Samuele wa Ntlha 31:1-13

  • Saulo le bomorwawe ba bararo ba a swa (1-13)

31  Jaanong Bafilisitia ba ne ba tlhabana le Baiseraele.+ Mme banna ba Iseraele ba ne ba tshaba fa pele ga Bafilisitia, mme ba le bantsi ba ne ba wela mo Thabeng ya Gileboa+ ba bolailwe setlhogo.  Bafilisitia ba ne ba nna ba lelekisa Saulo le bomorwawe, mme Bafilisitia ba ne ba bolaya Jonathane,+ Abinadabe le Maleki-shua, bomorwa Saulo.+  Tlhabano e ne ya ketefalela Saulo, mme bahudi ba metswi ba ne ba mmona ba bo ba mo gobatsa thata.+  Foo Saulo o ne a raya motsholadibetsa wa gagwe a re: “Somola tšhaka ya gago mme o mpolaye ka yone, gore banna bano ba ba sa rupang+ ba se ka ba tla mme ba ntshwara setlhogo* ba bo ba mpolaya.” Le fa go ntse jalo, motsholadibetsa wa gagwe o ne a sa batle, ka gonne o ne a tshogile thata. Ka jalo, Saulo o ne a tsaya tšhaka a bo a wela mo go yone.+  E rile motsholadibetsa wa gagwe a bona gore Saulo o sule,+ le ene o ne a wela mo tšhakeng ya gagwe mme a swa le ene.  Ka jalo Saulo, bomorwawe ba bararo, motsholadibetsa wa gagwe le banna botlhe ba gagwe ba ne ba swa mo letsatsing leo.+  E rile batho ba Iseraele ba ba neng ba le mo kgaolong ya mokgatšha* le mo kgaolong ya Joredane ba bona gore banna ba Iseraele ba ne ba tshabile le gore Saulo le bomorwawe ba ne ba sule, ba ne ba tswa mo metseng ya bone mme ba tshaba;+ go tswa foo, Bafilisitia ba ne ba tla mme ba nna mo metseng eo.  Mo letsatsing le le latelang, fa Bafilisitia ba ne ba tla go tsaya diaparo le dibetsa tsa batho ba ba bolailweng setlhogo, ba ne ba fitlhela Saulo le bomorwawe ba bararo ba wetse mo Thabeng ya Gileboa.+  Ka jalo, ba ne ba mo kgaola tlhogo ba bo ba ntsha dibetsa tsa gagwe mo go ene mme ba ne ba romela molaetsa mo lefatsheng lotlhe la Bafilisitia gore go anamisiwe dikgang tseno+ mo matlong* a medingwana+ ya bone le mo bathong. 10  Go tswa foo, ba ne ba baya dibetsa tsa gagwe mo ntlong ya ditshwantsho tsa ga Ashethorethe ba bo ba kokotela setopo sa gagwe mo loboteng lwa Bethe-shane.+ 11  Fa banni ba Jabeshe-gileade+ ba utlwa se Bafilisitia ba neng ba se dirile Saulo, 12  batlhabani botlhe ba ne ba tswa mme ba tsamaya bosigo jotlhe ba ya go ntsha ditopo tsa ga Saulo le bomorwawe mo loboteng lwa Bethe-shane. Ba ne ba boela kwa Jabeshe mme ba di fisetsa teng. 13  Go tswa foo, ba ne ba tsaya marapo+ a bone ba bo ba a fitlha ka fa tlase ga setlhare sa motamariseka kwa Jabeshe,+ mme ba ne ba itima dijo malatsi a le supa.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “makgwakgwa.”
Kgotsa “lebala le le kwa tlase.”
Kgotsa “mo ditempeleng.”