Ditiragalo wa Bobedi 15:1-19

  • Asa o dira diphetogo (1-19)

15  Moya wa Modimo o ne wa tla mo go Asaria morwa Odede.  Ka jalo, o ne a ya go kgatlhantsha Asa mme a mo raya a re: “Ntheetse, wena Asa le Juda yotlhe le Benjamine! Jehofa o na le lona fa fela lo tswelela lo na le ene;+ mme fa lo mmatla, o tla dira gore lo mmone,+ mme fa lo mo tlogela, o tla lo tlogela.+  Go fetile lobaka lo loleele Baiseraele ba se na Modimo wa boammaaruri, ba se na moperesiti yo o rutang e bile ba se na molao.+  Le fa go ntse jalo, fa ba le mo matshwenyegong ba ne ba boela kwa go Jehofa, Modimo wa Iseraele ba bo ba mmatla, mme o ne a dira gore ba mmone.+  Mo metlheng eo go ne go se ope yo o neng a ka tsamaya a sireletsegile,* ka gonne go ne go na le dikhuduego di le dintsi mo banning botlhe ba dikgaolo tse di farologaneng tsa Iseraele.  Setšhaba se ne se senngwa ke setšhaba se sengwe le motse o ne o senngwa ke motse o mongwe, ka gonne Modimo o ne a dirile gore ba nne le dikhuduego ka ntlha ya mathata a a farologaneng.+  Mme lona, nonofang mme lo se ka lwa kgobega marapo,*+ ka gonne lo tla bona maduo a tiro ya lona.”  Fela fa Asa a utlwa mafoko ano le boporofeti jwa ga moporofeti Odede, o ne a nna pelokgale mme a tlosa medingwana e e makgapha mo lefatsheng lotlhe la Juda+ le la Benjamine le mo metseng e a neng a e gapile mo kgaolong e e dithaba ya Eferaime, mme o ne a tsosolosa sebeso sa ga Jehofa se se neng se le fa pele ga mathudi a ga Jehofa.+  Mme o ne a phutha batho botlhe ba Juda le ba Benjamine mmogo le batswakwa ba ba nang le bone go tswa kwa Eferaime le Manase le Simeone,+ ka gonne ba ne ba tshabetse kwa go Asa ba le bantsi ba tswa kwa Iseraele fa ba lemoga gore Jehofa, Modimo wa gagwe o ne a na le ene. 10  Ka jalo, ba ne ba phuthegela kwa Jerusalema mo kgweding ya boraro ya ngwaga wa bo15 wa puso ya ga Asa. 11  Mo letsatsing leo, ba ne ba ntshetsa Jehofa setlhabelo go tswa mo dilong tse ba di gapileng tse ba neng ba tlile ka tsone, dikgomo di le 700 le dinku di le 7 000. 12  Mo godimo ga moo, ba ne ba dira kgolagano ya gore ba tla batla Jehofa, Modimo wa borraabonemogolo ka pelo yotlhe ya bone le ka moya otlhe wa bone.+ 13  Ope fela yo o neng a se kitla a batla Jehofa, Modimo wa Iseraele o ne a tshwanetse go bolawa, a ka tswa a le monnye kgotsa a le mogolo, e le monna kgotsa mosadi.+ 14  Ka jalo, ba ne ba direla Jehofa maikano ka lentswe le le kwa godimo, ba goa ka boitumelo e bile ba letsa diterompeta le dinaka. 15  Mme batho botlhe ba Juda ba ne ba itumelela maikano a ba a dirileng, ka gonne ba ne ba dirile maikano ao ka pelo yotlhe ya bone e bile ba ne ba batla Modimo ka tlhoafalo, mme o ne a dira gore ba mmone,+ mme Jehofa o ne a tswelela a ba naya boikhutso mo matlhakoreng otlhe.+ 16  Kgosi Asa o ne a bo a tlosa mmaagwemogolo e bong Maaka+ mo maemong a gagwe a go nna mohumagadi, ka gonne o ne a dirile modingwana o o makgapha gore o dirisiwe mo kobamelong ya kota e e boitshepo.*+ Asa o ne a rema modingwana oo o o makgapha, a o sila a bo a o fisetsa kwa Mokgatšheng wa Kiderone.+ 17  Le fa go ntse jalo, mafelo a a kwa godimo a a boitshepo ga a ka a tlosiwa+ mo Iseraele.+ Mme gone, pelo ya ga Asa e ne e feletse* mo Modimong botshelo* jotlhe jwa gagwe.+ 18  O ne a tsaya dilo tse ene le rraagwe ba neng ba di dirile boitshepo a di tlisa mo ntlong ya Modimo wa boammaaruri: selefera, gauta le dilwana tse dingwe.+ 19  Go ne go se na ntwa go fitlha mo ngwageng wa bo35 wa puso ya ga Asa.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “go ne go se na kagiso mo go ope yo o tsenang kgotsa yo o tswang.”
Seheb., “lo se ka lwa letla diatla tsa lona gore di repe.”
Kgotsa “e ne e ineetse ka botlalo.”
Seheb., “malatsi.”