Samuele wa Ntlha 5:1-12

  • Letlole le kwa nageng ya Bafilisitia (1-12)

    • Dagone o tlhabisiwa ditlhong (1-5)

    • Bafilisitia ba otlhaiwa ka petso (6-12)

5  Fa Bafilisitia ba gapa Letlole+ la Modimo wa boammaaruri, ba ne ba le ntsha kwa Ebenesere ba le isa kwa Ashedoda.  Bafilisitia ba ne ba tsaya Letlole la Modimo wa boammaaruri mme ba le tlisa mo tempeleng ya ga Dagone ba bo ba le baya fa thoko ga ga Dagone.+  E rile Baashedoda ba tsoga phakela thata mo letsatsing le le latelang, Dagone o ne a wetse fa fatshe ka sefatlhego fa pele ga Letlole la ga Jehofa.+ Ka jalo, ba ne ba tsaya Dagone ba bo ba mmusetsa mo lefelong la gagwe.+  Fa ba tsoga go sa le phakela mo letsatsing le le latelang, Dagone o ne a wetse fa fatshe ka sefatlhego fa pele ga Letlole la ga Jehofa. Tlhogo ya ga Dagone le diatla tsa gagwe di ne di kgaotswe e bile di le mo kgorong. Mmele wa gagwe o o tshwanang le tlhapi ke one fela* o o neng o sa ntse o siame.  Ke gone ka moo go tla go fitlha mo letsatsing leno, baperesiti ba ga Dagone le botlhe ba ba tsenang mo tempeleng ya ga Dagone ba sa gateng mo karolong eo ya kgoro ya ga Dagone kwa Ashedoda.  Jehofa o ne a otlhaya Baashedoda, mme o ne a ba senya ka go dira gore batho ba Ashedoda le dikarolo tsa yone ba ruruge ditshika tsa marago.+  E rile banna ba Ashedoda ba bona se se neng se direga, ba ne ba re: “Mma Letlole la Modimo wa Iseraele le se ka la tswelela le na le rona, ka gonne seatla sa gagwe se diretse rona le modimo wa rona Dagone ka tsela e e setlhogo.”  Ka jalo, ba ne ba roma batho gore ba ye go phutha babusi botlhe ba Bafilisitia ba bo ba ba botsa jaana: “Re dire eng ka Letlole la Modimo wa Iseraele?” Ba ne ba araba ba re: “Mma Letlole la Modimo wa Iseraele le isiwe kwa Gathe.”+ Ka jalo, ba ne ba isa Letlole la Modimo wa Iseraele koo.  Fa ba sena go le isa koo, Jehofa o ne a otlhaya motse oo, a ba tlisetsa poifo e kgolo. O ne a dira gore batho ba motse oo, go simolola ka yo mmotlana go fitlha ka yo mogolo, ba ruruge ditshika tsa marago.+ 10  Ka jalo, ba ne ba romela Letlole la Modimo wa boammaaruri kwa Ekerone,+ mme fela fa Letlole la Modimo wa boammaaruri le goroga kwa Ekerone, Baekerone ba ne ba simolola go goa ba lela ba re: “Ba tlisitse Letlole la Modimo wa Iseraele mo go rona gore ba re bolaye le batho ba rona!”+ 11  Go tswa foo, ba ne ba roma batho gore ba ye go phutha babusi botlhe ba Bafilisitia ba bo ba re: “Tsamaisang Letlole la Modimo wa Iseraele; a le boele kwa lefelong la lone gore rona le batho ba rona re se ka ra bolawa.” Gonne batho botlhe mo motseng ba ne ba boifa gore ba tla swa; seatla sa Modimo wa boammaaruri se ne se nnile boima thata koo,+ 12  mme batho ba ba neng ba sa swa ba ne ba otlhailwe ka go ruruga ga ditshika tsa marago. Mme selelo sa motse sa go kopa thuso se ne sa tlhatlogela kwa magodimong.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “Dagone ke ene fela.”