Samuele wa Ntlha 13:1-23

  • Saulo o tlhopha masole (1-4)

  • Saulo o dira selo se a sa tshwanelang go se dira (5-9)

  • Samuele o kgalemela Saulo (10-14)

  • Baiseraele ga ba na dibetsa (15-23)

13  Saulo o ne a na le dingwaga di le . . .* fa a ne a nna kgosi,+ mme o ne a busa Iseraele dingwaga di le pedi.  Saulo o ne a tlhopha banna ba le 3 000 mo Iseraele; ba le 2 000 ba bone ba ne ba na le Saulo kwa Mikemashe le mo kgaolong e e dithaba ya Bethele, mme ba le 1 000 ba ne ba na le Jonathane+ kwa Gibea+ wa ga Benjamine. O ne a naya batho ba bangwe botlhe tsela, mongwe le mongwe a ya kwa tenteng ya gagwe.  Foo Jonathane o ne a kgemetha setlhopha sa masole a a sireletsang a Bafilisitia+ se se neng se le kwa Geba,+ mme Bafilisitia ba ne ba utlwa ka gone. Mme Saulo o ne a laela gore go lediwe lonaka+ mo nageng yotlhe, a re: “A Bahebera ba utlwe!”  Baiseraele botlhe ba ne ba utlwa dikgang tseno: “Saulo o kgemethile setlhopha sa masole a a sireletsang a Bafilisitia, mme jaanong Bafilisitia ba tlhoile Iseraele.” Ka jalo, batho ba ne ba bidiwa gore ba sale Saulo morago kwa Gilegala.+  Bafilisitia le bone ba ne ba phuthega mmogo gore ba tlhabane le Iseraele, ba na le dikara tsa ntwa di le 30 000 le masole a a tsamayang ka dipitse a le 6 000 le mephato ya masole e le mentsi jaaka motlhaba* o o fa losing lwa lewatle;+ mme ba ne ba tsamaya ba bo ba kampa kwa Mikemashe kwa botlhaba jwa Bethe-afene.+  Mme banna ba Iseraele ba ne ba lemoga gore ba mo mathateng ka gonne ba ne ba le mo pitlaganong; ka jalo, batho ba ne ba iphitlha mo dikgageng,+ mo dikhuting, mo mafikeng, mo diphaposing tse di ka fa tlase ga matlo le mo dikhuting tsa go bolokela metsi.*  Bangwe ba Bahebera ba ne ba bo ba kgabaganya Joredane ba ya kwa lefatsheng la Gada le la Gileade.+ Le fa go ntse jalo, Saulo ene o ne a sa ntse a le kwa Gilegala, mme batho botlhe ba ba neng ba mo setse morago ba ne ba roroma.  O ne a tswelela a letile malatsi a le supa go fitlha ka nako e e tlhomilweng e Samuele a neng a e beile, le fa go ntse jalo Samuele o ne a se ka a tla mo Gilegala, mme batho ba ne ba phatlalala ba mo tlogela.  La bofelo Saulo o ne a re: “Tlisang setlhabelo se se fisiwang le ditlhabelo tsa go abelana fa go nna.” Mme o ne a ntsha setlhabelo se se fisiwang.+ 10  Fela fa a fetsa go ntsha setlhabelo se se fisiwang, Samuele o ne a goroga. Ka jalo, Saulo o ne a tswa a ya go mo kgatlhantsha a bo a mo dumedisa. 11  Foo Samuele o ne a re: “O dirile eng?” Saulo o ne a araba a re: “Ke ne ke bona batho ba ntlogela,+ le wena o sa tle ka nako e e tlhomilweng, mme Bafilisitia bone ba ne ba phuthega mmogo kwa Mikemashe.+ 12  Ka jalo, ke ne ka ipolelela ka re, ‘Jaanong Bafilisitia ba tla tla go ntlhasela mo Gilegala, mme ga ke ise ke kope kamogelo mo go* Jehofa.’ Ka jalo, ke ne ka ikutlwa ke patelesega go ntsha setlhabelo se se fisiwang.” 13  Foo Samuele o ne a raya Saulo a re: “O dirile bomatla. Ga o a ikobela taelo e Jehofa, Modimo wa gago a go e neileng.+ Fa o ka bo o dirile jalo, Jehofa a ka bo a dirile gore bogosi jwa gago bo nne ka bosakhutleng mo Iseraele. 14  Mme jaanong bogosi jwa gago ga bo kitla bo nnela ruri.+ Jehofa o tla tlhopha monna yo o amogelwang ke pelo ya gagwe+ e bile Jehofa o tla mo tlhoma go nna moeteledipele wa batho ba gagwe,+ ka gonne ga o a ikobela se Jehofa a neng a se go laetse.”+ 15  Go tswa foo, Samuele o ne a tsamaya a tswa mo Gilegala a ya kwa Gibea wa ga Benjamine, mme Saulo o ne a bala batho; ba ba neng ba sa ntse ba na le ene e ne e le banna ba ka nna 600.+ 16  Saulo, morwawe e bong Jonathane le batho ba ba neng ba sa ntse ba na le bone, ba ne ba nna kwa Geba+ wa ga Benjamine, mme Bafilisitia bone ba ne ba kampile kwa Mikemashe.+ 17  Mme ditlhopha tse di tlhaselang di ne di tle di tswe mo kampeng ya Bafilisitia ka mephato e le meraro. Mophato o mongwe o ne o tle o fapogele kwa tseleng e e yang kwa Ofera, kwa lefatsheng la Shuale; 18  mophato o mongwe o ne o tle o fapogele kwa tseleng ya Bethe-horona,+ mme mophato wa boraro o bo o fapogela kwa tseleng e e yang kwa molelwaneng o o lebileng kwa mokgatšheng wa Seboima, go ela kwa nageng. 19  Jaanong go ne go se na ope yo o dirang ka tshipi mo lefatsheng lotlhe la Iseraele, ka gonne Bafilisitia ba ne ba rile: “Go seng jalo Bahebera ba ka dira tšhaka kgotsa lerumo.” 20  Mme Baiseraele botlhe ba ne ba tshwanelwa ke go ya kwa Bafilisitieng gore ba ye go lootsa magale a megoma, dikepu, dilepe kgotsa disekele tsa bone. 21  Tlhwatlhwa ya go lootsa magale a megoma, dikepu, didirisiwa tse di menomararo, dilepe le go gagamatsa setlhabo* sa pholo e ne e le digerama tsa sefelera di le 8.* 22  Mme mo letsatsing la tlhabano, go ne ga se ka ga fitlhelwa tšhaka kgotsa lerumo mo seatleng sa motho ope wa ba ba neng ba na le Saulo le Jonathane;+ Saulo le morwawe e bong Jonathane ke bone fela ba ba neng ba na le dibetsa. 23  Jaanong masole a a sireletsang a Bafilisitia a ne a ile kwa thotaneng ya Mikemashe.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Ga go na palo mo mokwalong wa Sehebera.
Kgotsa “moshawa.”
Bona polelwana “Khuti ya go bolokela metsi” mo Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “ke nolofatse sefatlhego sa ga.”
Seheb., “e le pime.” Bona Dintlha B14.