Ditiragalo wa Ntlha 18:1-17

  • Diphenyo tsa ga Dafide (1-13)

  • Puso ya ga Dafide (14-17)

18  Nako nngwe moragonyana, Dafide o ne a tlhasela Bafilisitia a bo a ba fenya mme a tsaya Gathe+ le metse e e e dikologileng mo diatleng tsa Bafilisitia.+  Morago ga moo o ne a fenya Bamoabe,+ mme Bamoabe ba ne ba nna batlhanka ba ga Dafide mme ba tlisa sehuba.*+  Dafide o ne a fenya Kgosi Hadadesere+ wa Soba+ gaufi le Hamathe+ fa a ne a le mo tseleng a ya kwa Nokeng ya Euferatese+ a ya go tlhomamisa gore o na le taolo.  Dafide o ne a gapa dikara di le 1 000, masole a a tsamayang ka dipitse a le 7 000 le masole a a tsamayang ka dinao a le 20 000 mo go ene.+ Go tswa foo, Dafide o ne a kgaola mesifa ya maoto a dipitse tsotlhe tse di gogang dikara mme a sadisa di le 100.+  Fa Basiria ba kwa Damaseko ba ne ba tla go thusa Kgosi Hadadesere wa Soba, Dafide o ne a kgemetha Basiria ba le 22 000.+  Go tswa foo, Dafide o ne a tlhoma ditlhopha tsa masole a a sireletsang kwa Siria wa Damaseko, mme Basiria ba ne ba nna batlhanka ba ga Dafide mme ba tlisa sehuba. Jehofa o ne a dira gore Dafide a fenye gongwe le gongwe kwa a neng a ya teng.+  Mo godimo ga moo, Dafide o ne a tsaya dithebe tsa gauta tse di kgolokwe mo batlhankeng ba ga Hadadesere a bo a di tlisa mo Jerusalema.  Dafide o ne a tsaya kopore e ntsi thata kwa Tibehathe le Kune, e leng metse ya ga Hadadesere. Solomone o ne a dira Lewatle+ la kopore, dipilara le dilwana tsa kopore ka yone.+  E rile Kgosi Tou wa Hamathe a utlwa gore Dafide o fentse mophato otlhe wa masole a ga Kgosi Hadadesere+ wa Soba,+ 10  ka yone nako eo, o ne a roma morwawe e bong Hadorame kwa go Kgosi Dafide gore a ye go mmotsa matsogo le go mo akgola ka gonne a ne a lole le Hadadesere e bile a mo fentse (ka gonne Hadadesere o ne a tle a lwe le Tou), mme o ne a tsamaya a tshotse dilwana tsa mefuta yotlhe tsa gauta, selefera le kopore. 11  Kgosi Dafide o ne a dira dilwana tseno boitshepo gore e nne tsa ga Jehofa,+ mmogo le selefera le gauta tse a neng a di tsere kwa ditšhabeng tseno tsotlhe: kwa Edoma le kwa Moabe, kwa Baamoneng,+ kwa Bafilisitieng+ le kwa Baamalekeng.+ 12  Abishai+ morwa Seruia+ o ne a kgemetha Baedoma ba le 18 000 kwa Mokgatšheng wa Letswai.+ 13  O ne a tlhoma ditlhopha tsa masole a a sireletsang kwa Edoma, mme Baedoma botlhe ba ne ba nna batlhanka ba ga Dafide.+ Jehofa o ne a dira gore Dafide a fenye gongwe le gongwe kwa a neng a ya teng.+ 14  Dafide o ne a tswelela a busa mo Iseraele yotlhe,+ mme o ne a diragatsa tshiamiso le tshiamo mo bathong ba gagwe botlhe.+ 15  Joabe morwa Seruia o ne a okametse mophato wa masole,+ Jehoshafate+ morwa Ahilude e ne e le mokwadi wa ditiragalo, 16  Sadoke morwa Ahitube le Ahimeleke morwa Abiathare e ne e le baperesiti, mme Shafesha e ne e le mokwaledi. 17  Benaia morwa Jehoiada o ne a okametse Bakeretha+ le Bapelethe.+ Mme bomorwa Dafide bone ba le mo maemong a ntlha a a latelang a kgosi.

Dintlha Tse di Kwa Tlase