Ditiragalo wa Bobedi 19:1-11

  • Jehu o kgalemela Jehoshafate (1-3)

  • Jehoshafate o dira diphetogo (4-11)

19  Go tswa foo, Kgosi Jehoshafate wa Juda o ne a boela kwa ntlong ya gagwe* kwa Jerusalema a babalesegile.*+  Jehu+ morwa Hanani+ mmoni wa diponatshegelo, o ne a ya go kgatlhantsha Kgosi Jehoshafate a bo a mo raya a re: “A o tshwanetse go thusa batho ba ba bosula,+ e bile a o tshwanetse go rata ba ba tlhoileng Jehofa?+ Jehofa o go galefetse ka ntlha ya seno.  Le fa go ntse jalo, go na le dilo tse di molemo tse di fitlhetsweng mo go wena,+ ka gonne o tlositse dikota tse di boitshepo* mo lefatsheng leno e bile o baakantse pelo ya gago* gore e batle Modimo wa boammaaruri.”+  Jehoshafate o ne a tswelela a nna mo Jerusalema, mme o ne a simolola go etela batho gape go tloga kwa Beere-sheba go ya kwa kgaolong e e dithaba ya Eferaime,+ a ba kgothaletsa gore ba boe ba obamele Jehofa, Modimo wa borraabonemogolo.+  Gape o ne a tlhoma baatlhodi go ralala lefatshe leo lotlhe mo metseng yotlhe ya Juda e e sireletsegileng, mo metseng ka go latelana.+  Mme o ne a raya baatlhodi a re: “Lo ele tlhoko se lo se dirang ka gonne ga lo atlholele motho mme lo atlholela Jehofa, mme o tla bo a na le lona fa lo atlhola.+  Jaanong lo boife Jehofa.+ Lo nne kelotlhoko ka se lo se dirang ka gonne Jehofa, Modimo wa rona ga a tshiamololo,+ ga a na tlhaolele+ e bile ga a amogele pipamolomo.”+  Gape le kwa Jerusalema, Jehoshafate o ne a tlhoma bangwe ba Balefi le baperesiti le ditlhogo dingwe tsa ba dikgotla tsa bone tsa Iseraele gore ba direle e le baatlhodi mo boemong jwa ga Jehofa le gore ba rarabolole dikgetsi tsa molao tsa banni ba Jerusalema.+  Mme o ne a ba laela jaana: “Seno ke se lo tshwanetseng go se dira gore lo boife Jehofa, lo se dira ka boikanyegi le ka pelo e e feletseng:* 10  Nako nngwe le nngwe fela fa bomorwarraalona ba ba nnang mo metseng ya bone ba tlisa kgetsi nngwe ya molao e e amanang le tshololo ya madi+ kgotsa ba tlisa potso nngwe e e amanang le molao, taelo, melawana le dikatlholo, lo tshwanetse go ba tlhagisa gore ba se ka ba nna le molato fa pele ga ga Jehofa; go seng jalo o tla lo galefela, lona le bomorwarraalona. Seno ke se lo tshwanetseng go se dira gore lo se ka lwa nna le molato. 11  Mme moperesiti yo mogolo e bong Amaria ke yono yo o lo okametseng mo kgannyeng nngwe le nngwe ya ga Jehofa.+ Sebadia morwa Ishemaele e ne e le moeteledipele wa lotso lwa Juda mo kgannyeng nngwe le nngwe e e amanang le kgosi. Mme Balefi ba tla direla e le badiredibagolo ba lona. Nnang pelokgale mme lo dire, mme a Jehofa a nne le ba ba dirang se se molemo.”*+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “kwa ntlong ya segosi.”
Kgotsa “ka kagiso.”
Bona polelwana “Kota e e boitshepo” mo Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “e bile pelo ya gago e ikemiseditse.”
Kgotsa “e e ineetseng ka botlalo.”
Kgotsa “a segofatse se se molemo se lo se dirang.”