Ditiragalo wa Bobedi 10:1-19

  • Baiseraele ba tlhanogela Rehoboame (1-19)

10  Rehoboame o ne a ya kwa Shekema,+ ka gonne Baiseraele botlhe ba ne ba ile kwa Shekema gore ba mo dire kgosi.+  Fela fa Jeroboame+ morwa Nebate a utlwela ka seo (o ne a sa ntse a le kwa Egepeto ka gonne o ne a tshabile Kgosi Solomone),+ o ne a boa go tswa kwa Egepeto.  Go tswa foo, ba ne ba laela gore a ye go bidiwa, mme Jeroboame le Baiseraele botlhe ba ne ba tla kwa go Rehoboame mme ba mo raya ba re:  “Rrago o ne a dira gore jokwe ya rona e nne boima.+ Mme fa o ka dira gore tirelo e e thata ya ga rrago e nne motlhofo o bo o dira gore jokwe e e boima* e a neng a e beile mo go rona e nne motlhofo, re tla go direla.”  Foo o ne a ba raya a re: “Lo boeleng mo go nna morago ga malatsi a le mararo.” Ka jalo, batho ba ne ba tsamaya.+  Go tswa foo, Kgosi Rehoboame o ne a buisana le banna ba ba godileng* ba ba neng ba direla rraagwe e bong Solomone fa a ne a sa ntse a tshela, a re: “Lo ka nnaya kgakololo efe gore ke arabe batho bano?”  Ba ne ba mo araba jaana: “Fa o ka nna molemo mo bathong bano, wa ba itumedisa wa bo wa ba araba ka tsela e e molemo, ba tla tswelela e le batlhanka ba gago.”  Le fa go ntse jalo, o ne a tlhokomologa kgakololo e banna ba ba godileng* ba neng ba mo e neile, mme o ne a buisana le makawana a a neng a godile le ene, a jaanong e neng e le batlhokomedi ba gagwe.+  O ne a ba botsa a re: “Lo ka nnaya kgakololo efe? Re ka araba jang batho bano ba ba neng ba nthaya ba re, ‘Dira gore jokwe e rrago a e beileng mo go rona e nne motlhofo’?” 10  Makawana a a neng a godile le ene a ne a mo raya a re: “Seno ke se o tla se bolelelang batho bano ba ba neng ba go raya ba re, ‘Rrago o ne a dirile jokwe ya rona boima, mme wena dira gore e nne motlhofo mo go rona’; seno ke se o tla se ba bolelelang, ‘Monwana wa me o monnye o tla nna mokima go feta dinôka tsa ga rre. 11  Rre o ne a lo pega jokwe e e boima, mme nna ke tla oketsa jokwe ya lona. Rre o ne a lo otlhaya ka dime, mme nna ke tla lo otlhaya ka dime tse di nang le mafuto.’” 12  Jeroboame le batho botlhe ba ne ba tla mo go Rehoboame mo letsatsing la boraro, fela jaaka kgosi e ne e ba reile ya re: “Lo boeleng mo go nna mo letsatsing la boraro.”+ 13  Le fa go ntse jalo, kgosi e ne ya ba araba ka bogale. Ka jalo, Kgosi Rehoboame o ne a tlhokomologa kgakololo e banna ba ba godileng* ba neng ba e mo neile. 14  O ne a bua le bone go ya ka kgakololo ya makawana, a re: “Ke tla dira jokwe ya lona boima, e bile ke tla e oketsa. Rre o ne a lo otlhaya ka dime, mme nna ke tla lo otlhaya ka dime tse di nang le mafuto.” 15  Ka jalo, kgosi e ne ya se ka ya reetsa batho, ka gonne Modimo wa boammaaruri+ ke ene a neng a dirile gore ditiragalo tseno di direge, gore go diragale lefoko le Jehofa a neng a le boleletse Jeroboame morwa Nebate a dirisa Ahija+ wa Moshilo. 16  E rile Baiseraele botlhe ba bona gore kgosi e ne e gana go ba reetsa, batho ba ne ba araba kgosi ba re: “Re na le kabelo efe mo go Dafide? Ga re na boswa bope mo go morwa Jese. Yang kwa medimong ya lona, lona Baiseraele. Jaanong lona ditlogolwana tsa ga Dafide,+ itlhokomeleng!” Ka jalo, Baiseraele botlhe ba ne ba boela kwa magaeng* a bone.+ 17  Le fa go ntse jalo, Rehoboame o ne a tswelela a busa Baiseraele ba ba neng ba nna mo metseng ya Juda.+ 18  Go tswa foo, Kgosi Rehoboame o ne a roma Hadorame,+ yo o neng a okametse ba ba neng ba tlhophilwe gore ba berekele kgosi, mme Baiseraele ba ne ba mo kgobotletsa ka maje go fitlha a swa. Kgosi Rehoboame o ne a kgona go palama kara ya gagwe gore a tshabele kwa Jerusalema.+ 19  Baiseraele ba ne ba nna ba tlhanogela ditlogolwana tsa ga Dafide go tla go fitlha mo letsatsing leno.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “e e gatelelang.”
Kgotsa “bagolwane.”
Kgotsa “bagolwane.”
Kgotsa “bagolwane.”
Seheb., “ditenteng.”