Ditiragalo wa Ntlha 2:1-55

  • Bomorwa Iseraele ba le 12 (1, 2)

  • Losika lwa ga Juda (3-55)

2  Bano e ne e le bomorwa Iseraele:+ Rubene,+ Simeone,+ Lefi,+ Juda,+ Isakare,+ Sebulone,+  Dana,+ Josefa,+ Benjamine,+ Nafetali,+ Gada+ le Ashera.+  Bomorwa Juda e ne e le Ere, Onane le Shela. Ba bararo bano o ne a ba tsholelwa ke morwadia Shua, mosadi wa Mokanana.+ Le fa go ntse jalo, leitibolo la ga Juda e bong Ere o ne a sa itumedise Jehofa, ka jalo o ne a mmolaya.+  Tamare,+ ngwetsi ya ga Juda, o ne a mo tsholela Perese+ le Sera. Barwa botlhe ba ga Juda ba ne ba le batlhano.  Bomorwa Perese e ne e le Heserone le Hamule.+  Bomorwa Sera e ne e le Simeri, Ethane, Hemane, Kalekole le Dara. Botlhe ba ne ba le batlhano.  Morwa* Karami e ne e le Akare,* yo o neng a tlisetsa Iseraele masetlapelo,*+ yo o neng a sa ikobela taelo ya gore go se ka ga tsewa dilo tse di neng di tshwanetse go senngwa.+  Morwa* Ethane e ne e le Asaria.  Bomorwa Heserone ba a neng a ba tsholelwa e ne e le Jerameele,+ Rame+ le Kelubai.* 10  Rame o ne a nna rraagwe Aminadabe.+ Aminadabe o ne a nna rraagwe Nashone+ kgosana ya ditlogolwana tsa ga Juda. 11  Nashone o ne a nna rraagwe Salema.+ Salema o ne a nna rraagwe Boase.+ 12  Boase o ne a nna rraagwe Obede. Obede o ne a nna rraagwe Jese.+ 13  Jese o ne a nna rraagwe Eliabe e leng leitibolo la gagwe, wa bobedi Abinadabe,+ wa boraro Shimea,+ 14  wa bonê Nethanele, wa botlhano Radai, 15  wa borataro Oseme le wa bosupa Dafide.+ 16  Bokgaitsadiabone e ne e le Seruia le Abigaile.+ Bomorwa Seruia e ne e le Abishai,+ Joabe+ le Asahele,+ ba le bararo. 17  Abigaile o ne a tshola Amasa,+ mme rraagwe Amasa e ne e le Jethere wa Moishemaele. 18  Kalebe* morwa Heserone o ne a tsholelwa barwa ke mosadi wa gagwe e bong Asuba le ke Jeriothe; mme bano e ne e le bomorwawe: Jeshere, Shobabe le Aredone. 19  Fa Asuba a swa, Kalebe o ne a nyala Eferatha,+ mme o ne a mo tsholela Hure.+ 20  Hure o ne a nna rraagwe Uri. Uri o ne a nna rraagwe Besalele.+ 21  Morago ga moo, Heserone o ne a tlhakanela dikobo le morwadia Makire+ rraagwe Gileade.+ Fa a mo nyala o ne a na le dingwaga di le 60, mme o ne a mo tsholela Segube. 22  Segube o ne a nna rraagwe Jaire,+ yo o neng a na le metse e le 23 mo lefatsheng la Gileade.+ 23  Moragonyana Geshure+ le Siria+ ba ne ba tsaya Hafotha-jaire+ mo go bone, mmogo le Kenathe+ le metse e e e dikologileng, metse e le 60. Bano botlhe e ne e le ditlogolwana tsa ga Makire rraagwe Gileade. 24  Morago ga loso lwa ga Heserone+ kwa Kalebe-eferatha, mosadi wa ga Heserone e bong Abija o ne a mo tsholela Ashehure+ rraagwe Tekoa.+ 25  Bomorwa Jerameele, leitibolo la ga Heserone, e ne e le Rame wa leitibolo, go bo go latela Buna, Orene, Oseme le Ahija. 26  Jerameele o ne a na le mosadi yo mongwe, yo leina la gagwe e neng e le Atara. E ne e le mmaagwe Oname. 27  Bomorwa Rame, leitibolo la ga Jerameele, e ne e le Maase, Jamine le Ekere. 28  Bomorwa Oname e ne e le Shammai le Jada. Bomorwa Shammai e ne e le Nadabe le Abishure. 29  Leina la mosadi wa ga Abishure e ne e le Abihaile, yo a neng a mo tsholela Ahebane le Molide. 30  Bomorwa Nadabe e ne e le Selede le Apaime. Mme Selede o ne a swa a se na barwa. 31  Morwa* Apaime e ne e le Ishi. Mme morwa* Ishi e ne e le Sheshane, mme morwa* Sheshane e ne e le Ahalai. 32  Bomorwa Jada, monnawe Shammai, e ne e le Jethere le Jonathane. Mme Jethere o ne a swa a se na barwa. 33  Bomorwa Jonathane e ne e le Pelethe le Sasa. Bano e ne e le ditlogolwana tsa ga Jerameele. 34  Sheshane o ne a se na barwa bape, mme o ne a na le bana ba basetsana fela. Jaanong Sheshane o ne a na le motlhanka wa Moegepeto yo leina la gagwe e neng e le Jareha. 35  Sheshane o ne a naya motlhanka wa gagwe e bong Jareha morwadie gore a nne mosadi wa gagwe, mme o ne a mo tsholela Atai. 36  Atai o ne a nna rraagwe Nathane. Nathane o ne a nna rraagwe Sabade. 37  Sabade o ne a nna rraagwe Efelale. Efelale o ne a nna rraagwe Obede. 38  Obede o ne a nna rraagwe Jehu. Jehu o ne a nna rraagwe Asaria. 39  Asaria o ne a nna rraagwe Helese. Helese o ne a nna rraagwe Eleasa. 40  Eleasa o ne a nna rraagwe Sisemai. Sisemai o ne a nna rraagwe Shalume. 41  Shalume o ne a nna rraagwe Jekamia. Jekamia o ne a nna rraagwe Elishama. 42  Bomorwa Kalebe*+ monnawe Jerameele e ne e le Mesha leitibolo la gagwe, yo e neng e le rraagwe Siife, le bomorwa Mareshahe rraagwe Heberone. 43  Bomorwa Heberone e ne e le Kora, Tapua, Rekeme le Shema. 44  Shema o ne a nna rraagwe Rahame rraagwe Jorekeame. Rekeme o ne a nna rraagwe Shammai. 45  Morwa Shammai e ne e le Maone. Maone e ne e le rraagwe Bethe-sure.+ 46  Mogadingwana wa ga Kalebe e bong Efahe o ne a tshola Harana, Mosa le Gasese. Harana o ne a nna rraagwe Gasese. 47  Bomorwa Jahadai e ne e le Regeme, Jothame, Geshane, Pelete, Efahe le Shaafe. 48  Mogadingwana wa ga Kalebe e bong Maaka o ne a tshola Shebere le Tirehana. 49  Fa nako e ntse e tsamaya, o ne a tshola Shaafe rraagwe Mademana+ le Shefa rraagwe Makebena le Gibea.+ Morwadia Kalebe+ e ne e le Akesa.+ 50  Bano e ne e le ditlogolwana tsa ga Kalebe. Bomorwa Hure,+ leitibolo la ga Eferatha,+ e ne e le Shobale rraagwe Kiriathe-jearime,+ 51  Salema rraagwe Bethelehema+ le Harefe rraagwe Bethe-gadere. 52  Shobale rraagwe Kiriathe-jearime o ne a na le barwa: Haroe le halofo ya Bamenuhothe. 53  Malapa a ga Kiriathe-jearime e ne e le Baithire,+ Baputhe, Bashumathe le Bamishera. Basorathe+ le Baeshetaole+ ba ne ba tswa mo go bano. 54  Bomorwa Salema e ne e le Bethelehema,+ Banetofa, Aterothe-bethe-joabe, halofo ya Bamanahathe le Basora. 55  Malapa a bakwadi ba ba nnang kwa Jabese e ne e le Batirathe, Bashimeathe le Basukathe. Bano e ne e le Bakene+ ba ba neng ba tswa mo go Hamatha rraagwe ba lelapa la ga Rekabe.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “mathata; matlhabisaditlhong.”
Mo go kayang “Yo o Tlisang Masetlapelo; Yo o Tlisang Matlhabisaditlhong.” Gape o bidiwa Akane mo go Jos 7:1.
Seheb., “Bomorwa.”
Seheb., “Bomorwa.”
Gape o bidiwa Kalebe mo temana 18, 19, 42.
Gape o bidiwa Kelubai mo temana 9.
Seheb., “bomorwa.”
Seheb., “bomorwa.”
Seheb., “Bomorwa.”
Gape o bidiwa Kelubai mo temana 9.