Ditiragalo wa Bobedi 1:1-17

  • Solomone o kopa botlhale (1-12)

  • Dikhumo tsa ga Solomone (13-17)

1  Solomone morwa Dafide o ne a nna a nonofa mo bogosing jwa gagwe, mme Jehofa, Modimo wa gagwe o ne a na le ene e bile o ne a mo dira mogolo thata.+  Solomone o ne a laela gore go bidiwe Iseraele yotlhe, baokamedi ba dikete le ba makgolo, baatlhodi le dikgosana tsotlhe tsa Iseraele, e leng ditlhogo tsa dikgotla tsa bone.  Go tswa foo, Solomone mmogo le phuthego yotlhe ba ne ba ya kwa lefelong le le kwa godimo le le boitshepo kwa Gibeone,+ ka gonne ke teng kwa tente ya bokopanelo ya Modimo wa boammaaruri e neng e le gone, tente e Moshe motlhanka wa ga Jehofa a neng a e dirile kwa nageng.  Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a ntshitse Letlole la Modimo wa boammaaruri kwa Kiriathe-jearime+ a le tlisitse kwa lefelong le a neng a le le baakanyeditse; o ne a le tlhometse tente kwa Jerusalema.+  Mme sebeso sa kopore+ se Besalele+ morwa Uri morwa Hure a neng a se dirile se ne se beilwe fa pele ga motlaagana wa ga Jehofa; mme Solomone le phuthego ba ne ba tle ba rapele fa pele ga sone.*  Jaanong Solomone o ne a ntsha ditlhabelo foo fa pele ga ga Jehofa, mme o ne a ntsha ditlhabelo tse di fisiwang di le 1 000 mo sebesong sa kopore+ se se neng se le kwa tenteng ya bokopanelo.  Mo bosigong joo, Modimo o ne a iponatsa mo go Solomone mme a mo raya a re: “Kopa se o ka ratang gore ke se go neye.”+  Foo Solomone o ne a raya Modimo a re: “O bontshitse rre e bong Dafide lorato lo logolo lo lo sa kgaotseng,+ e bile o ntlhomile kgosi mo boemong jwa gagwe.+  Jaanong, tlhe Jehofa Modimo, a tsholofetso ya gago e o e diretseng Dafide rre e diragale,+ ka gonne o ntlhomile kgosi ya setšhaba se sentsi jaaka lorole lwa lefatshe.+ 10  Ka jalo, nneye botlhale le kitso+ gore ke etelele setšhaba seno pele,* gonne ke mang yo o ka kgonang go atlhola setšhaba seno sa gago se segolo?”+ 11  Foo Modimo o ne a raya Solomone a re: “E re ka pelo ya gago e eleditse seno e bile o sa kopa dikhumo, dithoto le tlotlo kgotsa gore ba ba go tlhoileng ba swe e bile o sa kopa go tshela lobaka lo loleele,* mme o kopile botlhale le kitso gore o atlhole batho ba me ba ke go tlhomileng kgosi ya bone,+ 12  ke tla go naya botlhale le kitso; gape ke tla go naya dikhumo le dithoto le tlotlo tse dikgosi tse di neng di le teng pele ga gago di iseng di ke di nne le tsone e bile go se ope morago ga gago yo o tla nnang le tsone.”+ 13  Ka jalo, Solomone o ne a tswa kwa lefelong le le kwa godimo le le boitshepo kwa Gibeone+ fa pele ga tente ya bokopanelo, a tla mo Jerusalema; mme o ne a busa Iseraele. 14  Solomone o ne a nna a kokoanya dikara le dipitse;* o ne a na le dikara di le 1 400 le dipitse* di le 12 000,+ mme o ne a di baya mo metseng ya dikara+ le mo Jerusalema gaufi le kgosi.+ 15  Mme kgosi eno e ne ya dira gore selefera le gauta di nne dintsi mo Jerusalema jaaka maje,+ ya bo ya dira gore dikgong tsa mosedara di nne dintsi thata jaaka ditlhare tsa mosikamore tse di kwa Shefela.+ 16  Dipitse tsa ga Solomone di ne di rekilwe kwa Egepeto,+ mme setlhopha sa bagwebi ba kgosi se ne se tle se reke dipitse di le dintsi* ka tlhwatlhwa e le nngwe.+ 17  Kara nngwe le nngwe e e neng e tswa kwa Egepeto e ne e rekwa ka dishekele tsa selefera di le 600, mme pitse e ne e rekwa ka di le 150; morago ga moo ba ne ba tle ba di rekisetse dikgosi tsotlhe tsa Bahite le dikgosi tsa Siria.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “ba ne ba tle ba botse Modimo teng.”
Seheb., “gore ke kgone go tswa le go tsena fa pele ga setšhaba seno.”
Seheb., “malatsi a mantsi.”
Kgotsa “bapalami ba dipitse.”
Kgotsa “bapalami ba dipitse.”
Kgotsa gongwe “kwa Egepeto le kwa Kue; bagwebi ba kgosi ba ne ba tle ba di reke go tswa kwa Kue,” gongwe go tewa Kilikia.