Dikgosi wa Bobedi 10:1-36

  • Jehu o bolaya ba lelapa la ga Ahabe (1-17)

    • Jehonadabe o kopana le Jehu (15-17)

  • Jehu o bolaya baobamedi ba ga Baale (18-27)

  • Tshobokanyo ya puso ya ga Jehu (28-36)

10  Jaanong Ahabe+ o ne a na le barwa ba le 70 kwa Samarea. Ka jalo, Jehu o ne a kwala makwalo mme a a romela kwa Samarea, kwa dikgosaneng tsa Jesereele, kwa bagolwaneng+ le kwa batlhokomeding ba bana ba ga Ahabe,* a re:  “Jaanong fa lekwalo leno le fitlha kwa go lona, lo tla bo lo na le bomorwa morena wa lona mmogo le dikara tsa ntwa, dipitse, motse o o sireletsegileng le dibetsa.  Lo tlhophe yo o ba gaisang botlhe le yo o tshwanelegang* thata mo go bomorwa morena wa lona mme lo mmeye mo setulong sa bogosi sa ga rraagwe. Go tswa foo, lo lwele lelapa la morena wa lona.”  Le fa go ntse jalo, ba ne ba welwa ke poifo mme ba re: “Fa dikgosi tse pedi di sa kgona go ema fa pele ga gagwe,+ rona re ka ema jang?”  Ka jalo, mookamedi wa ntlo ya segosi,* mmusi wa motse, bagolwane le batlhokomedi ba ne ba romela molaetsa ono kwa go Jehu: “Re batlhanka ba gago, mme re tla dira sengwe le sengwe se o re bolelelang sone. Ga re kitla re tlhoma ope go nna kgosi. Dira se o bonang se siame.”  Go tswa foo, o ne a ba kwalela lekwalo la bobedi a re: “Fa lo le mo letlhakoreng la me e bile lo ikemiseditse go inkobela, tlisang ditlhogo tsa bomorwa morena wa lona mme lo tle kwa go nna kamoso ka nako eno mo Jesereele.” Jaanong bomorwa kgosi ba ba 70, ba ne ba na le banna ba ba tlhomologileng ba motse ba ba neng ba ba godisa.  Fela fa lekwalo le sena go fitlha kwa go bone, ba ne ba tsaya bomorwa kgosi ba ba 70 ba ba bolaya setlhogo,+ mme ba ne ba tsenya ditlhogo tsa bone mo dimmanking ba bo ba di romela kwa go ene kwa Jesereele.  Morongwa o ne a tsena mme a mo raya a re: “Ba tlisitse ditlhogo tsa bomorwa kgosi.” Ka jalo, o ne a re: “Di beyeng ka mekoa e mebedi kwa kgorong ya motse go fitlha mo mosong.”  E rile a tswa mo mosong, o ne a ema fa pele ga batho botlhe a bo a re: “Lona ga lo na molato.* Ke nna ke logetseng morena wa me leano la boferefere, mme ke ne ka mmolaya,+ mme ke mang yo o bolaileng batho bano botlhe? 10  Jaanong, itseng gore ga go na lefoko lepe la ga Jehofa, le Jehofa a le buileng ka ga ba lelapa la ga Ahabe le le ka se diragadiweng,*+ mme Jehofa o dirile se a neng a se bua a dirisa motlhanka wa gagwe e bong Elija.”+ 11  Mo godimo ga moo, Jehu o ne a kgemetha botlhe ba lelapa la ga Ahabe ba ba neng ba setse mo Jesereele, mmogo le banna botlhe ba gagwe ba ba tlhomologileng, batho ba a tlwaelaneng le bone le baperesiti ba gagwe,+ go fitlha a sa mo tlogelela mofalodi ope.+ 12  Go tswa foo, o ne a tsena mo tseleng a bo a ya kwa Samarea. Ntlo e badisa ba beolelang dinku mo go yone e ne e le mo tseleng. 13  Jehu o ne a kopana le bomorwarraagwe Kgosi Ahasia+ wa Juda teng koo, mme o ne a ba raya a re, “Lo bomang?” Ba ne ba re: “Re bomorwarraagwe Ahasia, mme re mo tseleng go ya go botsa gore bomorwa kgosi le bomorwa mohumagadi ba tsoga sentle.” 14  Ka yone nako eo, o ne a re: “Ba tshwareng!” Ka jalo, ba ne ba ba tshwara mme ba ba bolaya setlhogo kwa khuting ya go bolokela metsi* ya ntlo e badisa ba beolelang dinku mo go yone, banna ba le 42. Ga a ka a letla gore ope wa bone a falole.+ 15  Fa a ne a tswa koo a tsamaya, o ne a kopana le Jehonadabe+ morwa Rekabe,+ yo a neng a tlile go mo kgatlhantsha. E rile Jehu a mo dumedisa,* o ne a mo raya a re: “A o nkema nôkeng ka pelo yotlhe fela jaaka ke go ema nôkeng ka pelo yotlhe?” Jehonadabe o ne a mo araba a re: “Ee, ke go ema nôkeng.” “Fa go le jalo, nneye seatla sa gago.” Ka jalo, o ne a mo naya seatla sa gagwe mme Jehu a mo gogela kwa go ene mo kareng. 16  Go tswa foo, o ne a re: “Tla le nna mme o bone kafa ke sa letleng ka gone gore* Jehofa a pataganngwe le ope.”+ Ka jalo, ba ne ba dira gore a palame le ene mo kareng ya gagwe ya ntwa. 17  Go tswa foo, o ne a tla mo Samarea, mme o ne a kgemetha botlhe ba lelapa la ga Ahabe ba ba neng ba setse mo Samarea go fitlha a ba nyeletsa,+ go ya ka se Jehofa a neng a se boleletse Elija.+ 18  Mo godimo ga moo, Jehu o ne a phutha batho botlhe mme a ba raya a re: “Ahabe o ne a obamela Baale go le gonnye,+ mme Jehu ene o tla mo obamela le go feta. 19  Ka jalo, biletsang baporofeti botlhe ba ga Baale,+ baobamedi botlhe ba gagwe le baperesiti botlhe ba gagwe+ kwa go nna. Lo se ka lwa letla gore go nne le ope wa bone yo o sa tleng, ka gonne ke na le setlhabelo se segolo se ke se direlang Baale. Ope fela yo o sa tleng ga a kitla a tshela.” Mme gone, Jehu o ne a dira ka botlhajana gore a fedise baobamedi ba ga Baale. 20  Jehu o ne a tswelela a re: “Itsiseng* gore go na le kopano e e kgethegileng ya ga Baale.” Ka jalo, ba ne ba e itsise. 21  Morago ga moo, Jehu o ne a romela molaetsa mo Iseraele yotlhe, mme baobamedi botlhe ba ga Baale ba ne ba tla. Ga go na le fa a le mongwe wa bone yo o neng a se ka a tla. Ba ne ba tsena mo ntlong ya ga Baale,+ mme ntlo* ya ga Baale e ne ya tlala go tswa kwa letlhakoreng le lengwe go ya kwa go le lengwe. 22  O ne a raya mookamedi wa phaposi ya diaparo a re: “Ntshetsa baobamedi botlhe ba ga Baale diaparo.” Ka jalo, o ne a ba ntshetsa diaparo. 23  Go tswa foo, Jehu le Jehonadabe+ morwa Rekabe ba ne ba tsena mo ntlong ya ga Baale. Jaanong Jehu o ne a raya baobamedi ba ga Baale a re: “Batlang ka kelotlhoko mme lo tlhomamise gore ga go na baobamedi bape ba ga Jehofa fano, e nne baobamedi ba ga Baale fela.” 24  La bofelo ba ne ba tsena gore ba ntshe ditlhabelo tse di fisiwang le ditlhabelo tse dingwe. Jehu o ne a tlhomile banna ba gagwe ba le 80 kwa ntle mme a ba raya a re: “Fa ope wa banna ba ke ba tsenyang mo diatleng tsa lona a falola, botshelo jwa gago bo tla emisetsa botshelo jwa gagwe.” 25  Fela fa a sena go ntsha setlhabelo se se fisiwang, Jehu o ne a raya bafemedi* le balaodi ba badiredibagolo ba masole a re: “Tsenang lo ba kgemethe! Lo se ka lwa letla ope wa bone a falola!”+ Ka jalo, bafemedi le balaodi ba badiredibagolo ba masole ba ne ba ba kgemetha ka tšhaka ba bo ba ba latlhela kwa ntle, mme ba ne ba nna ba ba latelela go fitlha kwa lefelong le le boitshepo* le le kwa tengteng la ntlo ya ga Baale. 26  Go tswa foo, ba ne ba ntsha dipilara tse di boitshepo+ tsa ntlo ya ga Baale mme ba fisa nngwe le nngwe ya tsone.+ 27  Ba ne ba diga pilara e e boitshepo+ ya ga Baale, mme ba ne ba thuba ntlo ya ga Baale+ ba bo ba e dira matlwana a boithomelo, jaaka e ntse go tla go fitlha mo letsatsing leno. 28  Jehu o ne a nyeletsa kobamelo ya ga Baale mo Iseraele ka tsela eo. 29  Le fa go ntse jalo, Jehu o ne a se ka a fapoga mo maleong a Jeroboame morwa Nebate a neng a dirile gore Baiseraele ba a dire, a a amanang le kobamelo ya dinamane tsa gauta tse di neng di le kwa Bethele le kwa Dana.+ 30  Ka jalo, Jehofa o ne a raya Jehu a re: “Ka ntlha ya gore o dirile sentle e bile o dirile se se siameng mo matlhong a me ka go direla lelapa la ga Ahabe+ go ya ka sotlhe se se neng se le mo pelong ya me, dikokomana di le nnê tsa barwa ba gago di tla nna mo setulong sa bogosi sa Iseraele.”+ 31  Mme gone, Jehu ga a ka a ikela tlhoko gore a tsamaye mo Molaong wa ga Jehofa, Modimo wa Iseraele ka pelo ya gagwe yotlhe.+ O ne a se ka a fapoga mo maleong a Jeroboame a neng a dirile gore Baiseraele ba a dire.+ 32  Mo metlheng eo, Jehofa o ne a simolola go fokotsa palo ya Iseraele ka bonya ka bonya. Hasaele o ne a nna a ba tlhasela mo nageng yotlhe ya Iseraele,+ 33  go simologa kwa Joredane kwa ntlheng ya botlhabatsatsi, lefatshe lotlhe la Gileade, kwa Bagada, Barubene le Bamanase+ ba neng ba nna gone. Lefatshe leo le ne le akaretsa karolo e e simologang kwa Aroere, e e fa Mokgatšheng* wa Arenone, go ya kwa Gileade le Bashana.+ 34  Mme pego yotlhe ya botshelo jwa ga Jehu, sotlhe se a se dirileng le kafa a neng a le maatla ka gone, a ga e a kwalwa mo bukeng ya dipego tsa metlha ya dikgosi tsa Iseraele? 35  Go tswa foo, Jehu o ne a swa jaaka borraagwemogolo, mme ba ne ba mo fitlha kwa Samarea; mme morwawe e bong Jehoahase+ o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. 36  Lobaka* lo Jehu a busitseng Iseraele ka lone mo Samarea e ne e le dingwaga di le 28.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “kwa batlhokomeding ba ga Ahabe.”
Kgotsa “yo o siameng.”
Seheb., “wa ntlo.”
Kgotsa “Lona lo siame.”
Seheb., “le le tla welang fa fatshe.”
Kgotsa “segofatsa.”
Kgotsa “kafa ke tlhagafetseng ka gone ka ntlha ya ga.”
Seheb., “Itshepiseng.”
Kgotsa “tempele.”
Seheb., “batabogi.”
Seheb., “kwa motseng,” gongwe kago e e tshwanang le ya phemelo.
Kgotsa “fa Molapong.”
Seheb., “Malatsi.”