Dikgosi wa Bobedi 7:1-20

  • Elisha o porofeta gore leuba le tla fela (1, 2)

  • Go fitlhelwa dijo mo kampeng ya Basiria (3-15)

  • Boporofeti jwa ga Elisha bo a diragadiwa (16-20)

7  Jaanong Elisha o ne a re, “Reetsang lefoko la ga Jehofa. Seno ke se Jehofa a se buang: ‘Kamoso mo e ka nnang ka nako eno kwa kgorong* ya Samarea, bupi jo bo boleta jwa selekanyo sa mmanki o le mongwe* bo tla rekwa ka shekele,* mme barele* ya selekanyo sa dimmanki di le pedi e tla rekwa ka shekele.’”+  Foo mothusi wa modiredimogolo wa masole yo kgosi e neng e mo ikanya o ne a raya monna wa Modimo wa boammaaruri a re: “Tota le fa Jehofa a ka bula dikgoro tsa morwalela kwa magodimong, a seno* se ka direga?”+ Foo Elisha o ne a re: “O tla bona seo ka matlho a gago,+ mme ga o kitla o ja dijo tsa teng.”+  Go ne go na le balepero ba le banê, ba ba neng ba le fa kgorong ya motse,+ mme ba ne ba raana ba re: “Re nnetseng fano go fitlha re swa?  Fa re re, ‘A re yeng kwa motseng,’ mme go na le leuba mo motseng,+ re tla swela teng. Mme fa re nna fano, le gone re tla swa. Jaanong a re yeng kwa kampeng ya Basiria. Fa ba sa re bolaye re tla tshela, mme fa ba re bolaya, foo re tla swa.”  Go tswa foo, ba ne ba tsamaya go le lotlatlana mme ba ya go tsena mo kampeng ya Basiria. E rile ba goroga kwa kampeng ya Basiria, go ne go se na ope teng.  Gonne Jehofa o ne a dirile gore Basiria ba ba mo kampeng ba utlwe modumo wa dikara tsa ntwa le wa dipitse, modumo wa mophato o mogolo wa masole.+ Ka jalo, ba ne ba raana ba re: “Bonang! Kgosi ya Iseraele e re thapetse dikgosi tsa Bahite le dikgosi tsa Egepeto gore di re tlhasele!”  Ka yone nako eo, ba ne ba tshaba ka lotlatlana, ba tlogela ditente, dipitse, ditonki tsa bone le kampa yotlhe fela jaaka e ne e ntse, mme ba ne ba tshaba gore ba boloke matshelo a bone.  E rile balepero bano ba goroga kwa bofelelong jwa kampa, ba ne ba tsena mo go nngwe ya ditente mme ba simolola go ja le go nwa. Ba ne ba tsaya selefera, gauta le diaparo mme ba tsamaya ba ya go di fitlha. Go tswa foo, ba ne ba boa mme ba tsena mo tenteng e nngwe mme ba tsaya dilo mo go yone ba ya go di fitlha.  La bofelo ba ne ba raana ba re: “Se re se dirang ga se a siama. Letsatsi leno ke letsatsi la dikgang tse di molemo! Fa re nnela go diega mme re ema go fitlha bosa, re tla tshwanelwa ke go otlhaiwa. Jaanong mma re tsamaye re ye go bega seno kwa ntlong ya kgosi.” 10  Ka jalo, ba ne ba tsamaya mme ba tlhaeletsa badisa ba dikgoro tsa motse ba bo ba ba begela jaana: “Re ne ra tsena mo kampeng ya Basiria, le fa go ntse jalo go ne go se na ope teng, ga re a utlwa ope gotlhelele. Go ne go na le dipitse le ditonki di bofilwe le ditente di tlogetswe fela jaaka di ne di ntse.” 11  Ka yone nako eo, badisa ba dikgoro ba ne ba tlhaeletsa, mme kgang eno e ne ya begwa kwa ntlong ya kgosi. 12  Ka yone nako eo, kgosi e ne ya tsoga go le bosigo mme ya raya batlhanka ba yone ya re: “Tsweetswee, mma ke lo bolelele se Basiria ba se re dirileng. Ba a itse gore re tshwerwe ke tlala,+ ka jalo ba dule mo kampeng gore ba ye go iphitlha mo tshimong, ba re, ‘Ba tla tswa mo motseng mme re tla ba tshwara re bo re tsena mo motseng.’”+ 13  Go tswa foo, mongwe wa batlhanka ba gagwe o ne a re: “Tsweetswee, a banna bangwe ba tseye dipitse tse tlhano tse di setseng tse di mo motseng. Ba tla feleletsa ba tshwana le boidiidi jotlhe jwa Iseraele jo bo setseng mono. Ba tla feleletsa ba tshwana le boidiidi jotlhe jwa Baiseraele jo bo nyeletseng. Mma re ba romeleng mme re bone.” 14  Ka jalo, ba ne ba tsaya dikara di le pedi le dipitse, mme kgosi e ne ya ba romela kwa kampeng ya Basiria e re: “Tsamayang lo ye go bona.” 15  Ba ne ba ba sala morago go ya go fitlha kwa Joredane, mme tsela yotlhe e ne e tletse diaparo le dilwana tse Basiria ba neng ba di latlhile fa ba ntse ba tshaba ba tshogile. Barongwa ba ne ba boa mme ba bega seo kwa kgosing. 16  Go tswa foo, batho ba ne ba tswa mme ba ya go gapa kampa ya Basiria, mo e leng gore bupi jo bo boleta jwa selekanyo sa mmanki o le mongwe bo ne jwa rekwa ka shekele, le barele ya selekanyo sa dimmanki di le pedi e ne ya rekwa ka shekele, go ya ka se Jehofa a neng a se buile.+ 17  Kgosi e ne e tlhomile mothusi wa modiredimogolo wa masole yo e neng e mo ikanya gore a tlhokomele kgoro, mme batho ba ne ba mo gataka fa kgorong gore a bo a swe, fela jaaka monna wa Modimo wa boammaaruri a ne a boleletse kgosi fa e ne e ile kwa go ene. 18  Go ne ga direga fela jaaka monna wa Modimo wa boammaaruri a ne a boleletse kgosi, a re: “Kamoso ka nako eno kwa kgorong ya Samarea, barele ya selekanyo sa dimmanki di le pedi e tla rekwa ka shekele, mme bupi jo bo boleta jwa selekanyo sa mmanki o le mongwe bo tla rekwa ka shekele.”+ 19  Le fa go ntse jalo, mothusi wa modiredimogolo wa masole o ne a reile monna wa Modimo wa boammaaruri a re: “Tota le fa Jehofa a ka bula dikgoro tsa morwalela kwa magodimong, a selo se se ntseng jalo* se ka direga?” Mme Elisha o ne a mo reile a re: “O tla bona seo ka matlho a gago, mme ga o kitla o ja dijo tsa teng.” 20  Ke sone se se neng sa mo diragalela, ka gonne batho ba ne ba mo gataka fa kgorong gore a bo a swe.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “kwa marekisetsong.”
Seheb., “sa sea.” Sea e lekana le 7,33 L. Bona Dintlha B14.
Shekele e lekana le 11,4 g. Bona Dintlha B14.
Semela se se tshwanang le korong.
Seheb., “lefoko leno.”
Seheb., “lefoko le le ntseng jaana.”