Dikgosi wa Bobedi 5:1-27

  • Elisha o fodisa lepero la ga Naamane (1-19)

  • Gehasi o tshwarwa ke lepero (20-27)

5  Jaanong Naamane, molaodi wa masole a kgosi ya Siria e ne e le monna yo o botlhokwa yo morena wa gagwe a neng a mo tseela kwa godimo, ka gonne Jehofa o ne a tliseditse Siria phenyo* ka ene. E ne e le motlhabani yo o maatla, le fa gone e ne e le molepero.*  Nako nngwe fa Basiria ba ne ba tlhasetse, ba ne ba tsaya mosetsanyana wa Moiseraele ba mo isa botshwarwa, mme o ne a nna lelata la ga mosadi wa ga Naamane.  O ne a raya mohumagadi wa gagwe a re: “Fa fela morena wa me a ne a ka ya kwa moporofeting+ yo o kwa Samarea, foo o ne a tla mo fodisa lepero!”+  Ka jalo, o* ne a ya go begela morena wa gagwe, a mmolelela se mosetsanyana yo o tswang kwa Iseraele a se buileng.  Go tswa foo, kgosi ya Siria e ne ya re: “Tsamaya! Mme ke tla romela lekwalo kwa kgosing ya Iseraele.” Ka jalo, o ne a tsamaya a tshotse ditalenta* tsa selefera di le lesome, dishekele tsa gauta di le 6 000 le diaparo di le lesome.  O ne a isa lekwalo kwa kgosing ya Iseraele, le le neng le re: “Ke romela lekwalo leno mmogo le motlhanka wa me e bong Naamane kwa go wena, gore o mo fodise lepero.”  Fela fa kgosi ya Iseraele e sena go bala lekwalo leo, e ne ya gagoganya diaparo tsa yone mme ya re: “A ke Modimo, gore ke bolaye le go boloka botshelo?+ Gonne o romela monna yono kwa go nna, a mpolelela gore ke mo fodise lepero! Lo kgona go bona gore o batla go omana le nna.”  Mme fa monna wa Modimo wa boammaaruri e bong Elisha a utlwa gore kgosi ya Iseraele e ne e gagogantse diaparo tsa yone, ka yone nako eo o ne a romela molaetsa ono kwa kgosing: “Ke ka ntlha yang fa o gagogantse diaparo tsa gago? Tsweetswee, mo tlogele a tle kwa go nna gore a tle a itse gore go na le moporofeti mo Iseraele.”+  Ka jalo, Naamane o ne a tla ka dipitse tsa gagwe le dikara tsa gagwe tsa ntwa mme a ema fa kgorong ya ntlo ya ga Elisha. 10  Le fa go ntse jalo, Elisha o ne a romela morongwa kwa go ene gore a mmolelele jaana: “Tsamaya o ye go tlhapa ga supa+ mo Joredane,+ mme nama ya gago e tla fola e bile o tla itsheka.” 11  Foo Naamane o ne a galefa a bo a bua mafoko ano a ntse a tsamaya: “Ke ne ke itheile ka re, ‘O tla tswela kwa ntle kwa go nna a bo a tla go ema fano a bitsa leina la ga Jehofa, Modimo wa gagwe, a isa seatla sa gagwe kwa pele le kwa morago mo godimo ga lepero gore a le fodise.’ 12  A Abana le Farepare, dinoka tsa Damaseko,+ ga di botoka go gaisa metsi otlhe a Iseraele? A nka se tlhape mo go tsone mme ka itsheka?” Foo o ne a retologa mme a tsamaya a galefile. 13  Jaanong batlhanka ba gagwe ba ne ba mo atamela mme ba re: “Rra, fa moporofeti a ka bo a go boleletse gore o dire sengwe se se tlhomologileng, a o ne o se kitla o se dira? A ga go botoka thata gore o dire seno, e re ka a go reile a re, ‘Tlhapa mme o itsheke’?” 14  Foo o ne a tsamaya mme a thabuela* mo Joredane ga supa, go ya ka lefoko la monna wa Modimo wa boammaaruri.+ Go tswa foo, nama ya gagwe e ne ya ntšhafala ya nna jaaka nama ya mosimanyana,+ mme o ne a itsheka.+ 15  Morago ga moo, o ne a boela kwa monneng wa Modimo wa boammaaruri,+ ene le setlhopha sotlhe sa gagwe, mme o ne a ema fa pele ga gagwe a bo a re: “Jaanong ke a itse gore ga go na Modimo gope mo lefatsheng lotlhe fa e se mo Iseraele fela.+ Tsweetswee, jaanong amogela mpho* e e tswang mo motlhankeng wa gago.” 16  Le fa go ntse jalo, Elisha o ne a re: “Ke ikana ka Jehofa Modimo yo o tshelang, yo ke mo direlang,* ga nkitla ke e amogela.”+ O ne a mo emelela gore a e amogele, mme o ne a nna a gana. 17  La bofelo Naamane o ne a re: “Tsweetswee, fa e le gore ga o e tseye, mma nna motlhanka wa gago ke newe mmu wa lefatshe leno o o ka rwalwang ke bommoulo ba babedi, ka gonne ga nkitla ke tlhola ke isetsa medimo epe e sele setlhabelo se se fisiwang kgotsa setlhabelo ntle le Jehofa. 18  Mme e kete Jehofa a ka intshwarela selo seno se le sengwe: Fa morena wa me a ya kwa ntlong* ya ga Rimone a ya go ikoba teng, o itshegetsa ka seatla sa me, ka jalo ke tshwanelwa ke go ikoba kwa ntlong ya ga Rimone. Fa ke ikoba kwa ntlong ya ga Rimone, tsweetswee, e kete Jehofa a ka intshwarela ka ntlha ya seno.” 19  Foo Elisha o ne a mo raya a re: “Tsamaya ka kagiso.” Fa a sena go tswa fa go ene e bile a tsamaile sekgala se seleele, 20  Gehasi,+ motlhokomedi wa ga Elisha monna wa Modimo wa boammaaruri+ o ne a ipolelela a re: ‘Mong wa me o rekegetse Mosiria yono e bong Naamane+ ka go gana go amogela se a neng a se tlisitse. Ke ikana ka Jehofa Modimo yo o tshelang, ke tla taboga ke mo latela ke bo ke tsaya sengwe mo go ene.’ 21  Ka jalo, Gehasi o ne a taboga a latela Naamane. Fa Naamane a bona mongwe a tla a mo sianetse, o ne a fologa kara ya gagwe gore a ye go mo kgatlhantsha mme a re: “A tsotlhe di siame?” 22  Foo o ne a re: “Tsotlhe di siame. Mong wa me o nthomile, a re, ‘Makawana a mabedi a a tswang kwa kgaolong e e dithaba ya Eferaime a sa tswa go goroga mo go nna a tswa kwa go bomorwa baporofeti. Tsweetswee, ba neye talenta ya selefera le diaparo di le pedi.’”+ 23  Naamane o ne a re: “Go siame, tsaya ditalenta tse pedi.” Naamane o ne a nna a mo kopa,+ mme Gehasi o ne a phuthela ditalenta tse pedi tsa selefera mo dikgetsing tse pedi, mmogo le diaparo di le pedi a bo a di naya batlhokomedi ba gagwe ba le babedi, mme ba ne ba tsamaya ba di rwele fa pele ga gagwe. 24  E rile a goroga mo Ofele,* o ne a di tsaya mo seatleng sa bone a bo a di baya mo ntlong mme o ne a naya banna bao tsela. Fa ba sena go tsamaya, 25  o ne a ya kwa go mong wa gagwe mme a ema fa go ene. Jaanong Elisha o ne a mo raya a re: “O tswa kae Gehasi?” Mme ene o ne a re: “Motlhanka wa gago ga a ise a ko a ye gope.”+ 26  Elisha o ne a mo raya a re: “A pelo ya me e ne e se na le wena fa monna yole a ne a fologa kara ya gagwe a tla go go kgatlhantsha? A ke nako ya go amogela selefera kgotsa go amogela diaparo kgotsa masimo a motlhware kgotsa masimo a morara* kgotsa dinku kgotsa dikgomo kgotsa batlhanka kgotsa malata?+ 27  Jaanong lepero+ la ga Naamane le tla ngaparela wena le ditlogolwana tsa gago ka bosakhutleng.” Ka yone nako eo, o ne a tswa fa pele ga gagwe e le molepero, a le mosweu jaaka kapoko.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “poloko.”
Kgotsa “a ne a iteilwe ka bolwetse jwa letlalo.”
Gongwe go tewa Naamane.
Talenta e lekana le 34,2 kg. Bona Dintlha B14.
Kgotsa “a ikina.”
Seheb., “tshegofatso.”
Seheb., “yo ke emang fa pele ga gagwe.”
Kgotsa “kwa tempeleng.”
Lefelo lengwe kwa Samarea, gongwe e le thota kgotsa lobota.
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”