Dikgosi wa Bobedi 12:1-21

  • Jehoashe, kgosi ya Juda (1-3)

  • Jehoashe o baakanya tempele (4-16)

  • Basiria ba a tlhasela (17, 18)

  • Jehoashe o a bolawa (19-21)

12  Mo ngwageng wa bosupa wa puso ya ga Jehu,+ Jehoashe+ o ne a nna kgosi, mme o ne a busa dingwaga di le 40 mo Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Sibia a tswa kwa Beere-sheba.+  Jehoashe o ne a tswelela a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa malatsi otlhe a fa moperesiti Jehoiada a ne a mo ruta.  Le fa go ntse jalo, mafelo a a kwa godimo a a boitshepo+ ga a ka a tlosiwa, mme batho ba ne ba sa ntse ba ntsha ditlhabelo e bile ba kuisa mosi wa setlhabelo mo mafelong ao a a kwa godimo.  Jehoashe o ne a raya baperesiti a re: “Tsayang madi otlhe a a tlisiwang mo ntlong ya ga Jehofa a a ntshiwang e le meneelo e e boitshepo,+ madi a lekgetho a mongwe le mongwe a tshwanetseng go a ntsha,+ madi a a tswang mo bathong ba ba dirileng maikano, le madi otlhe a pelo ya motho mongwe le mongwe e mo tlhotlheletsang gore a a tlise mo ntlong ya ga Jehofa.+  Baperesiti ke bone ba ba tla a tsayang mo bathong ba ba a ntshang* ba bo ba a dirisa go baakanya ntlo, gope fela mo e senyegileng* teng.”+  Ka ngwaga wa bo23 wa ga Kgosi Jehoashe, baperesiti ba ne ba ise ba baakanye ntlo mo e senyegileng teng.+  Ka jalo, Kgosi Jehoashe o ne a bitsa moperesiti Jehoiada+ le baperesiti ba bangwe mme a ba raya a re: “Ke ka ntlha yang fa lo sa baakanye ntlo mo e senyegileng teng? Ka jalo, lo se ka lwa tswelela lo tsaya madi mo bathong ba ba a ntshang, ntle le fa a dirisediwa go baakanya ntlo.”+  Foo baperesiti ba ne ba dumela gore ga ba kitla ba tswelela ba tsaya madi mo bathong le gore boikarabelo jwa go baakanya ntlo ga e kitla e nna jwa bone.  Go tswa foo, moperesiti Jehoiada o ne a tsaya letlole+ a bo a phunya leroba mo sekhurumelong sa lone mme a le baya go bapa le sebeso ka fa letlhakoreng la moja fa motho a tsena mo ntlong ya ga Jehofa. Baperesiti ba ba neng ba direla e le balebedi ba dikgoro ba ne ba tla tsenya madi otlhe a a neng a tlisiwa mo ntlong ya ga Jehofa mo go lone.+ 10  E ne e re fa ba bona gore madi a mantsi thata mo letloleng, mokwaledi wa kgosi le moperesiti yo mogolo ba ne ba tlhola ba tla, mme ba tseye* madi a a neng a tlisitswe mo ntlong ya ga Jehofa ba bo ba a bala.+ 11  Ba ne ba tle ba ise madi a a badilweng kwa bathong ba ba neng ba tlhomilwe gore ba okamele tiro e e dirwang mo ntlong ya ga Jehofa. Batho bao le bone ba ne ba a dirisetsa go duela ba ba dirang ka logong le baagi ba ba neng ba bereka mo ntlong ya ga Jehofa,+ 12  mmogo le ba ba agang ka leje le ba ba segang maje. Gape ba ne ba reka dikota le maje a a segilweng gore go baakanngwe ntlo ya ga Jehofa mo e senyegileng teng e bile ba ne ba dirisa madi ao mo ditshenyegelong tse dingwe tse di neng di nna teng fa go ntse go baakanngwa ntlo. 13  Le fa go ntse jalo, ga go na madi ape a a neng a tlisiwa mo ntlong ya ga Jehofa a a neng a dirisiwa go dira sekotlele sa selefera, ditimamolelo, sekotlele se sennye, diterompeta+ kgotsa dilwana tsa mofuta ope tsa gauta kgotsa tsa selefera tsa ntlo ya ga Jehofa.+ 14  Ba ne ba tle ba a neye batho ba ba neng ba dira tiro, mme ba ne ba baakanya ntlo ya ga Jehofa ka one. 15  Ba ne ba sa ke ba batla pego ya gore madi a dirisitswe jang mo banneng ba ba neng ba newa madi gore ba a neye badiri, ka gonne ba ne ba ikanyega.+ 16  Le fa go ntse jalo, madi a a ntshediwang ditlhabelo tsa molato+ le madi a a ntshediwang ditlhabelo tsa boleo a ne a sa tlisiwe mo ntlong ya ga Jehofa; e ne e le a baperesiti.+ 17  E ne e le ka yone nako eo mo Hasaele+ kgosi ya Siria a neng a ya go tlhabana le Gathe,+ mme o ne a e gapa, morago ga moo, o ne a swetsa ka gore a ye go tlhasela* Jerusalema.+ 18  Foo Kgosi Jehoashe wa Juda o ne a tsaya meneelo yotlhe e e boitshepo e borraagwemogolo e bong Jehoshafate, Jehorame le Ahasia, dikgosi tsa Juda, ba neng ba e dirile boitshepo, mmogo le meneelo ya gagwe e e boitshepo le gauta yotlhe e e neng e le mo mabolokelamatlotlong a ntlo ya ga Jehofa le mo ntlong ya kgosi,* mme o ne a e romela kwa go Hasaele kgosi ya Siria.+ Ka jalo, o ne a tlogela go tlhasela Jerusalema. 19  Fa e le pego yotlhe ya botshelo jwa ga Jehoashe, sotlhe se a se dirileng, a ga e a kwalwa mo bukeng ya dipego tsa metlha ya dikgosi tsa Juda? 20  Le fa go ntse jalo, batlhanka ba gagwe ba ne ba nna seoposengwe ba mo logela leano la boferefere+ mme ba ne ba bolaela Jehoashe kwa ntlong ya Thota,*+ mo tseleng e e yang kwa Sila. 21  Batlhanka ba gagwe e bong Josakare morwa Shimeathe le Jehosabade morwa Shomere, ke bone ba ba neng ba mo kgemetha mme ba mmolaya.+ Ba ne ba mo fitlha le borraagwemogolo mo Motseng wa ga Dafide, mme morwawe e bong Amasia o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “ba ba tlwaelaneng le bone.”
Kgotsa “phatlogileng.”
Kgotsa “ba tsenye mo dikgetsaneng.” Seheb., “ba bofe.”
Seheb., “Hasaele a neng a lebisa sefatlhego sa gagwe kgatlhanong le.”
Kgotsa “mo ntlong ya segosi.”
Kgotsa “kwa Bethe-milo.”