Samuele wa Ntlha 6:1-21

  • Bafilisitia ba busetsa Letlole kwa Iseraele (1-21)

6  Letlole+ la ga Jehofa le ne la nna mo nageng ya Bafilisitia dikgwedi di le supa.  Bafilisitia ba ne ba bitsa baperesiti le ba ba dirang tiro ya boitseanape+ mme ba ba botsa jaana: “Re dire eng ka Letlole la ga Jehofa? Re boleleleng gore re le busetse jang kwa lefelong la lone.”  Ba ne ba araba ba re: “Fa lo tsamaisa letlole la kgolagano ya ga Jehofa, Modimo wa Iseraele, lo se ka lwa le tsamaisa lo sa ntsha setlhabelo. Lo tshwanetse go mo ntshetsa setlhabelo sa molato.+ Ke gone fela lo tla fodisiwang, mme lo tla itsisiwe gore ke ka ntlha yang fa seatla sa gagwe se ne se sa tloge mo go lona.”  Ka jalo, ba ne ba botsa jaana: “Re tshwanetse go romela setlhabelo sa molato se se ntseng jang kwa go ene?” Ba ne ba re: “Go ya ka palo ya babusi ba Bafilisitia,+ romelang ditshika tsa marago tse di rurugileng tsa gauta di le tlhano le dipeba tsa gauta di le tlhano, ka gonne petso e e tshwanang e ne ya tlela mongwe le mongwe wa lona le babusi ba lona.  Lo dire ditshwantsho tsa ditshika tsa lona tsa marago tse di rurugileng le ditshwantsho tsa dipeba tsa lona+ tse di senyang lefatshe, mme lo tlotle Modimo wa Iseraele. Gongwe o tla emisa kotlhao e a e tlisitseng mo go lona le mo modimong wa lona le mo lefatsheng la lona.+  Goreng lo thatafatsa dipelo tsa lona fela jaaka Egepeto le Faro ba ile ba thatafatsa dipelo tsa bone?+ Fa Modimo a sena go ba otlhaya botlhoko,+ ba ne ba tshwanelwa ke go naya Baiseraele tsela, mme ba ne ba tsamaya.+  Jaanong dirang kara e ntšha mme lo tseye dikgomo tse pedi tse di nang le dinamane, tse di iseng di ko di goge jokwe. Go tswa foo, lo golege dikgomo tseo mo kareng, mme lo busetse dinamane tsa tsone kwa gae, lo di kgaoganye le tsone.  Lo tseye Letlole la ga Jehofa mme lo le pege mo kareng lo bo lo tsaya dilwana tsa gauta tse lo di romelang kwa go ene e le setlhabelo sa molato lo bo lo di tsenya mo lebokoseng le le bapileng le lone.+ Go tswa foo, lo le tsamaise  mme lo ele seno tlhoko: Fa Letlole le tlhatloga ka tsela e e yang kwa Bethe-shemeshe,+ le ya kwa nageng ya lone, foo e tla bo e le ene a re diretseng bosula jono jo bogolo. Mme fa go sa nne jalo, re tla itse gore e ne e se seatla sa gagwe se se neng se re itaya; seno se re diragaletse e le kotsi fela.” 10  Banna bao ba ne ba dira fela jalo. Ba ne ba tsaya dikgomo tse pedi tse di neng di na le dinamane ba bo ba di golega mo kareng, mme ba ne ba tswalela dinamane kwa gae. 11  Go tswa foo, ba ne ba pega Letlole la ga Jehofa mo kareng, mmogo le lebokose le le tsentseng dipeba tsa gauta le ditshwantsho tsa ditshika tsa bone tsa marago tse di rurugileng. 12  Mme dikgomo di ne tsa tsamaya di tlhamaletse mo tseleng e e yang kwa Bethe-shemeshe.+ Di ne tsa tsamaya fela mo tseleng e kgolo, di tsamaya di ntse di lela; ga di a ka tsa fapogela ka fa mojeng kgotsa ka fa molemeng. Mo nakong eo yotlhe, babusi ba Bafilisitia ba ne ba tsamaya fa morago ga tsone go ya go fitlha kwa molelwaneng wa Bethe-shemeshe. 13  Batho ba Bethe-shemeshe ba ne ba roba korong kwa lebaleng le le kwa tlase. Fa ba tsholetsa matlho mme ba bona Letlole, ba ne ba itumelela go le bona. 14  Kara eo e ne ya gorogela mo tshimong ya ga Joshua wa Mobethe-shemeshe mme ya ema foo gaufi le leje le legolo. Ka jalo, ba ne ba fatsa dikgong tse di dirileng kara, ba bo ba ntsha dikgomo+ tseo gore e nne setlhabelo se se fisiwang se se yang kwa go Jehofa. 15  Balefi+ ba ne ba folosa Letlole la ga Jehofa le lebokose le le neng le na le lone, le le neng le tsentse dilwana tsa gauta ba bo ba di baya mo lejeng le legolo. Banna ba Bethe-shemeshe+ ba ne ba ntshetsa Jehofa ditlhabelo tse di fisiwang le ditlhabelo tse dingwe mo letsatsing leo. 16  E rile babusi ba batlhano ba Bafilisitia ba bona seo, ba ne ba boela kwa Ekerone mo go lone letsatsi leo. 17  Jaanong tseno ke ditshika tsa marago tse di rurugileng tsa gauta tse Bafilisitia ba neng ba di romela kwa go Jehofa e le setlhabelo sa molato:+ ya Ashedoda+ e le nngwe, ya Gasa e le nngwe, ya Ashekelona e le nngwe, ya Gathe+ e le nngwe le ya Ekerone+ e le nngwe. 18  Mme palo ya dipeba tsa gauta e ne e lekana le palo ya metse yotlhe ya Bafilisitia ya babusi ba batlhano, e leng metse e e sireletsegileng le metsana e e mo nageng e e bulegileng. Mme leje le legolo le ba neng ba baya Letlole la ga Jehofa mo go lone ke mosupi go tla go fitlha mo letsatsing leno mo tshimong ya ga Joshua wa Mobethe-shemeshe. 19  Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a kgemetha banna ba Bethe-shemeshe ka gonne ba ne ba lebile Letlole la ga Jehofa. O ne a kgemetha banna ba le 50 070* mo bathong mme batho ba ne ba simolola go hutsafala ka gonne Jehofa o ne a ba kgemethile ba le bantsi thata.+ 20  Ka jalo, banna ba Bethe-shemeshe ba ne ba botsa jaana: “Ke mang yo o tla kgonang go ema fa pele ga ga Jehofa, Modimo yono yo o boitshepo,+ e bile o tla tswa mo go rona a ya kwa go mang?”+ 21  Ka jalo, ba ne ba roma barongwa kwa banning ba Kiriathe-jearime,+ ba re: “Bafilisitia ba busitse Letlole la ga Jehofa. Tlang kwano mme lo le tseye lo tsamaye le lone.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “banna ba le 70, banna ba le 50 000.”