Dikgosi wa Bobedi 11:1-21

  • Athalia o busa ka dikgoka (1-3)

  • Jehoashe o dirwa kgosi mo sephiring (4-12)

  • Athalia o a bolawa (13-16)

  • Jehoiada o dira diphetogo mo motseng (17-21)

11  Jaanong e rile Athalia,+ mmaagwe Ahasia, a bona gore morwawe o ne a sule,+ o ne a bolaya losika lotlhe lwa segosi.+  Le fa go ntse jalo, Jehosheba morwadia Kgosi Jehorame, kgaitsadia Ahasia, o ne a tsaya Jehoashe+ morwa Ahasia mme a mo utswa mo go bomorwa kgosi ba ba neng ba tlile go bolawa, o ne a mmaya le mmelegi wa gagwe mo phaposing e e kwa teng ya borobalo. Ba ne ba kgona go mo fitlhela Athalia, ka jalo o ne a se ka a bolawa.  Mosadi yoo o ne a nna le ene dingwaga di le thataro, a fitlhilwe kwa ntlong ya ga Jehofa, fa Athalia ene a ne a busa lefatshe leo.  Mo ngwageng wa bosupa, Jehoiada o ne a laela gore go bidiwe baokamedi ba makgolo ba bafemedi ba Bakari le baokamedi ba bafemedi* ba ntlo ya segosi+ mme a laela gore ba tle kwa go ene kwa ntlong ya ga Jehofa. O ne a dira tumalano* le bone kwa ntlong ya ga Jehofa a bo a dira gore ba ikane gore ba tla e diragatsa, go tswa foo o ne a ba bontsha morwa kgosi.+  O ne a ba laela jaana: “Seno ke se lo tla se dirang: Setlhopha se le sengwe mo ditlhopheng tsa lona tse tharo, se tla bereka ka Sabata mme se tla nna se disitse ntlo ya kgosi*+ ka kelotlhoko,  setlhopha sa bobedi se tla nna kwa Kgorong ya Motheo, mme setlhopha sa boraro se tla nna kwa kgorong e e fa morago ga bafemedi ba ntlo ya segosi. Lo tla refosana go disa ntlo eo.  Ditlhopha tsa lona tse pedi tse di tla bong di sa bereke ka Sabata di tshwanetse go nna di disitse ntlo ya ga Jehofa ka kelotlhoko gore di sireletse kgosi.  Lo tshwanetse go ema go dikologa kgosi mo matlhakoreng otlhe, mongwe le mongwe a tshotse dibetsa tsa gagwe. Ope fela yo o tsenang mo meleng o tla bolawa. Lo tsamaye le kgosi gongwe le gongwe kwa e yang gone.”*  Baokamedi ba makgolo+ ba ne ba dira fela jaaka moperesiti Jehoiada a ne a ba laetse. Ka jalo, mongwe le mongwe wa bone o ne a tsaya banna ba gagwe ba ba neng ba bereka ka Sabata, mmogo le ba ba neng ba sa bereke ka Sabata, mme ba ne ba ya kwa go moperesiti Jehoiada.+ 10  Go tswa foo, moperesiti o ne a naya baokamedi ba makgolo marumo le dithebe tse di kgolokwe tse e neng e le tsa ga Kgosi Dafide, tse di neng di le mo ntlong ya ga Jehofa. 11  Mme bafemedi ba ntlo ya segosi+ ba ne ba ema mo maemong a bone, mongwe le mongwe a tshotse dibetsa tsa gagwe, go tswa ka fa letlhakoreng la moja la ntlo go ya kwa letlhakoreng la molema la ntlo, fa thoko ga sebeso+ le fa thoko ga ntlo, go dikologa kgosi gotlhe fela. 12  Go tswa foo, Jehoiada o ne a ntsha morwa kgosi+ mme a mo rwesa serwalo sa segosi a bo a baya momeno o o nang le Molao wa Modimo*+ mo tlhogong ya gagwe, mme ba ne ba mo dira kgosi ba bo ba mo tlotsa. Ba ne ba simolola go opa diatla mme ba re: “A kgosi e tshele lobaka lo loleele!”+ 13  E rile Athalia a utlwa modumo wa batho ba siana, ka yone nako eo o ne a ya kwa bathong kwa ntlong ya ga Jehofa.+ 14  Foo o ne a bona kgosi e eme fa pilareng go ya ka fa tlwaelong.+ Baokamedi le baletsi ba diterompeta+ ba ne ba na le kgosi, mme batho botlhe ba lefatshe leo ba ne ba itumela e bile ba letsa diterompeta. Fa Athalia a bona seo, o ne a gagoganya diaparo tsa gagwe mme a goa a re: “Leano la boferefere! Leano la boferefere!” 15  Le fa go ntse jalo, moperesiti Jehoiada o ne a laela baokamedi ba makgolo,+ ba ba neng ba tlhomilwe go okamela masole, mme a ba raya a re: “Mo ntsheng mo meleng, mme fa mongwe a mo sala morago, lo mmolaye ka tšhaka!” Gonne moperesiti o ne a rile: “Lo se ka lwa mmolaela mo ntlong ya ga Jehofa.” 16  Ka jalo, ba ne ba mo tshwara, mme fa a fitlha kwa lefelong le dipitse di neng di tsena mo ntlong ya kgosi*+ kwa go lone, o ne a bolaelwa gone koo. 17  Go tswa foo, Jehoiada o ne a dira kgolagano le Jehofa le kgosi le batho,+ gore ba tla tswelela e le batho ba ga Jehofa, mme gape o ne a dira kgolagano fa gare ga kgosi le batho.+ 18  Morago ga moo, batho botlhe ba lefatshe leo ba ne ba tla mo ntlong* ya ga Baale mme ba senya dibeso+ tsa gagwe, ba thubaganya ditshwantsho tsa gagwe gotlhelele+ ba bo ba bolaela Matane moperesiti wa ga Baale+ fa pele ga dibeso tseo. Go tswa foo, moperesiti Jehoiada o ne a tlhoma balebedi gore ba okamele ntlo ya ga Jehofa.+ 19  Mo godimo ga moo, o ne a tsaya baokamedi ba makgolo,+ bafemedi ba Bakari, bafemedi ba ntlo ya segosi,+ le batho botlhe ba lefatshe leo gore ba dise kgosi fa e tswa mo ntlong ya ga Jehofa, mme ba ne ba ya kwa ntlong ya kgosi* ka tsela ya kgoro ya bafemedi ba ntlo ya segosi. Go tswa foo, kgosi e ne ya nna mo setulong sa bogosi sa dikgosi.+ 20  Ka jalo, batho botlhe ba lefatshe leo ba ne ba itumela, mme motse o ne wa iketla, ka gonne ba ne ba bolaile Athalia ka tšhaka kwa ntlong ya kgosi. 21  Jehoashe+ o ne a na le dingwaga di le supa fa a nna kgosi.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “batabogi.”
Kgotsa “kgolagano.”
Kgotsa “ntlo ya segosi.”
Seheb., “fa e tswa le fa e tsena.”
Seheb., “a bo a baya Tshupo.”
Kgotsa “mo ntlong ya segosi.”
Kgotsa “mo tempeleng.”
Kgotsa “kwa ntlong ya segosi.”