Ditiragalo wa Bobedi 18:1-34

  • Jehoshafate o dira tumalano le Ahabe (1-11)

  • Mikaia o porofeta gore ba tlile go fenngwa (12-27)

  • Ahabe o bolawa kwa Ramothe-gileade (28-34)

18  Jehoshafate o ne a na le dikhumo tse dintsi le kgalalelo e kgolo,+ mme o ne a dira kgolagano le Ahabe+ ya gore ba tla nyalelana.  Ka jalo, dingwaga moragonyana o ne a ya kwa go Ahabe kwa Samarea,+ mme Ahabe o ne a ntsha setlhabelo sa dinku le dikgomo di le dintsi, a se ntshetsa ene le batho ba ba neng ba na le ene. Mme o ne a mo kopa* gore a tsamaye le ene ba ye go tlhabana le motse wa Ramothe-gileade.+  Foo Kgosi Ahabe wa Iseraele o ne a raya Kgosi Jehoshafate wa Juda a re: “A o tla tsamaya le nna go ya go tlhabana le motse wa Ramothe-gileade?” Jehoshafate o ne a araba kgosi ya Iseraele a re: “Nna le wena re seoposengwe. Batho ba me le batho ba gago ba seoposengwe, mme re tla go ema nôkeng mo ntweng eno.”  Le fa go ntse jalo, Jehoshafate o ne a raya kgosi ya Iseraele a re: “Tsweetswee, kopa Jehofa pele gore a go kaele mo kgannyeng eno.”+  Ka jalo, kgosi ya Iseraele e ne ya phutha baporofeti, banna ba le 400, mme e ne ya ba botsa jaana: “A re ye go tlhabana le motse wa Ramothe-gileade kgotsa re se ka ra tsamaya?” Ba ne ba re: “Tsamayang, mme Modimo wa boammaaruri o tla dira gore kgosi e fenye motse oo.”  Foo Jehoshafate o ne a re: “A ga go na moporofeti wa ga Jehofa mono?+ Mma le ene re mo kope gore a re boletse.”+  Mme kgosi ya Iseraele e ne ya raya Jehoshafate ya re: “Go sa ntse go na le monna yo mongwe+ yo re ka mo kopang gore a re boletse mo go Jehofa; mme gone, ke mo tlhoile ka gonne ga a ke a porofeta dilo tse di molemo ka nna, ka metlha o porofeta dilo tse di bosula.+ Ke Mikaia morwa Imela.” Le fa go ntse jalo, Jehoshafate o ne a re: “Ga o a tshwanela go bua jalo.”  Ka jalo, kgosi ya Iseraele e ne ya bitsa modiredi wa ntlo ya kgosi mme ya re: “Itlhaganele o ye go tla le Mikaia morwa Imela.”+  Jaanong kgosi ya Iseraele le Jehoshafate kgosi ya Juda, mongwe le mongwe wa bone o ne a ntse mo setulong sa gagwe sa bogosi, a apere diaparo tsa segosi; ba ne ba ntse kwa seboaneng fa kgorong ya Samarea, mme baporofeti botlhe ba ne ba porofeta fa pele ga bone. 10  Foo Sedekia morwa Kenana o ne a itirela dinaka tsa tshipi a bo a re: “Seno ke se Jehofa a se buang, ‘O tla tlhaba* Basiria ka dinaka tseno go fitlha o ba fedisa.’” 11  Baporofeti ba bangwe botlhe le bone ba ne ba porofeta ka tsela e e tshwanang, ba re: “Tsamaya o ye go tlhabana le motse wa Ramothe-gileade mme o tla atlega;+ Jehofa o tla dira gore kgosi e fenye motse oo.” 12  Ka jalo, morongwa yo o neng a ya go bitsa Mikaia o ne a fitlha a mo raya a re: “Mafoko otlhe a baporofeti a itumedisa kgosi. Tsweetswee, a lefoko la gago le nne jaaka a bone,+ mme o bue se se itumedisang.”+ 13  Le fa go ntse jalo, Mikaia o ne a re: “Ke ikana ka Jehofa Modimo yo o tshelang, sepe fela se Modimo wa me a se mpolelelang, ke sone se ke tla se buang.”+ 14  Mme fa a tsena kwa kgosing, kgosi e ne ya mmotsa jaana: “Mikaia, a re ye go tlhabana le motse wa Ramothe-gileade kgotsa ke se ka ka tsamaya?” Gone fela foo, o ne a mo araba a re: “Tsamaya mme o tla atlega; ba tla tsenngwa mo diatleng tsa lona.” 15  Foo kgosi e ne ya mo raya ya re: “Ke dire gore o ikane makgetlo a le kae gore o tla bua le nna boammaaruri fela ka leina la ga Jehofa?” 16  Ka jalo, o ne a re: “Ke bona Baiseraele botlhe ba gasame mo dithabeng jaaka dinku tse di se nang modisa.+ Jehofa o ne a re: ‘Bano ga ba na mong wa bone. Mma mongwe le mongwe wa bone a boele kwa ntlong ya gagwe ka kagiso.’” 17  Go tswa foo, kgosi ya Iseraele e ne ya raya Jehoshafate ya re: “A ga ke a go raya ka re, ‘Ga a kitla a porofeta dilo tse di molemo ka nna, fa e se tse di bosula fela’?”+ 18  Foo Mikaia o ne a re: “Ka jalo, utlwang lefoko la ga Jehofa: Ke ne ka bona Jehofa a ntse mo setulong sa gagwe sa bogosi+ mme masomosomo otlhe a magodimo+ a eme ka fa mojeng le ka fa molemeng wa gagwe.+ 19  Mme Jehofa o ne a re, ‘Ke mang yo o tla tsietsang Kgosi Ahabe wa Iseraele gore a ye go tlhabana le motse wa Ramothe-gileade mme a swele teng?’ Mme yo mongwe o ne a bua seno fa yo mongwe ene a ne a bua sengwe se sele. 20  Go tswa foo, moengele*+ o ne a atamela mme a ema fa pele ga ga Jehofa a re, ‘Ke tla mo tsietsa.’ Jehofa o ne a mmotsa a re, ‘O tla dira seo jang?’ 21  O ne a araba a re, ‘Ke tla ya kwa baporofeting ba gagwe ke bo ke dira gore ba bue maaka.’ Ka jalo, Modimo o ne a re, ‘O tla mo tsietsa mme mo godimo ga moo, o tla atlega. Tsamaya mme o dire jalo.’ 22  Mme jaanong Jehofa o dirile gore baporofeti ba gago ba go tsietse,+ le fa go ntse jalo, Jehofa o buile gore o tla tlelwa ke masetlapelo.” 23  Jaanong Sedekia+ morwa Kenana o ne a atamela mme a itaya Mikaia+ mo lerameng+ a bo a re: “A o batla go nthaya o re moya wa ga Jehofa o dule mo go nna gore o bue le wena?”*+ 24  Mikaia o ne a mo araba a re: “O tla lemoga gore go ntse fela jalo mo letsatsing la fa o tla bo o tsena mo phaposing e e kwa tengteng o iphitlha.” 25  Foo kgosi ya Iseraele e ne ya re: “Tsayang Mikaia mme lo mmusetse kwa go Amone molaodi wa motse le kwa go Joashe morwa kgosi. 26  Lo ba reye lo re, ‘Seno ke se kgosi e se buang: “Tsenyang motho yono mo kgolegelong+ mme lo mo fepe ka senkgwe se sennye le metsi a mannye go fitlha ke boa ka kagiso.”’” 27  Le fa go ntse jalo, Mikaia o ne a re: “Fa o ka boa ka kagiso, Jehofa o tla bo a sa bua le nna.”+ Go tswa foo, o ne a oketsa a re: “Lona lotlhe, lo eleng seno tlhoko.” 28  Ka jalo, kgosi ya Iseraele le Jehoshafate kgosi ya Juda ba ne ba ya go tlhabana le motse wa Ramothe-gileade.+ 29  Jaanong kgosi ya Iseraele e ne ya raya Jehoshafate ya re: “Ke tla dira gore ke se ka ka lemogiwa ke bo ke tsena mo tlhabanong, le fa go ntse jalo, wena o apare diaparo tsa gago tsa segosi.” Ka jalo, kgosi ya Iseraele e ne ya apara diaparo tse dingwe gore e se ka ya lemogiwa, mme ba ne ba tsena mo tlhabanong. 30  Jaanong kgosi ya Siria e ne e laetse balaodi ba yone ba dikara jaana: “Lo se ka lwa tlhabana le ope, yo monnye kgotsa yo mogolo, mme lo tlhabane le kgosi ya Iseraele fela.” 31  E rile fela fa balaodi ba dikara ba bona Jehoshafate, ba ne ba ipolelela jaana: “Yono ke kgosi ya Iseraele.” Ka jalo, ba ne ba fapogela kwa go ene gore ba tlhabane le ene; mme Jehoshafate o ne a goa a kopa thuso,+ mme Jehofa o ne a mo thusa, mme ka yone nako eo, Modimo o ne a ba katosetsa kgakala le ene. 32  Fa balaodi ba dikara ba lemoga gore e ne e se kgosi ya Iseraele, ka yone nako eo ba ne ba boa ba tlogela go mo lelekisa. 33  Mme monna mongwe o ne a hula bora jwa gagwe mme a sa ikaelela o ne a tlhaba kgosi ya Iseraele fa gare ga makopanelo a seaparo sa gagwe sa phemelo. Ka jalo, kgosi e ne ya raya mokgweetsi wa kara ya gagwe ya re: “Retologa mme o nketshe* mo tlhabanong,* ka gonne ke gobetse thata.”+ 34  Tlhabano e ne ya gakala mo letsatsing leo, mme kgosi ya Iseraele e ne ya tshwanelwa ke go nna e tshegeditswe mo kareng, e lebile ntlheng ya Basiria go fitlha maitseboa; mme fa letsatsi le phirima e ne ya swa.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “kgothaletsa; tlhotlheletsa.”
Kgotsa “kgorometsa.”
Seheb., “moya.”
Seheb., “Ke ka tsela efe moya wa ga Jehofa o duleng mo go nna gore o bue le wena?”
Kgotsa “nkentshe.”
Seheb., “mo kampeng.”