Samuele wa Ntlha 29:1-11

  • Bafilisitia ga ba tshepe Dafide (1-11)

29  Bafilisitia+ ba ne ba phuthela masole a bone otlhe kwa Afeke, fa Baiseraele bone ba ne ba kampile fa motsweding kwa Jesereele.+  Mme babusi ba Bafilisitia ba ne ba feta ba na le makgolokgolo a bone le diketekete tsa bone, mme Dafide le banna ba gagwe ba ne ba gwanta kwa morago ba na le Akishe.+  Le fa go ntse jalo, dikgosana tsa Bafilisitia di ne tsa re: “Goreng Bahebera bano ba le fano?” Akishe o ne a araba dikgosana tsa Bafilisitia a re: “Yono ke Dafide, motlhanka wa ga Kgosi Saulo wa Iseraele, yo o ntseng a na le nna ngwaga kgotsa go feta.+ Ga ke a fitlhela phoso epe mo go ene go tloga ka letsatsi le a neng a tshabela mo go nna ka lone go fitlha gompieno.”  Mme gone, dikgosana tsa Bafilisitia di ne tsa mo galefela, mme di ne tsa mo raya tsa re: “Laela monna yono gore a boele morago.+ A a boele kwa lefelong le o mo abetseng lone. O se ka wa mo letla go tsamaya le rona kwa tlhabanong, gore a se ka a re tlhanogela fa tlhabano e ntse e tsweletse.+ Mme ke tsela efe e e botoka e a ka e dirisang gore morena wa gagwe a mo amogele fa e se ka ditlhogo tsa banna ba rona?  A yono ga se Dafide yo ba neng ba opela ka ene fa ba ne ba bina ba re: ‘Saulo o bolaile dikete,Mme Dafide ene o bolaile dikete di le masome’?”+  Ka jalo, Akishe+ o ne a bitsa Dafide mme a mo raya a re: “Ke ikana ka Jehofa Modimo yo o tshelang, o a ikanyega mme ke itumelela gore o tsamaye le masole a me kwa ntweng,+ ka gonne ga ke a fitlhela phoso epe mo go wena go tloga ka letsatsi le o neng wa tla mo go nna ka lone go fitlha gompieno.+ Le fa go ntse jalo, babusi ga ba go tshepe.+  Jaanong boa ka kagiso, mme o se ka wa dira sepe se se tla dirang gore babusi ba Bafilisitia ba se ka ba itumela.”  Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a raya Akishe a re: “Goreng, ke dirile eng? O fitlhetse phoso efe mo go nna motlhanka wa gago go tloga ka letsatsi le ke neng ka tla mo go wena ka lone go fitlha gompieno? Goreng ke sa tshwanela go tsamaya le wena le go tlhabana le baba ba gago morena wa me kgosi?”  Akishe o ne a araba Dafide a re: “Ke a itse gore o ntse o le molemo jaaka moengele wa Modimo.+ Le fa go ntse jalo, dikgosana tsa Bafilisitia di rile, ‘O se ka wa mo letla go tsamaya le rona kwa tlhabanong.’ 10  Jaanong o tsoge phakela thata le batlhanka ba morena wa gago ba ba tlileng le wena; lo tswe mme lo tsamaye phakela thata fela fa go nna lesedi.” 11  Ka jalo, Dafide le banna ba gagwe ba ne ba tsoga phakela thata gore ba boele kwa lefatsheng la Bafilisitia, mme Bafilisitia bone ba ne ba tlhatlogela kwa Jesereele.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase