le ka itshupa le ikanyega.”
Kgotsa “losika lwa segosi.”