Ditiragalo wa Bobedi 21:1-20

  • Jehorame, kgosi ya Juda (1-11)

  • Lekwalo le le tswang kwa go Elija (12-15)

  • Jehorame o swa botlhoko (16-20)

21  Go tswa foo, Jehoshafate o ne a swa jaaka borraagwemogolo mme a fitlhwa le borraagwemogolo mo Motseng wa ga Dafide; mme morwawe e bong Jehorame o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.+  Bomorwarraagwe e ne e le Asaria, Jehiele, Sekarea, Asaria, Mikaele le Shefatia; bano botlhe e ne e le bomorwa Kgosi Jehoshafate wa Iseraele.  Mme rraabone o ne a ba neile dimpho di le dintsi tsa selefera le tsa gauta le dilo tse di tlhwatlhwakgolo, mmogo le metse e e sireletsegileng mo Juda;+ mme Jehorame+ ene o ne a mo naya bogosi, ka gonne e ne e le leitibolo.  Fa Jehorame a sena go tsaya taolo ya bogosi jwa ga rraagwe, o ne a nonotsha maemo a gagwe ka go bolaya bomorwarraagwe botlhe+ ka tšhaka, mmogo le dikgosana dingwe tsa Iseraele.  Jehorame o ne a na le dingwaga di le 32 fa a nna kgosi, mme o ne a busa dingwaga di le robedi mo Jerusalema.+  O ne a tsamaya mo ditseleng tsa dikgosi tsa Iseraele,+ fela jaaka ba lelapa la ga Ahabe ba ne ba dirile, ka gonne o ne a nyetse morwadia Ahabe;+ mme o ne a tswelela a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa.  Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a sa batle go nyeletsa ntlo ya ga Dafide ka ntlha ya kgolagano e a neng a e dirile le Dafide,+ ka gonne a ile a mo solofetsa gore o tla naya ene le bomorwawe lobone ka metlha.+  Mo motlheng wa gagwe Baedoma ba ne ba tlhanogela Juda+ ba bo ba itlhomela kgosi ya bone.+  Ka jalo, Jehorame le balaodi ba gagwe ba ne ba tsamaya ka dikara tsotlhe tsa gagwe ba ya go ba tlhasela, mme o ne a tswa go le bosigo a bo a fenya Baedoma ba ba neng ba dikologile ene le balaodi ba dikara. 10  Le fa go ntse jalo, Baedoma ba ne ba tswelela ba tlhanogetse Juda go fitlha mo letsatsing leno. Ka yone nako eo, Libena+ le yone e ne ya mo tlhanogela ka gonne o ne a tlogetse Jehofa, Modimo wa borraagwemogolo.+ 11  Gape Jehorame o ne a dirile mafelo a a kwa godimo a a boitshepo+ mo dithabeng tsa Juda gore a dire gore banni ba Jerusalema ba se ka ba ikanyega mo Modimong,* mme o ne a dira gore batho ba Juda ba fapoge. 12  La bofelo moporofeti Elija+ o ne a mo romelela lekwalo le le neng le re: “Seno ke se Jehofa, Modimo wa ga Dafide rragomogolo a se buang, ‘Ga o a tsamaya mo ditseleng tsa ga rrago e bong Jehoshafate+ kgotsa mo ditseleng tsa ga Kgosi Asa+ wa Juda. 13  Mme o tsamaya mo ditseleng tsa dikgosi tsa Iseraele+ e bile o dira gore batho ba Juda le banni ba Jerusalema ba se ka ba ikanyega mo Modimong*+ fela jaaka ba lelapa la ga Ahabe,+ gape o bolaile le bomorwarrago,+ ba lelapa la ga rrago, ba ba neng ba le botoka mo go wena. 14  Ka jalo, Jehofa o tla itaya batho ba gago ka petso e kgolo, mmogo le bomorwao, basadi ba gago le dithoto tsotlhe tsa gago. 15  Mme o tla lwala malwetse a le mantsi, go akaretsa le bolwetse jwa mala, go fitlha mala a gago a tswa ka ntlha ya bolwetse joo letsatsi le letsatsi.’” 16  Go tswa foo, Jehofa o ne a tlhotlheletsa+ Bafilisitia*+ le Baarabia+ ba ba neng ba nna gaufi le Baethiopia gore ba tlhasele Jehorame. 17  Ka jalo, ba ne ba tlhasela Juda, ba tsena ka dikgoka mme ba ne ba tsaya dithoto tsotlhe tse di neng di le mo ntlong ya kgosi,*+ mmogo le bomorwawe le basadi ba gagwe; mme go ne ga sala Jehoahase*+ fela, morwawe yo mmotlana. 18  Morago ga dilo tseno tsotlhe, Jehofa o ne a mo otlhaya ka bolwetse jo bo sa foleng jwa mala.+ 19  Nako nngwe moragonyana, fa dingwaga tse pedi di sena go feta, mala a gagwe a ne a tswa ka ntlha ya bolwetse joo, mme o ne a swa a ntse a bogisiwa ke bolwetse joo; mme batho ba gagwe ga ba a ka ba dira molelo o mogolo wa go mo tlotla ka nako ya phitlho ya gagwe jaaka go ne ga direlwa borraagwemogolo.+ 20  O ne a na le dingwaga di le 32 fa a nna kgosi, mme o ne a busa dingwaga di le robedi mo Jerusalema. Ga go na ope yo o neng a mo hutsafalela fa a swa. Ka jalo, ba ne ba mo fitlha mo Motseng wa ga Dafide,+ le fa go ntse jalo, ga a ka a fitlhwa mo mabitleng a dikgosi di fitlhelwang mo go one.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “ba gwebe ka mmele ka tsela ya tshwantshetso.”
Kgotsa “ba gwebe ka mmele ka tsela ya tshwantshetso.”
Seheb., “a fudua moya wa Bafilisitia.”
Kgotsa “mo ntlong ya segosi.”
Gape o bidiwa Ahasia.