Samuele wa Ntlha 14:1-52

  • Jonathane o a fenya kwa Mikemashe (1-14)

  • Modimo o tlhakatlhakanya baba ba Baiseraele (15-23)

  • Maikano a Saulo a neng a a dira ka lepotlapotla (24-46)

    • Batho ba ja nama le madi (32-34)

  • Dintwa tse Saulo a di loleng; lelapa la gagwe (47-52)

14  Letsatsi lengwe Jonathane+ morwa Saulo o ne a raya motlhokomedi yo o tsholang dibetsa tsa gagwe a re: “Tlaa mme re kgabaganyetse kwa masoleng a a sireletsang a Bafilisitia ka kwa letlhakoreng le lengwe.” Le fa go ntse jalo, o ne a se ka a bolelela rraagwe.  Saulo o ne a nna fa molelwaneng wa Gibea+ ka fa tlase ga setlhare sa garanata kwa Migerone, mme o ne a na le banna ba ka nna 600.+  (Mme ka nako eo Ahija o ne a tshotse khiba.+ E ne e le morwa Ahitube,+ mogolowe Ikabode,+ morwa Finease,+ morwa Eli,+ moperesiti wa ga Jehofa kwa Shilo.)+ Mme batho ba ne ba sa itse gore Jonathane o ne a tsamaile.  Jaanong fa gare ga ditselana tse Jonathane a neng a leka go kgabaganya mo go tsone gore a ye go tlhasela masole a a sireletsang a Bafilisitia, go ne go na le lefika le le tshwanang le leino mo letlhakoreng le lengwe le lefika le le tshwanang le leino ka fa letlhakoreng le lengwe; leina la le lengwe e ne e le Bosese mme leina la le lengwe e le Sene.  Lefika le lengwe le ne le ntse jaaka pilara ka fa bokone le lebile kwa Mikemashe, mme le lengwe le ne le le ka fa borwa le lebile kwa Geba.+  Ka jalo, Jonathane o ne a raya motsholadibetsa wa gagwe a re: “Tlaa mme re kgabaganyetse kwa masoleng a a sireletsang a banna bano ba ba sa rupang.+ Gongwe Jehofa o tla re thusa, ka gonne ga go na sepe se se ka thibelang Jehofa go boloka ka ba le bantsi kgotsa ka ba le mmalwa.”+  Fa a rialo, motsholadibetsa wa gagwe o ne a mo raya a re: “Dira sepe fela se pelo ya gago e go tlhotlheletsang go se dira. Ya gongwe le gongwe kwa o batlang go ya teng, mme ke tla go sala morago gongwe le gongwe kwa pelo ya gago e go tlhotlheletsang go ya gone.”  Foo Jonathane o ne a re: “Re tla kgabaganyetsa kwa banneng bale re bo re dira gore ba re bone.  Fa ba re raya ba re, ‘Emang fela go fitlha re tla kwa go lona!’ re tla ema fa re leng teng re bo re sa tlhatlogele kwa go bone. 10  Le fa go ntse jalo, fa ba re, ‘Tlhatlogelang kwano lo tle go tlhabana le rona!’ re tla tlhatloga, ka gonne Jehofa o tla ba tsenya mo seatleng sa rona. Seno e tla nna sesupo sa rona.”+ 11  Go tswa foo, boobabedi ba ne ba dira gore masole a a sireletsang a Bafilisitia a ba bone. Bafilisitia ba ne ba re: “Bonang! Bahebera ba tswa mo mesimeng e ba ntseng ba iphitlhile mo go yone.”+ 12  Ka jalo, masole a a sireletsang a ne a raya Jonathane le motsholadibetsa wa gagwe a re: “Tlhatlogelang kwa go rona, mme re tla lo ruta batho!”+ Gone fela foo, Jonathane o ne a raya motsholadibetsa wa gagwe a re: “Ntshala morago, ka gonne Jehofa o tla ba tsenya mo seatleng sa Baiseraele.”+ 13  Mme Jonathane o ne a palamela ka diatla le ka dinao, mme motsholadibetsa wa gagwe o ne a le kwa morago ga gagwe; Bafilisitia ba ne ba simolola go wa fa pele ga ga Jonathane, mme motsholadibetsa wa gagwe ene o ne a ba bolaya ka fa morago ga gagwe. 14  Fa Jonathane le motsholadibetsa wa gagwe ba ne ba ba tlhasela la ntlha, ba ne ba kgemetha banna ba ka nna 20 mo sekgaleng se se ka lekanang le halofo ya mola o o lengwang mo temeng ya tshimo.* 15  Foo batho ba ba neng ba le mo kampeng e e mo nageng le masole otlhe a a sireletsang, ba ne ba tshoga fela thata, tota le ditlhopha tse di tlhaselang.+ Lefatshe le ne la simolola go roroma, mme Modimo o ne a dira gore ba welwe ke poifo e kgolo. 16  Balebeledi ba ga Saulo kwa Gibea+ wa ga Benjamine ba ne ba lemoga gore tlhakatlhakano e ne e anamela mo dintlheng tsotlhe.+ 17  Saulo o ne a raya batho ba ba neng ba na le ene a re: “Tsweetswee, balang batho mme lo bone gore ke mang yo o seyong mo go rona.” Fa ba bala batho, ba ne ba lemoga gore Jonathane le motsholadibetsa wa gagwe ba ne ba seyo. 18  Jaanong Saulo o ne a raya Ahija+ a re: “Atametsa Letlole la Modimo wa boammaaruri!” (Gonne ka nako eo,* Letlole la Modimo wa boammaaruri le ne le na le Baiseraele.) 19  Mme fa Saulo a ntse a bua le moperesiti, tlhakatlhakano e e kwa kampeng ya Bafilisitia e ne e ntse e gakala. Foo Saulo o ne a raya moperesiti a re: “Tlogela se o se dirang.”* 20  Ka jalo, Saulo le batho botlhe ba ba nang le ene ba ne ba phuthega mme ba ya tlhabanong, mme ba ne ba fitlhela Bafilisitia ba tlhabana ka ditšhaka e bile go ne go na le tlhakatlhakano e kgolo thata. 21  Gape Bahebera ba ba neng ba le mo letlhakoreng la Bafilisitia pele e bile ba ile le bone kwa kampeng, ba ne ba boela kwa Baiseraeleng ba ba neng ba na le Saulo le Jonathane. 22  Banna botlhe ba Iseraele ba ba neng ba iphitlhile+ mo kgaolong e e dithaba ya Eferaime ba ne ba utlwa gore Bafilisitia ba tshabile, mme le bone ba ne ba kopanela mo go lelekiseng Bafilisitia mo tlhabanong. 23  Ka jalo, Jehofa o ne a boloka Iseraele mo letsatsing leo,+ mme tlhabano e ne ya bo ya fitlha kwa Bethe-afene.+ 24  Le fa go ntse jalo, banna ba Iseraele ba ne ba le mo pitlaganong mo letsatsing leo, ka gonne Saulo o ne a ikanisitse batho a re: “Go hutsegile motho yo o jang dijo* pele go nna maitseboa, pele ga ke ipusolosetsa mo babeng ba me!” Ka jalo, ga go na motho ope yo o neng a ja dijo dipe.+ 25  Mme batho* botlhe ba ne ba tla mo sekgweng, mme go ne go na le tswina ya dinotshe fa fatshe. 26  E rile batho ba tsena mo sekgweng, ba ne ba bona tswina ya dinotshe e rotha, le fa go ntse jalo go ne go se na ope yo o ka isang seatla sa gagwe kwa molomong ka gonne ba ne ba boifa maikano a a dirilweng. 27  Mme Jonathane o ne a sa utlwa fa rraagwe a ikanisa batho,+ ka jalo o ne a otlolola ntlha ya thobane e e neng e le mo seatleng sa gagwe a bo a kgotla mo lomepeng. Fa a busa seatla sa gagwe a se isa mo molomong, matlho a gagwe a ne a phatsima. 28  Foo mongwe wa batho o ne a mo raya a re: “Rrago o ikanisitse batho maikano a a masisi a re: ‘Go hutsegile motho yo o jang dijo gompieno!’+ Ke gone ka moo batho ba lapileng.” 29  Le fa go ntse jalo, Jonathane o ne a re: “Rre o tlisitse mathata a magolo* mo lefatsheng. Bonang fela kafa matlho a me a phatsimang ka gone ka gonne ke latswitse tswinanyana eno ya dinotshe. 30  Go ka bo go nnile botoka fa gompieno batho ba ka bo ba ile ba ja+ go tswa mo dilong tse ba di tsereng mo babeng ba bone! Gonne Bafilisitia ba ka bo ba bolailwe ba le bantsi thata.” 31  Mo letsatsing leo, ba ne ba nna ba kgemetha Bafilisitia go tloga kwa Mikemashe go ya kwa Aijalona,+ mme batho ba ne ba lapa fela thata. 32  Ka jalo, batho ba ne ba simolola go itlhaganelela ka bogagaru kwa dilong tse ba di gapileng, mme ba ne ba tsaya dinku le dikgomo le dinamane ba bo ba di tlhabela fa fatshe, mme batho ba ne ba ja nama mmogo le madi.+ 33  Ka jalo, Saulo o ne a begelwa jaana: “Batho ba leofela Jehofa ka go ja nama le madi.”+ Fa ba rialo o ne a re: “Lo dirile ka go tlhoka tumelo. Pitikololelang leje le legolo kwa go nna ka bonako.” 34  Morago ga moo, Saulo o ne a re: “Yang kwa bathong mme lo ba reye lo re, ‘Mongwe le mongwe wa lona o tshwanetse go tlisa poo ya gagwe le nku ya gagwe mme lo di tlhabele fano, go tswa foo lo bo lo di ja. Lo se ka lwa leofela Jehofa ka go ja nama le madi.’”+ Ka jalo, mongwe le mongwe wa bone o ne a tla le poo ya gagwe mo bosigong joo a bo a e tlhabela foo. 35  Mme Saulo o ne a agela Jehofa sebeso.+ Seno e ne e le sebeso sa ntlha se a neng a se agela Jehofa. 36  Moragonyana Saulo o ne a re: “A re yeng go tlhasela Bafilisitia go le bosigo mme re ba gapele dilo go fitlha go nna lesedi mo mosong. Ga re kitla re tlogela mofalodi ope.” Fa a rialo, ba ne ba re: “Dira sengwe le sengwe se o bonang se le molemo mo matlhong a gago.” Go tswa foo, moperesiti o ne a re: “A re atameleng Modimo wa boammaaruri fano.”+ 37  Mme Saulo o ne a botsa Modimo a re: “A ke ye go tlhasela Bafilisitia?+ A o tla ba tsenya mo seatleng sa Baiseraele?” Le fa go ntse jalo, Modimo o ne se ka a mo araba mo letsatsing leo. 38  Ka jalo, Saulo o ne a re: “Tlang kwano, lona lotlhe balaodi ba batho, mme lo batlisise gore ke boleo bofe jo bo dirilweng gompieno. 39  Gonne ke ikana ka Jehofa Modimo yo o tshelang, ene yo o neng a golola Iseraele, tota le fa e ka nna morwaake e bong Jonathane, o tshwanetse go swa.” Le fa go ntse jalo, ga go na ope mo bathong yo o neng a mo araba. 40  Go tswa foo, o ne a raya Baiseraele botlhe a re: “Lo tla nna mo letlhakoreng le lengwe, mme nna le morwaake Jonathane re tla nna mo letlhakoreng le lengwe.” Foo batho ba ne ba raya Saulo ba re: “Dira se o bonang se le molemo mo matlhong a gago.” 41  Go tswa foo, Saulo o ne a raya Jehofa a re: “Ao Modimo wa Iseraele, a ko o arabe ka Thumime!”+ Mme go ne ga tlhophiwa Jonathane le Saulo, mme batho ba ne ba gololesega. 42  Jaanong Saulo o ne a re: “Latlhelang bola+ gore lo tlhophe fa gare ga me le morwaake Jonathane.” Mme go ne ga tlhophiwa Jonathane. 43  Foo Saulo o ne a raya Jonathane a re: “A ko o mpolelele, o dirile eng?” Ka jalo, Jonathane o ne a mo raya a re: “Ke ne ka latswa fela tswinanyana ya dinotshe ke dirisa ntlha ya thobane e e mo seatleng sa me.+ Ke nna yono! Ke ikemiseditse go swa!” 44  Fa a rialo, Saulo o ne a re: “E kete Modimo a ka nkotlhaya botlhoko fa o sa swe, Jonathane.”+ 45  Le fa go ntse jalo, batho ba ne ba raya Saulo ba re: “A Jonathane o tshwanetse go swa, ene yo o tlisitseng phenyo* eno e kgolo+ mo Iseraele? Go ka se direge! Ke ikana ka Jehofa Modimo yo o tshelang, tota le moriri o le mongwe wa tlhogo ya gagwe ga o kitla o wela fa fatshe, ka gonne o ne a dira le Modimo mo letsatsing leno.”+ Foo batho ba ne ba golola* Jonathane, mme o ne a se ka a swa. 46  Ka jalo, Saulo o ne a tlogela go lelekisa Bafilisitia, mme Bafilisitia ba ne ba ya kwa nageng ya bone. 47  Saulo o ne a sireletsa bogosi jwa Iseraele mme o ne a tlhabana le baba ba gagwe botlhe mo dintlheng tsotlhe, o ne a tlhabana le Bamoabe,+ Baamone,+ Baedoma,+ dikgosi tsa Soba+ le Bafilisitia;+ mme gongwe le gongwe kwa a neng a ya teng o ne a ba fenya. 48  Mme o ne a tlhabana ka bopelokgale e bile o ne a fenya Baamaleke+ a bo a golola Baiseraele mo babeng ba bone. 49  Bomorwa Saulo e ne e le Jonathane, Ishefi le Maleki-shua.+ Mme o ne a na le bana ba basetsana ba le babedi; leina la yo motona e ne e le Merabe,+ mme leina la yo mmotlana e ne e le Mikale.+ 50  Leina la mosadi wa ga Saulo e ne e le Ahinoame morwadia Ahimaase. Leina la molaodi wa masole a gagwe e ne e le Abenere+ morwa Nere, rangwanaagwe Saulo. 51  Rraagwe Saulo e ne e le Kishe,+ mme Nere+ rraagwe Abenere e ne e le morwa Abiele. 52  Ka metlha go ne go na le dintwa tse di setlhogo fa gare ga ga Saulo le Bafilisitia ka nako ya fa a ne a busa.+ Fa Saulo a ne a bona monna ope yo o nonofileng kgotsa yo o pelokgale, o ne a mo tlhotlheletsa gore a tsenele sesole sa gagwe.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “mo boleeleng jwa tshimo,” go tewa sekgala sa naga se sepane sa dikgomo se ka kgonang go se lema ka letsatsi.
Seheb., “mo letsatsing leo.”
Seheb., “Busa seatla sa gago.”
Seheb., “senkgwe.”
Seheb., “lefatshe.”
Kgotsa “o tlisitse matlhabisaditlhong.”
Kgotsa “poloko.”
Seheb., “rekolola.”