Samuele wa Ntlha 22:1-23

  • Dafide a le kwa Adulama le kwa Misepa (1-5)

  • Saulo o laela gore baperesiti ba kwa Nobe ba bolawe (6-19)

  • Abiathare o a sia (20-23)

22  Ka jalo, Dafide o ne a tswa koo+ a tshabela kwa logageng lwa Adulama.+ E rile bomogolowe le botlhe ba lelapa la gagwe ba utlwa ka gone, ba ne ba ya kwa go ene.  Mme botlhe ba ba neng ba le mo mathateng e bile ba le mo dikolotong le ba ba neng ba na le dingongorego,* ba ne ba phuthegela kwa go ene, mme o ne a nna molaodi wa bone. Batho ba ba neng ba na le ene ba ne ba ka nna 400.  Moragonyana Dafide o ne a tswa koo a ya kwa Misepe kwa Moabe mme o ne a raya kgosi ya Moabe+ a re: “Tsweetswee a rre le mmê ba nne le lona go fitlha ke itse se Modimo a tla se ntirelang.”  Ka jalo, o ne a ba tlogela le kgosi ya Moabe, mme ba ne ba nna le ene nako yotlhe ya fa Dafide a ne a le kwa lefelong le a neng a iphitlhile kwa go lone.+  Fa nako e ntse e tsamaya, moporofeti Gada+ o ne a raya Dafide a re: “O se ka wa nna mo lefelong le go leng thata go tsena mo go lone. Tswa koo mme o ye kwa lefatsheng la Juda.”+ Ka jalo, Dafide o ne a tsamaya mme a tsena mo sekgweng sa Herethe.  Saulo o ne a utlwa gore Dafide le banna ba ba nang le ene ba bonwe. Ka nako eo, Saulo o ne a ntse kwa Gibea+ ka fa tlase ga setlhare sa motamariseka mo thoteng a tshotse lerumo la gagwe ka seatla, mme batlhanka botlhe ba gagwe ba ne ba eme go mo dikologa.  Go tswa foo, Saulo o ne a raya batlhanka ba gagwe ba ba emeng fa go ene a re: “Tsweetswee, reetsang lona Babenjamine. A morwa Jese+ o tla naya mongwe le mongwe wa lona masimo le masimo a morara?* A o tla lo tlhoma lotlhe gore lo nne baokamedi ba dikete le baokamedi ba makgolo?+  Lotlhe fela lo ntogetse leano la boferefere! Ga go na ope yo o neng a mpolelela fa morwaake a ne a dira kgolagano le morwa Jese!+ Ga go na ope wa lona yo o nkutlwelang botlhoko a bo a mpolelela gore morwaake o tlhotlheleditse motlhanka wa me gore a iphitlhe a bo a ntalela gore a ntlhasele, jaaka go ntse gone jaanong.”  Foo Doege+ wa Moedoma, yo o neng a eme foo a okametse batlhanka ba ga Saulo, o ne a araba a re:+ “Ke bone morwa Jese a goroga kwa Nobe kwa go Ahimeleke morwa Ahitube.+ 10  Mme o ne a mmoletsa mo go Jehofa a bo a mo naya mefago. O ne a bo a mo naya tšhaka ya ga Goliathe wa Mofilisitia.”+ 11  Ka yone nako eo, kgosi e ne ya laela gore go bidiwe Ahimeleke morwa moperesiti Ahitube le baperesiti botlhe ba lelapa la ga rraagwe, ba ba neng ba le kwa Nobe. Ka jalo, botlhe ba ne ba tla kwa kgosing. 12  Jaanong Saulo o ne a re: “Tsweetswee, reetsa wena morwa Ahitube!” mme ene o ne a araba jaana: “Ke fano, morena wa me.” 13  Saulo o ne a mo raya a re: “Ke ka ntlha yang fa lo ntogetse leano la boferefere, wena le morwa Jese, ka go mo naya senkgwe le tšhaka le ka go mmoletsa mo Modimong? Dafide o ntlhanogetse e bile o ntaletse gore a ntlhasele, jaaka go ntse gone jaanong?” 14  Foo Ahimeleke o ne a araba kgosi a re: “Ke mang mo batlhankeng botlhe ba gago yo o ikanyegang jaaka Dafide?+ Ke mogwe wa kgosi+ e bile ke molaodi wa bafemedi ba gago, gape ke yo o tlotlegang mo ntlong ya gago.+ 15  A e ne e le la ntlha ke mmoletsa mo Modimong?+ Go ka se direge gore ke dire se o se buang! Kgosi, ke motlhanka wa gago, ke kopa gore o se ka wa ntatofatsa ka sepe e bile o se ka wa latofatsa botlhe ba lelapa la ga rre, ka gonne ke ne ke sa itse sepe ka seo.”+ 16  Le fa go ntse jalo, kgosi e ne ya re: “Ruri o tlile go swa,+ Ahimeleke, wena mmogo le botlhe ba lelapa la ga rrago.”+ 17  Foo kgosi e ne ya raya bafemedi* ba ba emeng go e dikologa ya re: “Retologang mme lo bolaye baperesiti ba ga Jehofa, ka gonne ba eme mo letlhakoreng la ga Dafide! Ba ne ba itse gore ke motshabi mme ba ne ba se ka ba mpolelela!” Le fa go ntse jalo, batlhanka ba kgosi ba ne ba sa batle go tsholetsa diatla tsa bone gore ba tlhasele baperesiti ba ga Jehofa. 18  Go tswa foo, kgosi e ne ya raya Doege+ ya re: “Wena retologa mme o tlhasele baperesiti!” Ka yone nako eo, Doege wa Moedoma+ ene o ne a retologa mme a tlhasela baperesiti. Mo letsatsing leo, o ne a bolaya banna ba le 85 ba ba neng ba apere khiba ya letsela le le boleta.+ 19  Gape o ne a kgemetha batho ba Nobe,+ motse wa baperesiti, ka tšhaka. O ne a bolaya monna mmogo le mosadi, ngwana mmogo le losea, poo, tonki le nku. 20  Le fa go ntse jalo, morwa a le mongwe wa ga Ahimeleke morwa Ahitube, yo leina la gagwe e neng e le Abiathare,+ o ne a falola mme a tshaba a ya go sala Dafide morago. 21  Abiathare o ne a bolelela Dafide a re: “Saulo o bolaile baperesiti ba ga Jehofa.” 22  Foo Dafide o ne a raya Abiathare a re: “Ke sa le ke itsile mo letsatsing lele,+ fa Doege wa Moedoma a ne a le teng, gore ruri o ne a tlile go bolelela Saulo. Tota ke molato wa me go bo mongwe le mongwe mo lelapeng la ga rrago a bolailwe. 23  Dula le nna. O se ka wa boifa, ka gonne ope fela yo o batlang botshelo jwa gago o batla le botshelo jwa me; ke tla go sireletsa.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “ba ba neng ba sa kgotsofalele botshelo jwa bone.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa?”
Seheb., “batabogi.”