Dikgosi wa Bobedi 6:1-33

  • Elisha o dira gore tlhogo ya selepe e kokobale (1-7)

  • Elisha le Basiria (8-23)

    • Matlho a motlhokomedi wa ga Elisha a a bulega (16, 17)

    • Basiria ba a foufadiwa (18, 19)

  • Baba ba kampile go dikologa Samarea e bile go na le leuba (24-33)

6  Bomorwa baporofeti+ ba ne ba raya Elisha ba re: “Lefelo le re nnang mo go lone le wena le lennye thata mo go rona.  Tsweetswee, mma re ye kwa Joredane. Mma mongwe le mongwe wa rona a reme kota teng mme re dire lefelo le re ka nnang mo go lone.” O ne a re: “Tsamayang.”  Mongwe wa bone o ne a re: “Tsweetswee, tsamaya le rona.” Foo ene o ne a re: “Ke tla tsamaya.”  Ka jalo, o ne a tsamaya le bone, mme ba ne ba goroga kwa Joredane ba bo ba simolola go rema ditlhare.  Fa mongwe wa bone a ntse a rema setlhare, tlhogo ya selepe e ne ya wela mo metsing, mme o ne a goa a re: “Ijoo, mong wa me, se ne se adimilwe!”  Monna wa Modimo wa boammaaruri o ne a re: “E wetse kae?” Ka jalo, o ne a mmontsha fa e wetseng gone. Foo o ne a kgetla thupa a bo a e latlhela teng mme a dira gore tlhogo ya selepe e kokobale.  O ne a re: “E ntshe.” Ka jalo, o ne a e ntsha.  Jaanong kgosi ya Siria e ne ya ya go tlhabana le Baiseraele.+ E ne ya buisana le batlhanka ba yone mme ya ba bolelela gore ba ye go kampa kae le ene.  Go tswa foo, monna wa Modimo wa boammaaruri+ o ne a romela molaetsa kwa kgosing ya Iseraele a re: “O ikele tlhoko gore o se ka wa feta mo lefelong leno, ka gonne ke gone kwa Basiria ba fologelang teng.” 10  Ka jalo, kgosi ya Iseraele e ne ya romela molaetsa kwa lefelong le monna wa Modimo wa boammaaruri a neng a mo tlhagisitse ka lone. O ne a nna a mo tlhagisa, mme o ne a se ka a ya kwa go lone ka makgetlo a le mmalwa.*+ 11  Seno se ne sa galefisa kgosi* ya Siria, ka jalo, e ne ya bitsa batlhanka ba yone mme ya ba raya ya re: “Mpoleleleng! Ke mang mo go rona yo o mo letlhakoreng la kgosi ya Iseraele?” 12  Foo mongwe wa batlhanka ba gagwe o ne a re: “Ga go na ope mo go rona, morena wa me kgosi! Moporofeti Elisha yo o kwa Iseraele ke ene a bolelelang kgosi ya Iseraele dilo tse o di buang mo phaposing ya gago ya borobalo.”+ 13  O ne a re: “Tsamayang mme lo ye go batla gore o kae, gore ke tle ke rome banna ba ye go mo tshwara.” Moragonyana o ne a begelwa jaana: “O kwa Dothane.”+ 14  Ka yone nako eo, o ne a romela dipitse le dikara tsa ntwa teng, mmogo le mophato o mogolo wa masole; ba ne ba tla go le bosigo mme ba kampa go dikologa motse. 15  E rile motlhokomedi* wa monna wa Modimo wa boammaaruri a tsoga phakela thata mme a tswela kwa ntle, o ne a bona mophato wa masole o dikologile motse ka dipitse le dikara tsa ntwa. Ka yone nako eo, motlhokomedi yoo o ne a mo raya a re: “Ijoo, mong wa me! Re tla dira eng?” 16  Le fa go ntse jalo, o ne a mo araba a re: “O se ka wa boifa!+ Gonne ba ba nang le rona ba bantsi go feta ba ba nang le bone.”+ 17  Foo Elisha o ne a rapela a re: “Ao tlhe Jehofa, tsweetswee bula matlho a gagwe gore a bone.”+ Ka yone nako eo, Jehofa o ne a bula matlho a motlhokomedi mme o ne a bona, mme kgaolo e e dithaba e ne e tletse dipitse le dikara tsa ntwa tsa molelo+ go dikologa Elisha gotlhe fela.+ 18  Fa Basiria ba fologela kwa go ene, Elisha o ne a rapela Jehofa mme a re: “Tsweetswee, otlhaya setšhaba seno ka bofofu.”+ Ka jalo, o ne a se otlhaya ka bofofu, fela jaaka Elisha a ne a kopile. 19  Jaanong Elisha o ne a ba raya a re: “Tsela eno ga se yone, le motse ono ga se one. Ntshalang morago, mme ke lo ise kwa monneng yo lo mmatlang.” Le fa go ntse jalo, o ne a ba isa kwa Samarea.+ 20  Fa ba goroga kwa Samarea, Elisha o ne a re: “Ao tlhe Jehofa, bula matlho a bone gore ba bone.” Ka jalo, Jehofa o ne a bula matlho a bone, mme ba ne ba lemoga gore ba mo Samarea. 21  E rile kgosi ya Iseraele e ba bona, e ne ya raya Elisha ya re: “A ke ba kgemethe, a ke ba kgemethe rra?” 22  Le fa go ntse jalo, o ne a re: “O se ka wa ba kgemetha. A o kgemetha ba o ba isitseng botshwarwa ka tšhaka ya gago le ka bora jwa gago? Ba neye senkgwe le metsi gore ba je ba bo ba nwe+ mme ba boele kwa moreneng wa bone.” 23  Ka jalo, o ne a ba direla moletlo o mogolo, mme ba ne ba ja ba bo ba nwa, morago ga moo o ne a ba naya tsela gore ba boele kwa moreneng wa bone. Mme ditlhopha tsa dirukutlhi tsa Basiria+ ga di a ka tsa tlhola di tla gape mo lefatsheng la Iseraele. 24  Morago ga moo, Bene-hadade kgosi ya Siria o ne a phutha masole otlhe a gagwe a bo a ya go kampa go dikologa Samarea.+ 25  Ka jalo, go ne go na le leuba le legolo+ mo Samarea, mme ba ne ba kampa go e dikologa go fitlha tlhogo ya tonki+ e ja dishekele tsa selefera di le 80, le selekanyo se sennye sa kaba* sa mantle a leeba se ja dishekele tsa selefera di le 5. 26  Fa kgosi ya Iseraele e ne e feta mo godimo ga lobota, mosadi mongwe o ne a mo tlhaeletsa, a re: “Re thuse, tlhe morena wa me kgosi!” 27  Foo o ne a re: “Fa Jehofa a sa go thuse, ke tla go naya thuso e e tswang kae? Go tswa mo seboaneng? Kgotsa go tswa mo segatisetsong sa beine kgotsa sa leokwane?” 28  Kgosi e ne ya mmotsa jaana: “Bothata ke eng?” O ne a araba a re: “Mosadi yono o ne a nthaya a re, ‘Tlisa morwao mme re mo je gompieno, mme re tla ja morwaake kamoso.’+ 29  Ka jalo, re ne ra apaya morwaake mme ra mo ja.+ Mo letsatsing le le latelang ke ne ka mo raya ka re, ‘Tlisa morwao gore re mo je.’ Mme o ne a fitlha morwawe.” 30  Fela fa kgosi e utlwa mafoko a mosadi yono, e ne ya gagoganya diaparo tsa yone.+ Fa a ne a feta mo godimo ga lobota, batho ba ne ba bona gore o ne a apere letsela la kgetsi ka fa teng ga diaparo tsa gagwe.* 31  Foo o ne a re: “E kete Modimo a ka nkotlhaya mo go botlhoko fa tlhogo ya ga Elisha morwa Shafate e ka tswelela e le mo go ene gompieno!”+ 32  Elisha o ne a ntse mo ntlong ya gagwe, mme bagolwane ba ne ba ntse le ene. Kgosi e ne ya romela monna mongwe kwa pele ga yone, le fa go ntse jalo, pele ga morongwa yoo a goroga, Elisha o ne a raya bagolwane a re: “A lo a bona gore morwa yono wa mmolai+ o romile motho gore ke kgaolwe tlhogo? Lebelelang fa morongwa a tla, lo tswale lebati mme lo le tshware gore a se ka a tsena. A modumo wa dikgato tsa morena wa gagwe ga o utlwale ka fa morago ga gagwe?” 33  Fa a sa ntse a bua le bone, morongwa o ne a tla kwa go ene, mme kgosi e ne ya re: “Masetlapelo ano a tswa kwa go Jehofa. Ke ka ntlha yang fa ke tshwanetse go nna ke letile Jehofa?”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “ka makgetlo a feta gangwe kgotsa gabedi.”
Seheb., “pelo ya kgosi.”
Kgotsa “modiredi.”
Seheb., “nngwennêng (1/4) ya kaba.” Mo e ka nnang 0,3 L. Bona Dintlha B14.
Kgotsa “ka fa tlase, gaufi le letlalo la gagwe.”