Ditiragalo wa Ntlha 20:1-8

  • Raba e a gapiwa (1-3)

  • Diganka tsa Bafilisitia di a bolawa (4-8)

20  Fa ngwaga o simologa,* ka nako ya fa dikgosi di ne di ya matsholong, Joabe+ o ne a etelela mophato wa masole pele ba ya ntweng mme ba ne ba senya lefatshe la Baamone; o ne a tla mme a kampa go dikologa Raba,+ fa Dafide ene a ne a setse kwa Jerusalema.+ Joabe o ne a tlhasela Raba a bo a e senya.+  Go tswa foo, Dafide o ne a rola Malekame serwalo sa tlhogo, mme o ne a fitlhela bokete jwa sone e le talenta* ya gauta, e bile mo go sone go ne go na le maje a a tlhwatlhwakgolo; mme se ne sa rwesiwa Dafide. Gape o ne a gapa dilo di le dintsi thata mo motseng.+  Mme o ne a ntsha batho ba ba neng ba le mo go one a bo a ba naya tiro+ ya go shaga maje, ya go bereka ka didirisiwa tsa tshipi tse di bogale le ka dilepe. Seo ke se Dafide a neng a se dira metse yotlhe ya Baamone. La bofelo Dafide le masole otlhe ba ne ba boela kwa Jerusalema.  Morago ga seno, Baiseraele ba ne ba lwa le Bafilisitia kwa Gesere. Ka nako eo, Sibekai+ wa Mohusha o ne a bolaya Sipai, yo e neng e le setlogolwana sa Barefaime,+ mme Bafilisitia ba ne ba fenngwa.  Mme go ne ga lowa gape le Bafilisitia, mme Elehanane morwa Jaire o ne a bolaya Lahemi monnawe Goliathe+ wa Mogathe, yo lerumo la gagwe le neng le na le thobane e e tshwanang le logong lwa balogi.+  Go ne ga nna le ntwa e nngwe gape kwa Gathe,+ kwa go neng go na le monna yo mogolo ka tsela e e sa tlwaelegang,+ a na le menwana e le 6 mo seatleng sengwe le sengwe le menwana e le 6 mo lonaong longwe le longwe, yotlhe e le 24; mme le ene e ne e le setlogolwana sa Barefaime.+  O ne a nna a kgoba+ Iseraele. Ka jalo, Jonathane morwa Shimea,+ morwarraagwe Dafide, o ne a mmolaya.  Bano e ne e le ditlogolwana tsa Barefaime+ kwa Gathe,+ mme ba ne ba wa ka seatla sa ga Dafide le ka seatla sa batlhanka ba gagwe.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Go tewa ka dikgakologo.
Mo e ka nnang 34,2 kg. Bona Dintlha B14.