Samuele wa Ntlha 27:1-12

  • Bafilisitia ba naya Dafide Sikelage (1-12)

27  Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a bua jaana mo pelong: “Letsatsi lengwe Saulo o tlile go mpolaya. Go botoka gore ke tshabele+ kwa lefatsheng la Bafilisitia; foo Saulo o tla itlhoboga a bo a sa tlhole a mpatla mo nageng yotlhe ya Iseraele,+ mme ke tla falola mo seatleng sa gagwe.”  Ka jalo, Dafide o ne a tsamaya le banna ba le 600+ ba ba neng ba na le ene mme ba ya kwa go Akishe+ morwa Maoke, kgosi ya Gathe.  Dafide o ne a nna le Akishe kwa Gathe, ene le banna ba gagwe, monna mongwe le mongwe a na le ba lelapa la gagwe. Dafide o ne a na le basadi ba gagwe ba babedi, Ahinoame+ wa kwa Jesereele le Abigaile+ wa Mokaremele, motlholagadi wa ga Nabale.  Fa Saulo a begelwa gore Dafide o ne a tshabetse kwa Gathe, o ne a tlogela go mmatla.+  Foo Dafide o ne a raya Akishe a re: “Fa e le gore o nkutlwela botlhoko, a ba nneye lefelo mo motseng mongwe wa selegae, gore ke nne gone. Ke ka ntlha yang fa nna motlhanka wa gago ke tshwanetse go nna mo motseng wa segosi le wena?”  Ka jalo, Akishe o ne a mo naya Sikelage+ mo go lone letsatsi leo. Ke gone ka moo Sikelage e leng motse wa dikgosi tsa Juda go tla go fitlha mo letsatsing leno.  Dafide o ne a nna mo motseng wa selegae wa Bafilisitia ngwaga le dikgwedi di le nnê.+  Dafide o ne a tle a tsamaye le banna ba gagwe ba ya go tlhasela Bageshure,+ Bagirese le Baamaleke,+ ka gonne ba ne ba nna mo lefatsheng le le neng le simologa kwa Telame go ya go fitlha kwa Shure+ le go ya kwa lefatsheng la Egepeto.  E ne e re fa Dafide a tlhasela lefatshe, o ne a sa tlogele monna kgotsa mosadi a tshela,+ mme o ne a tsaya matsomane, metlhape, ditonki, dikamela le diaparo, mme morago ga moo o ne a boela kwa go Akishe. 10  Akishe o ne a tle a mmotse jaana: “Lo tlhasetse kae gompieno?” Dafide o ne a tle a arabe jaana: “Re tlhasetse kwa borwa jwa* Juda”+ kgotsa “Re tlhasetse kwa borwa jwa naga ya Bajerameele”+ kgotsa “Re tlhasetse kwa borwa jwa naga ya Bakene.”+ 11  Dafide o ne a sa tlogele monna kgotsa mosadi ope a tshela yo o neng a ka tlisiwa mo Gathe, a re: “Gore ba se ka ba ba bolelela ka rona mme ba re: ‘Seno ke se Dafide a neng a se dira.’ ” (Mme ono ke mokgwa o a neng a dira ka one nako yotlhe fa a ne a nna kwa motseng wa selegae wa Bafilisitia.) 12  Ka jalo, Akishe o ne a dumela Dafide, a ipolelela a re: ‘Ruri o fetogile sebodu mo bathong ba gagabo ba Iseraele, ka jalo o tla tswelela e le motlhanka wa me.’

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “kwa Negebe wa.”