Dikgosi wa Bobedi 15:1-38

  • Asaria, kgosi ya Juda (1-7)

  • Dikgosi tsa bofelo tsa Iseraele: Sekarea (8-12), Shalume (13-16), Menaheme (17-22), Pekahia (23-26), Peka (27-31)

  • Jothame, kgosi ya Juda (32-38)

15  Mo ngwageng wa bo27 wa ga Kgosi Jeroboame* wa Iseraele, Asaria*+ morwa Kgosi Amasia+ wa Juda o ne a nna kgosi.+  O ne a na le dingwaga di le 16 fa a nna kgosi, mme o ne a busa dingwaga di le 52 mo Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Jekolia wa kwa Jerusalema.  O ne a tswelela a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa, fela jaaka rraagwe e bong Amasia a ne a dirile.+  Le fa go ntse jalo, mafelo a a kwa godimo a a boitshepo ga a ka a tlosiwa,+ mme batho ba ne ba sa ntse ba ntsha ditlhabelo e bile ba kuisa mosi wa setlhabelo mo mafelong ao a a kwa godimo.+  Jehofa o ne a dira gore kgosi eo e tshwarwe ke lepero, mme o ne a tswelela e le molepero+ go fitlha a swa; mme o ne a nna mo ntlong e e kwa thoko,+ fa morwawe e bong Jothame+ ene a ne a okametse ntlo,* a atlhola batho ba lefatshe leo.+  Fa e le pego yotlhe ya botshelo jwa ga Asaria,+ sotlhe se a se dirileng, a ga e a kwalwa mo bukeng ya dipego tsa metlha ya dikgosi tsa Juda?  Go tswa foo, Asaria o ne a swa jaaka borraagwemogolo,+ mme ba ne ba mo fitlha le borraagwemogolo mo Motseng wa ga Dafide; mme morwawe e bong Jothame o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.  Mo ngwageng wa bo38 wa ga Kgosi Asaria+ wa Juda, Sekarea+ morwa Jeroboame o ne a nna kgosi ya Iseraele mo Samarea, mme o ne a busa dikgwedi di le thataro.  O ne a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa, fela jaaka borraagwemogolo ba ne ba dirile. O ne a se ka a fapoga mo maleong a Jeroboame morwa Nebate a neng a dirile gore Baiseraele ba a dire.+ 10  Go tswa foo, Shalume morwa Jabeshe o ne a mo logela leano la boferefere a bo a mmolaya+ kwa Ibeleame.+ Fa a sena go mmolaya, o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. 11  Mme pego yotlhe ya botshelo jwa ga Sekarea, e kwadilwe mo bukeng ya dipego tsa metlha ya dikgosi tsa Iseraele. 12  Seo se ne se diragatsa lefoko la ga Jehofa le a neng a le boleletse Jehu a re: “Dikokomana di le nnê tsa bomorwao+ di tla nna mo setulong sa bogosi sa Iseraele.”+ Mme go ne ga direga fela jalo. 13  Shalume morwa Jabeshe o ne a nna kgosi mo ngwageng wa bo39 wa ga Kgosi Usia+ wa Juda, mme o ne a busa kgwedi e le nngwe mo Samarea. 14  Go tswa foo, Menaheme morwa Gadi o ne a tswa kwa Tiresa+ mme a tla mo Samarea a bo a bolaya Shalume+ morwa Jabeshe mo Samarea. Fa a sena go mmolaya, o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. 15  Mme pego yotlhe ya botshelo jwa ga Shalume le leano la boferefere le a neng a le loga, e kwadilwe mo bukeng ya dipego tsa metlha ya dikgosi tsa Iseraele. 16  Ke ka yone nako eo mo Menaheme a neng a tswa kwa Tiresa a bo a kgemetha Tifesa le botlhe ba ba neng ba le mo go yone le mo kgaolong ya yone, ka gonne ga e a ka ya mmulela dikgoro tsa yone. O ne a e kgemetha mme basadi ba yone ba ba imileng a ba phunya dimpa. 17  Mo ngwageng wa bo39 wa ga Kgosi Asaria wa Juda, Menaheme morwa Gadi o ne a nna kgosi ya Iseraele, mme o ne a busa dingwaga di le lesome mo Samarea. 18  O ne a tswelela a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa. O ne a se ka a fapoga mo maleong otlhe a Jeroboame morwa Nebate a neng a dirile gore Baiseraele ba a dire,+ malatsi otlhe a gagwe. 19  Kgosi Pule+ wa Asiria o ne a tla mo lefatsheng leo, mme Menaheme o ne a naya Pule ditalenta* tsa selefera di le 1 000 ka gonne o ne a mo thusitse go nonotsha bogosi jwa gagwe.+ 20  Ka jalo, Menaheme o ne a kokoanya selefera mo Iseraele ka go pateletsa banna ba ba tumileng, ba ba humileng gore ba e ntshe.+ O ne a naya kgosi ya Asiria dishekele* tsa selefera di le 50 tsa monna mongwe le mongwe. Go tswa foo, kgosi ya Asiria e ne ya boela morago, mme ya se ka ya nna mo lefatsheng leo. 21  Fa e le pego yotlhe ya botshelo jwa ga Menaheme,+ sotlhe se a se dirileng, a ga e a kwalwa mo bukeng ya dipego tsa metlha ya dikgosi tsa Iseraele? 22  Go tswa foo, Menaheme o ne a swa jaaka borraagwemogolo; mme morwawe e bong Pekahia o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. 23  Mo ngwageng wa bo50 wa ga Kgosi Asaria wa Juda, Pekahia morwa Menaheme o ne a nna kgosi ya Iseraele mo Samarea, mme o ne a busa dingwaga di le pedi. 24  O ne a tswelela a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa. O ne a se ka a fapoga mo maleong a Jeroboame morwa Nebate a neng a dirile gore Baiseraele ba a dire.+ 25  Go tswa foo, lesole le le neng le mo direla e bong Peka+ morwa Remalia o ne a mo logela leano la boferefere mme a mo kgemetha mo Samarea mo toreng e e sireletsegileng ya ntlo ya kgosi* a na le Aregoba le Arie. O ne a na le banna ba le 50 ba Gileade; mme fa a sena go mmolaya o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. 26  Mme pego yotlhe ya botshelo jwa ga Pekahia, sotlhe se a se dirileng, e kwadilwe mo bukeng ya dipego tsa metlha ya dikgosi tsa Iseraele. 27  Mo ngwageng wa bo52 wa ga Kgosi Asaria wa Juda, Peka+ morwa Remalia o ne a nna kgosi ya Iseraele mo Samarea, mme o ne a busa dingwaga di le 20. 28  O ne a tswelela a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa, mme o ne a se ka a fapoga mo maleong a Jeroboame morwa Nebate a neng a dirile gore Baiseraele ba a dire.+ 29  Mo motlheng wa ga Kgosi Peka wa Iseraele, Kgosi Tigelathe-pilesere+ wa Asiria o ne a tlhasela a bo a gapa Ijone, Abele-bethe-maaka,+ Janoa, Kedeshe,+ Hasore, Gileade+ le Galalea, e leng lefatshe lotlhe la Nafetali,+ mme o ne a tsaya baagi ba teng a ba isa botshwarwa kwa Asiria.+ 30  Go tswa foo, Hoshea+ morwa Ela o ne a logela Peka morwa Remalia leano la boferefere, mme o ne a mo kgemetha a bo a mmolaya; o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe mo ngwageng wa bo20 wa ga Jothame+ morwa Usia. 31  Mme pego yotlhe ya botshelo jwa ga Peka, sotlhe se a se dirileng, e kwadilwe mo bukeng ya dipego tsa metlha ya dikgosi tsa Iseraele. 32  Mo ngwageng wa bobedi wa ga Peka morwa Remalia kgosi ya Iseraele, Jothame+ morwa Kgosi Usia+ wa Juda o ne a nna kgosi. 33  O ne a na le dingwaga di le 25 fa a nna kgosi, mme o ne a busa dingwaga di le 16 mo Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Jerusha, morwadia Sadoke.+ 34  Jothame o ne a tswelela a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa, fela jaaka rraagwe e bong Usia a ne a dirile.+ 35  Le fa go ntse jalo, mafelo a a kwa godimo a a boitshepo ga a ka a tlosiwa, mme batho ba ne ba sa ntse ba ntsha ditlhabelo e bile ba kuisa mosi wa setlhabelo mo mafelong ao a a kwa godimo.+ Ke ene yo o neng a aga kgoro e e kwa godimo ya ntlo ya ga Jehofa.+ 36  Fa e le pego yotlhe ya botshelo jwa ga Jothame, se a se dirileng, a ga e a kwalwa mo bukeng ya dipego tsa metlha ya dikgosi tsa Juda? 37  Mo metlheng eo, Jehofa o ne a simolola go romela Resine kgosi ya Siria le Peka+ morwa Remalia gore ba ye go tlhasela Juda.+ 38  Go tswa foo, Jothame o ne a swa jaaka borraagwemogolo mme o ne a fitlhwa le borraagwemogolo mo Motseng wa ga Dafide rraagwemogolo. Mme morwawe e bong Ahase o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Go tewa Jeroboame II.
Mo go kayang “Jehofa o Thusitse.” O bidiwa Usia mo go 2Dik 15:13; 2Dit 26:1-23; Isa 6:1; le Sek 14:5.
Kgotsa “ntlo ya segosi.”
Talenta e lekana le 34,2 kg. Bona Dintlha B14.
Shekele e lekana le 11,4 g. Bona Dintlha B14.
Kgotsa “ntlo ya segosi.”