Samuele wa Ntlha 20:1-42

  • Jonathane o ema Dafide nôkeng (1-42)

20  Go tswa foo, Dafide o ne a tswa kwa Naiothe kwa Rama mme a tshaba. Le fa go ntse jalo, o ne a tla kwa go Jonathane mme a re: “Ke dirile eng?+ Phoso ya me ke eng, mme ke leofetse rrago ka eng gore a batle go mpolaya?”  Fa a rialo, Jonathane o ne a mo raya a re: “Go ka se direge!+ Ga o kitla o swa. Rre ga a kitla a dira sepe, se segolo kgotsa se sennye, a sa se mpolelela. Goreng rre a ka mphitlhela kgang eno? Seno se ka se direge.”  Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a ikana go ya pele mme a re: “Ruri rrago o a itse gore nna le wena re ditsala+ mme o tla re, ‘O se ka wa letla Jonathane a itse seno, go seng jalo o tla utlwa botlhoko.’ Mme ke ikana ka Jehofa Modimo yo o tshelang le ka wena, ga ke na go tshela lobaka lo loleele!”+  Foo Jonathane o ne a raya Dafide a re: “Sengwe le sengwe se o se buang, ke tla se go direla.”  Dafide o ne a raya Jonathane a re: “Kamoso ke ngwedi yo mosha,+ mme ruri go solofetswe gore ke bo ke ntse le kgosi ke ja; o tshwanetse go nnaya tsela, mme ke tla iphitlha kwa nageng go fitlha maitseboa mo letsatsing la boraro.  Fa rrago a ntlhoka, foo o re, ‘Dafide o ne a kopa tetla mo go nna gore a sianele kwa motseng wa gagabo wa Bethelehema,+ ka gonne go na le setlhabelo koo sa ngwaga le ngwaga sa lelapa lotlhe.’+  Fa a re, ‘Go siame!’ seo se tla bo se kaya gore nna motlhanka wa gago ga ke tlhoke go boifa sepe. Mme fa a galefa, o tla itse gore o ikemiseditse go nkgobatsa.  Mpontshe lorato lo lo sa kgotseng,+ ka gonne o dirile kgolagano le nna fa pele ga ga Jehofa.+ Mme fa ke le molato,+ mpolaye. Ke ka ntlha yang fa o nkisa kwa go rrago?”  Fa a rialo, Jonathane o ne a re: “Nka se go dire jalo! Fa ke lemoga gore rre o ikemiseditse go go gobatsa, ruri ke tla go bolelela.”+ 10  Foo Dafide o ne a raya Jonathane a re: “Ke mang yo o tla mpolelelang gore a rrago o go arabile ka bogale?” 11  Jonathane o ne a raya Dafide a re: “A re tsamaye re ye kwa nageng.” Ka jalo, boobabedi ba ne ba ya kwa nageng. 12  Mme Jonathane o ne a raya Dafide a re: “A Jehofa, Modimo wa Iseraele a nne mosupi wa gore ke tla botsolotsa rre mo e ka nnang ka nako eno kamoso kgotsa ka letsatsi la boraro. Fa a utlwana le wena, ke tla go romelela molaetsa ke go itsise. 13  Mme fa e le gore rre o batla go go gobatsa, e kete Jehofa a ka nkotlhaya fa nka se ka ka go bolelela seo le fa nka se ka ka go tsamaisa ka kagiso. E kete Jehofa a ka nna le wena,+ fela jaaka a ne a na le rre.+ 14  Mme gone, a ga o kitla o mpontsha lorato lo lo sa kgaotseng lo lo tshwanang le lwa ga Jehofa fa ke sa ntse ke tshela, tota le fa ke swa?+ 15  Le ka motlha o se ka wa kgaotsa go bontsha ba lelapa la gaetsho lorato lo lo sa kgaotseng,+ tota le fa Jehofa a nyeletsa baba botlhe ba gago mo lefatsheng.” 16  Ka jalo, Jonathane o ne a dira kgolagano le ba lelapa la ga Dafide a re, “Jehofa o tla otlhaya baba botlhe ba ga Dafide.” 17  Ka jalo, Jonathane o ne a ikanisa Dafide gape ka lorato lo a mo ratang ka lone, ka gonne o ne a mo rata fela jaaka a ithata.+ 18  Go tswa foo, Jonathane o ne a mo raya a re: “Kamoso ke ngwedi yo mosha,+ mme go tla lemogiwa gore ga o yo, ka gonne setulo sa gago se tla bo se se na ope. 19  Ka letsatsi la boraro go tla lemotshega le go feta, mme o tshwanetse go tla mo lefelong le o neng o iphitlhile mo go lone letsatsi lele,* mme o nne fano gaufi le leje. 20  Go tswa foo, ke tla hulela metswi e meraro ka fa letlhakoreng le lengwe la lone, jaaka e kete ke hula sengwe. 21  Fa ke roma motlhokomedi, ke tla re, ‘Tsamaya, o ye go batla metswi.’ Fa ke raya motlhokomedi ke re, ‘Bona! Metswi e ka fa letlhakoreng leno la gago, e tseye,’ foo o ka nna wa boa, ka gonne ke ikana ka Jehofa Modimo yo o tshelang, seo se tla bo se raya gore sengwe le sengwe se se amanang le wena se mo kagisong e bile ga go na kotsi epe. 22  Le fa go ntse jalo, fa nka raya mosimane ke re, ‘Bona! Metswi e kwa pele ga gago,’ foo o tsamaye, ka gonne Jehofa o batla gore o tsamaye. 23  Fa e le ka tsholofetso e re e dirileng,+ nna le wena, e kete Jehofa a ka nna fa gare ga rona ka bosakhutleng.”+ 24  Ka jalo, Dafide o ne a iphitlha kwa nageng. Ka letsatsi la ngwedi yo mosha, kgosi e ne ya nna mo setulong sa yone gore e je.+ 25  Kgosi e ne e ntse mo setulong sa yone se se fa loboteng jaaka gale. Jonathane o ne a lebagane le ene, mme Abenere+ o ne a ntse fa thoko ga ga Saulo, mme setulo sa ga Dafide sone se ne se se na ope. 26  Saulo o ne a se ka a bua sepe mo letsatsing leo, ka gonne o ne a ipolelela jaana: ‘Go diragetse sengwe se se dirileng gore a se ka a nna phepa.+ Ruri o tshwanetse a bo a itshekologile.’ 27  Mme letsatsi morago ga ngwedi yo mosha, mo letsatsing la bobedi, setulo sa ga Dafide se ne sa tswelela se se na ope. Foo Saulo o ne a raya morwawe e bong Jonathane a re: “Ke ka ntlha yang fa morwa Jese+ a sa tla dijong maabane le gompieno?” 28  Jonathane o ne a araba Saulo a re: “Dafide o ne a kopa tetla mo go nna gore a ye kwa Bethelehema.+ 29  O ne a re, ‘Tsweetswee, ntetle ke tsamaye, ka gonne re na le setlhabelo sa lelapa mo motseng, mme nkgonne o mpiditse. Ka jalo, fa ke bone kamogelo mo matlhong a gago, tsweetswee mma ke sianele teng ke ye go bona bonkgonne.’ Ke gone ka moo a sa tlang mo tafoleng ya kgosi.” 30  Foo Saulo o ne a galefela Jonathane fela thata mme a mo raya a re: “Morwa ke wena wa mosadi yo o tlhogoethata, a o akanya gore ga ke itse gore o tlhopha go ema mo letlhakoreng la ga morwa Jese, gore o itlhabise ditlhong o bo o tlhabise le mmago ditlhong?* 31  Fa fela morwa Jese a sa ntse a tshela, ga o kitla o nna kgosi e bile bogosi jwa gago ga bo kitla bo nnela ruri.+ Ka jalo, roma mongwe gore a mo tlise kwa go nna, ka gonne o tshwanetse go swa.”*+ 32  Le fa go ntse jalo, Jonathane o ne a raya rraagwe a re: “Ke ka ntlha yang fa a tshwanetse go bolawa?+ O dirile eng?” 33  Fa a rialo, Saulo o ne a mo konopa ka lerumo a re o a mo tlhaba,+ ka jalo Jonathane o ne a lemoga gore rraagwe o ne a ikemiseditse go bolaya Dafide.+ 34  Ka yone nako eo, Jonathane o ne a tswa mo tafoleng a tuka bogale, mme o ne a se ka a ja mo letsatsing la bobedi morago ga ngwedi yo mosha, ka gonne o ne a utlwile botlhoko ka ntlha ya ga Dafide+ e bile rraagwe o ne a mo tlhabisitse ditlhong. 35  Mo mosong, Jonathane o ne a ya kwa nageng gore a ye go kopana le Dafide, mme motlhokomedi yoo yo mmotlana o ne a na le ene.+ 36  Mme o ne a raya motlhokomedi wa gagwe a re: “Tsweetswee, siana mme o batle metswi e ke e hulang.” Motlhokomedi o ne a siana, mme Jonathane o ne a hulela motswi kwa pele ga gagwe. 37  E rile motlhokomedi a goroga kwa lefelong le Jonathane a huletseng motswi kwa go lone, Jonathane o ne a tlhaeletsa motlhokomedi a re: “A motswi ga o kwa pele ga gago?” 38  Jonathane o ne a tlhaeletsa motlhokomedi a re: “Itlhaganele! Tsamaya ka bonako! O se ka wa diega!” Mme motlhokomedi wa ga Jonathane o ne a sela metswi a bo a boela kwa go mong wa gagwe. 39  Motlhokomedi yoo o ne a sa tlhaloganye sepe ka kgang eno; Jonathane le Dafide ke bone fela ba ba neng ba itse gore seno se kaya eng. 40  Go tswa foo, Jonathane o ne a naya motlhokomedi wa gagwe dibetsa tsa gagwe a bo a mo raya a re: “Tsamaya, di ise kwa motseng.” 41  E rile motlhokomedi a tsamaya, Dafide o ne a ema a tswa mo lefelong le le gaufi le le neng le le ka fa borwa. Go tswa foo, o ne a wela fa fatshe ka sefatlhego a bo a ikoba gararo, mme ba ne ba tlamparelana* ba bo ba lela mmogo, mme Dafide o ne a lela thata. 42  Jonathane o ne a raya Dafide a re: “Tsamaya ka kagiso, e re ka roobabedi re ikanne+ mo leineng la ga Jehofa, re re, ‘E kete Jehofa a ka nna fa gare ga me le wena le fa gare ga ditlogolwana* tsa gago le ditlogolwana* tsa me ka bosakhutleng.’”+ Go tswa foo, Dafide o ne a ema a bo a tsamaya, mme Jonathane ene o ne a boela kwa motseng.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “ka letsatsi la tiro.”
Seheb., “o bo o tlhabise bosaikategang jwa ga mmago ditlhong?”
Seheb., “ka gonne ke morwa loso.”
Seheb., “yo mongwe o ne a suna yo mongwe.” Mo motlheng wa fa Baebele e ne e kwalwa, motho o ne a suna yo mongwe go bontsha gore ke ditsala.
Seheb., “losika.”
Seheb., “losika.”