Ditiragalo wa Ntlha 19:1-19

  • Baamone ba tlhabisa barongwa ba ga Dafide ditlhong (1-5)

  • Baamone le Basiria ba a fenngwa (6-19)

19  Moragonyana Nahashe kgosi ya Baamone o ne a swa, mme morwawe o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.+  Foo Dafide o ne a re: “Ke tla bontsha Hanune morwa Nahashe lorato lo lo sa kgaotseng,+ ka gonne rraagwe o ne a mpontsha lorato lo lo sa kgaotseng.” Ka jalo, Dafide o ne a roma barongwa gore ba ye go mo gomotsa ka gonne a ne a tlhokafaletswe ke rraagwe. Le fa go ntse jalo, fa batlhanka ba ga Dafide ba goroga kwa lefatsheng la Baamone+ gore ba gomotse Hanune,  dikgosana tsa Baamone di ne tsa raya Hanune tsa re: “A o akanya gore Dafide o tlotla rrago ka go go romelela bagomotsi? A ga a romela batlhanka ba gagwe kwa go wena gore ba tle go sekaseka lefatshe le go le tlhola gore ba go fenye?”  Ka jalo, Hanune o ne a tsaya batlhanka ba ga Dafide a bo a ba beola+ mme o ne a sega diaparo tsa bone ka bogare fa maragong a bo a ba naya tsela.  E rile Dafide a bolelelwa ka banna bano, ka yone nako eo o ne a roma bangwe gore ba ye go ba kgatlhantsha, ka gonne banna bao ba ne ba tlhabisitswe ditlhong thata; mme kgosi e ne ya ba raya ya re: “Nnang mo Jeriko+ go fitlha ditedu tsa lona di gola gape, mme go tswa foo lo boele kwano.”  Fa nako e ntse e tsamaya, Baamone ba ne ba lemoga gore Dafide o ba tlhoile, ka jalo Hanune le Baamone ba ne ba romela ditalenta* tsa selefera di le 1 000 gore ba thape dikara le masole a a tsamayang ka dipitse kwa Mesopotamia,* kwa Arame-maaka le kwa Soba.+  Ka jalo, ba ne ba thapa dikara di le 32 000 mmogo le kgosi ya kwa Maaka le batho ba yone. Foo ba ne ba tla mme ba kampa fa pele ga Medeba.+ Baamone ba ne ba phuthega mmogo go tswa kwa metseng ya bone gore ba ye tlhabanong.  E rile Dafide a utlwa ka gone, o ne a romela Joabe+ le masole otlhe, go akaretsa le batlhabani ba gagwe ba ba maatla thata.+  Mme Baamone ba ne ba tswa ba bo ba tlhomagana go ya ka thulaganyo ya tlhabano kwa kgorong ya motse fa dikgosi tse di neng di tlile di ne di le tsosi mo nageng. 10  E rile Joabe a bona gore o tlhaselwa go tswa kwa pele le kwa morago, o ne a tlhopha mephato mengwe e e e gaisang yotlhe mo Iseraele mme a e tlhomaganya go ya ka thulaganyo ya tlhabano gore e ye go kgatlhantsha Basiria.+ 11  O ne a baya banna ba bangwe botlhe mo taolong* ya ga morwarraagwe e bong Abishai,+ gore a ba tlhomaganye go ya ka thulaganyo ya tlhabano gore ba ye go kgatlhantsha Baamone. 12  Go tswa foo, o ne a re: “Fa Basiria+ ba nna maatla go mpheta, foo o tle go nthusa; mme fa Baamone ba nna maatla go go feta, ke tla go thusa. 13  Re tshwanetse go nonofa le go nna pelokgale+ ka ntlha ya batho ba rona le ka ntlha ya metse ya Modimo wa rona, mme Jehofa o tla dira se se molemo mo matlhong a gagwe.” 14  Go tswa foo, Joabe le banna ba gagwe ba ne ba ya go tlhabana le Basiria, mme ba ne ba tshaba fa pele ga gagwe.+ 15  Fa Baamone ba bona gore Basiria ba ne ba tshabile, le bone ba ne ba tshaba fa pele ga ga morwarraagwe e bong Abishai ba bo ba ya kwa motseng. Morago ga moo, Joabe o ne a tla mo Jerusalema. 16  E rile Basiria ba bona gore ba ne ba fentswe ke Baiseraele, ba ne ba roma barongwa gore ba bitse Basiria ba ba kwa kgaolong ya Noka,*+ ba na le Shofake molaodi wa mophato wa masole a ga Hadadesere a ba eteletse pele.+ 17  Fa Dafide a ne a begelwa seno, gone fela foo o ne a phutha Iseraele yotlhe mme a kgabaganya Joredane a bo a tla kwa go bone mme a tlhomaganya batlhabani ba gagwe go ya ka thulaganyo ya tlhabano gore ba ye go tlhabana le bone. Dafide o ne a tlhomaganya batlhabani ba gagwe gore ba ye go kgatlhantsha Basiria, mme ba ne ba tlhabana le ene.+ 18  Le fa go ntse jalo, Basiria ba ne ba tshaba fa pele ga Baiseraele; mme Dafide o ne a bolaya bakgweetsi ba dikara ba le 7 000 le masole a a tsamayang ka dinao a le 40 000 a Basiria, mme o ne a bolaya Shofake molaodi wa mophato wa masole. 19  E rile batlhanka ba ga Hadadesere ba bona gore ba ne ba fentswe ke Baiseraele,+ ka bonako fela ba ne ba dira kagiso le Dafide mme o ne a ba busa;+ mme Siria e ne e sa tlhole e batla go thusa Baamone gape.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Talenta e lekana le 34,2 kg. Bona Dintlha B14.
Seheb., “Arame-naharaime.”
Seheb., “mo seatleng.”
Go tewa Euferatese.