Dikgosi wa Bobedi 8:1-29

  • Mosadi wa Moshunema o busediwa lefatshe la gagwe (1-6)

  • Elisha, Bene-hadade le Hasaele (7-15)

  • Jehorame, kgosi ya Juda (16-24)

  • Ahasia, kgosi ya Juda (25-29)

8  Elisha o ne a raya mosadi yo a neng a tsositse morwawe yo o neng a sule,*+ a re: “Tsamaya, wena le ba lelapa la gago, mme o ye go nna motswakwa gongwe le gongwe kwa o batlang teng, ka gonne Jehofa o boletse gore go tla nna le leuba,+ mme le tla tla mo lefatsheng ka dingwaga di le supa.”  Ka jalo, mosadi yoo o ne a dira se monna wa Modimo wa boammaaruri a se buileng. O ne a tsamaya le ba lelapa la gagwe mme a nna kwa lefatsheng la Bafilisitia+ dingwaga di le supa.  Kwa bokhutlong jwa dingwaga tse supa, mosadi yoo o ne a boa kwa lefatsheng la Bafilisitia mme o ne a ya go ikuela kwa kgosing mabapi le ntlo ya gagwe le tshimo ya gagwe.  Jaanong kgosi e ne e ntse e bua le Gehasi motlhokomedi wa monna wa Modimo wa boammaaruri e re: “Tsweetswee mpolelela dilo tsotlhe tse dikgolo tse Elisha a di dirileng.”+  Fela fa a sa ntse a bolelela kgosi kafa Elisha a tsositseng moswi ka teng,+ mosadi yo morwawe a neng a tsositswe o ne a tla mo kgosing, a tlile go ikuela ka ntlo ya gagwe le tshimo ya gagwe.+ Foo Gehasi o ne a re: “Morena wa me kgosi, mosadi yoo ke ene yo, mme yono ke morwawe yo Elisha a mo tsositseng.”  Foo kgosi e ne ya botsa mosadi yoo, mme o ne a mmolelela kgang ya gagwe. Go tswa foo, kgosi e ne ya laela modiredimogolo wa ntlo ya kgosi ya mo raya ya re: “Busa dilo tsotlhe tsa mosadi yono mme o mo duele madi otlhe a a neng a ka bo a a dirile mo tshimong ya gagwe go tloga ka letsatsi le a neng a tswa mo nageng eno ka lone go fitlha jaanong.”  Elisha o ne a tla mo Damaseko+ fa Bene-hadade+ kgosi ya Siria a ne a lwala. Ka jalo, o ne a begelwa jaana: “Monna wa Modimo wa boammaaruri+ o tlile fano.”  Foo kgosi e ne ya raya Hasaele+ ya re: “Tsaya mpho mme o tsamaye o ye go kgatlhantsha monna wa Modimo wa boammaaruri.+ O mo kope gore a go boletse mo go Jehofa, a re, ‘A ke tla fola mo bolwetseng jono?’”  Hasaele o ne a ya go mo kgatlhantsha mme o ne a tshotse mpho, sengwe le sengwe se se molemo sa Damaseko, e le morwalo wa dikamela di le 40. O ne a tla mme a ema fa pele ga gagwe a bo a re: “Morwao, Bene-hadade kgosi ya Siria, o nthometse kwa go wena o botsa gore, ‘A ke tla fola mo bolwetseng jono?’” 10  Elisha o ne a mo araba a re: “Tsamaya mme o mo reye o re, ‘Ruri o tla fola,’ mme gone Jehofa o mpontshitse gore ruri o tla swa.”+ 11  Mme o ne a nna a mo tlhomile matlho mo a neng a tlhabiwa ke ditlhong. Go tswa foo, monna wa Modimo wa boammaaruri o ne a lela. 12  Hasaele o ne a mmotsa jaana: “Morena wa me, ke ka ntlha yang fa o lela?” Ene o ne a araba a re: “Ka gonne ke itse bosula jo o tla bo direlang batho ba Iseraele.+ O tla fisa mafelo a bone a a sireletsegileng, o tla bolaya banna ba bone ba ba nonofileng ka tšhaka, o tla thubaganya bana ba bone e bile basadi ba bone ba ba imileng o tla ba phunya dimpa.”+ 13  Hasaele o ne a re: “Motlhanka wa gago yo e leng ntša fela, a ka dira jang selo se se ntseng jalo?” Le fa go ntse jalo, Elisha o ne a re: “Jehofa o mpontshitse gore o tla nna kgosi ya Siria.”+ 14  Go tswa foo, o ne a tlogela Elisha mme a boela kwa moreneng wa gagwe, yo a neng a mo raya a re: “Elisha o go reile a reng?” O ne a araba a re: “O mpoleletse gore ruri o tla fola.”+ 15  Le fa go ntse jalo, mo letsatsing le le latelang Hasaele o ne a tsaya kobo, a e ina mo metsing a bo a e baya mo sefatlhegong sa morena wa gagwe go fitlha a swa.+ Mme Hasaele o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.+ 16  Mo ngwageng wa botlhano wa ga Jehorame+ morwa Ahabe kgosi ya Iseraele, fa Jehoshafate e ne e le kgosi ya Juda, Jehorame+ morwa Kgosi Jehoshafate wa Juda o ne a nna kgosi. 17  O ne a na le dingwaga di le 32 fa a nna kgosi, mme o ne a busa dingwaga di le robedi mo Jerusalema. 18  O ne a tsamaya mo ditseleng tsa dikgosi tsa Iseraele,+ fela jaaka ba lelapa la ga Ahabe ba ne ba dirile,+ ka gonne o ne a nyetse morwadia Ahabe;+ mme o ne a tswelela a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa.+ 19  Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a sa batle go nyeletsa Juda ka ntlha ya ga Dafide motlhanka wa gagwe,+ ka gonne a ile a mo solofetsa gore o tla naya ene+ le bomorwawe lobone ka metlha. 20  Mo motlheng wa gagwe Baedoma ba ne ba tlhanogela Juda+ ba bo ba itlhomela kgosi ya bone.+ 21  Ka jalo, Jehorame o ne a ya kwa Saire a na le dikara tsotlhe tsa gagwe, mme o ne a tswa go le bosigo a bo a fenya Baedoma ba ba neng ba dikologile ene le balaodi ba dikara; mme masole a ne a tshabela kwa ditenteng tsa one. 22  Le fa go ntse jalo, Baedoma ba ne ba tswelela ba tlhanogetse Juda go fitlha mo letsatsing leno. Ka yone nako eo, Libena+ le yone e ne ya tlhanoga. 23  Mme pego yotlhe ya botshelo jwa ga Jehorame, sotlhe se a se dirileng, a ga e a kwalwa mo bukeng ya dipego tsa metlha ya dikgosi tsa Juda? 24  Go tswa foo, Jehorame o ne a swa jaaka borraagwemogolo mme o ne a fitlhwa le borraagwemogolo mo Motseng wa ga Dafide.+ Mme morwawe e bong Ahasia+ o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. 25  Mo ngwageng wa bo12 wa ga Jehorame morwa Ahabe kgosi ya Iseraele, Ahasia morwa Kgosi Jehorame wa Juda o ne a nna kgosi.+ 26  Ahasia o ne a na le dingwaga di le 22 fa a nna kgosi, mme o ne a busa ngwaga o le mongwe mo Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Athalia,+ setlogolwana sa ga* Kgosi Omeri+ wa Iseraele. 27  O ne a tsamaya mo tseleng ya ba lelapa la ga Ahabe+ mme a nna a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa fela jaaka ba lelapa la ga Ahabe, ka gonne e ne e le wa losika lwa lelapa la ga Ahabe.+ 28  Ka jalo, o ne a tsamaya le Jehorame morwa Ahabe ba ya go tlhabana le Kgosi Hasaele wa Siria kwa Ramothe-gileade,+ mme Basiria ba ne ba gobatsa Jehorame.+ 29  Ka jalo, Kgosi Jehorame o ne a boela kwa Jesereele+ gore a ye go ikoka dintho tse Basiria ba neng ba di mo ntshitse kwa Rama fa a ne a tlhabana le Kgosi Hasaele wa Siria.+ Ahasia morwa Jehorame kgosi ya Juda o ne a ya kwa Jesereele go ya go tlhola Jehorame morwa Ahabe, ka gonne o ne a gobetse.*

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “yo a neng a rudisitse morwawe.”
Seheb., “morwadie.”
Kgotsa “o ne a lwala.”