Ditiragalo wa Bobedi 35:1-27

  • Josia o baakanyetsa Tlolaganyo e kgolo (1-19)

  • Josia o bolawa ke Faro Neko (20-27)

35  Josia o ne a ketekela Jehofa Tlolaganyo+ mo Jerusalema, mme ba ne ba tlhaba phologolo ya Tlolaganyo+ mo letsatsing la bo14 la kgwedi ya ntlha.+  O ne a laela baperesiti gore ba ye kwa ditirong tsa bone mme a ba kgothaletsa gore ba dire tirelo ya bone e e dirwang mo ntlong ya ga Jehofa.+  Go tswa foo, o ne a raya Balefi, e leng ba ba rutang Baiseraele+ botlhe, ba ba neng ba le boitshepo mo go Jehofa a re: “Bayang Letlole le le boitshepo mo ntlong e Solomone morwa Dafide kgosi ya Iseraele a e agileng;+ ga lo kitla lo tlhola lo le tsaya.+ Jaanong direlang Jehofa, Modimo wa lona le batho ba gagwe ba Iseraele.  Mme ipaakanyeng go ya ka dikgotla tsa lona go ya ka ditlhopha tsa lona, lo latela se se kwadilweng ke Kgosi Dafide+ wa Iseraele le ke morwawe e bong Solomone.+  Lo eme mo lefelong le le boitshepo lo ikgaogantse go ya ka ditlhopha tsa lona, lo tshwanetse go ema ka tsela e e dirang gore kgotla nngwe le nngwe e nne le setlhopha sa Balefi se se e thusang.  Lo tlhabe phologolo ya Tlolaganyo+ lo bo lo iphepafatse mme lo e baakanyetse bomorwarraalona gore ba diragatse lefoko la ga Jehofa le a neng a le bua a dirisa Moshe.”  Josia o ne a ntshetsa batho moneelo wa matsomane, e leng dikwanyana tse ditonanyana le dipotsane tse ditonanyana, gore batho botlhe ba ba neng ba le gone ba ntshediwe ditlhabelo tsa Tlolaganyo, palo ya tsone tsotlhe e ne e le 30 000, mmogo le dikgomo di le 3 000. Diphologolo tseno di ne di tswa mo dilong tse kgosi e neng e na le tsone.+  Dikgosana tsa gagwe le tsone di ne tsa ntsha moneelo ka go rata di o ntshetsa batho, baperesiti le Balefi. Baeteledipele ba ntlo ya Modimo wa boammaaruri e bong Hilekia,+ Sekarea le Jehiele, ba ne ba naya baperesiti dikwanyana le dipotsane tsa Tlolaganyo di le 2 600 le dikgomo di le 300.  Konania le bomorwarraagwe e bong Shemaia le Nethanele, mmogo le Hashabia, Jeiele le Josabade, e leng balaodi ba Balefi, ba ne ba ntshetsa Balefi moneelo wa dikwanyana le dipotsane tsa Tlolaganyo di le 5 000 le dikgomo di le 500. 10  Dithulaganyo di ne tsa wediwa, mme baperesiti ba ne ba ema mo maemong a bone, le Balefi ba ema ka ditlhopha tsa bone,+ jaaka kgosi e ne e laetse. 11  Ba ne ba tlhaba dikwanyana le dipotsane tsa Tlolaganyo,+ mme baperesiti ba ne ba kgatšha madi a ba a amogetseng mo go bone,+ fa Balefi bone ba ne ba bua diphologolo tseo.+ 12  Morago ga moo, ba ne ba baakanya ditlhabelo tse di fisiwang gore ba di abele batho botlhe, ba ba neng ba ntse go ya ka dikgotla tsa bone, gore di tle di ntshediwe Jehofa jaaka go kwadilwe mo bukeng ya ga Moshe; mme ba ne ba dira se se tshwanang le ka dikgomo. 13  Ba ne ba apaya* setlhabelo sa Tlolaganyo mo molelong go ya ka fa tlwaelong;+ mme ba ne ba apaya ditlhabelo tse di boitshepo ka dipitsa, ka dipitsa tse dikgolo le ka dipane tse di boteng, morago ga moo ba ne ba itlhaganela ba di isa kwa bathong botlhe. 14  Go tswa foo, ba ne ba baakanya setlhabelo sa bone sa Tlolaganyo le sa baperesiti, ka gonne baperesiti, e leng ditlogolwana tsa ga Arone, ba ne ba ntse ba isa ditlhabelo tse di fisiwang le mafura go fitlha go nna bosigo, ka jalo, Balefi ba ne ba baakanya setlhabelo sa bone sa Tlolaganyo le sa baperesiti, e leng ditlogolwana tsa ga Arone. 15  Mme baopedi, e leng bomorwa Asafe,+ ba ne ba le kwa maemong a bone go ya ka taelo ya ga Dafide,+ Asafe,+ Hemane le Jeduthune+ yo e leng mmoni wa diponatshegelo wa kgosi; mme badisa ba dikgoro ba ne ba le kwa dikgorong tse di farologaneng.+ Go ne go sa tlhokege gore ba tlogele tirelo ya bone, ka gonne bomorwarraabone e bong Balefi ba ne ba ba baakanyetsa. 16  Ka jalo, dithulaganyo tsotlhe tsa tirelo ya ga Jehofa di ne tsa wediwa mo letsatsing leo gore go ketekiwe Tlolaganyo+ le gore go ntshiwe ditlhabelo tse di fisiwang mo sebesong sa ga Jehofa, go ya ka taelo ya ga Kgosi Josia.+ 17  Baiseraele ba ba neng ba le gone ba ne ba keteka Tlolaganyo ka nako eo le Moletlo wa Senkgwe Se se Se Nang Sebediso malatsi a le supa.+ 18  Go ne go ise go ke go dirwe Tlolaganyo epe e e tshwanang le eno fa e sa le go tloga mo motlheng wa ga moporofeti Samuele; e bile go ne go ise go ke go nne le kgosi epe ya Iseraele e e kileng ya keteka Tlolaganyo e e tshwanang le e e neng ya ketekiwa ke Josia,+ baperesiti, Balefi, batho botlhe ba Juda le Iseraele ba ba neng ba le gone, mmogo le banni ba Jerusalema. 19  Tlolaganyo eno e ne ya ketekiwa mo ngwageng wa bo18 wa puso ya ga Josia. 20  Morago ga dilo tseno tsotlhe, fa Josia a ne a setse a baakantse tempele,* Kgosi Neko+ wa Egepeto o ne a ya go tlhabana le motse wa Karakemishe fa thoko ga Noka ya Euferatese. Foo Josia o ne a ya go tlhabana le ene.+ 21  Ka jalo, Kgosi Neko o ne a romela barongwa kwa go ene, a re: “Seno se go ama jang, wena kgosi ya Juda? Ga ke a tla go tlhabana le wena gompieno, mme ke tlile go tlhabana le setšhaba se sengwe, e bile Modimo a re ke itlhaganele. Gore dilo di go tsamaele sentle, tlogela go ganetsana le Modimo yo o nang le nna, go seng jalo o tla go fedisa.” 22  Le fa go ntse jalo, Josia o ne a se ka a boela morago, go na le moo, o ne a apara diaparo tse dingwe gore a se ka a lemogiwa+ gore a tlhabane le ene mme ga a ka a reetsa mafoko a ga Neko, a a neng a tswa mo molomong wa Modimo. Ka jalo, o ne a tla go tlhabana mo Lebaleng la Megido.+ 23  Mme bahudi ba ne ba hula Kgosi Josia, mme kgosi e ne ya raya batlhanka ba yone ya re: “Nketsheng* fano, ka gonne ke gobetse thata.” 24  Ka jalo, batlhanka ba gagwe ba ne ba mo folosa mo kareng mme ba mo pega mo kareng ya gagwe ya bobedi ya ntwa ba bo ba mo isa kwa Jerusalema. Ka jalo o ne a swa mme a fitlhwa mo mabitleng a borraagwemogolo,+ mme batho botlhe ba Juda le Jerusalema ba ne ba hutsafalela Josia. 25  Mme Jeremia+ o ne a opelela Josia pina ya khutsafalo, mme baopedi botlhe ba banna le ba basadi+ ba nna ba opela ka Josia mo dipineng tsa bone tsa khutsafalo go fitlha mo letsatsing leno; mme go ne ga dirwa tshwetso ya gore di opelwe mo Iseraele e bile di kwadilwe mo dipineng tsa khutsafalo. 26  Mme pego yotlhe ya botshelo jwa ga Josia le ditiro tsa gagwe tsa lorato lo lo sa kgaotseng, a diragatsa sotlhe se se kwadilweng mo Molaong wa ga Jehofa, 27  le se a neng a se dira, go tswa kwa tshimologong go ya kwa bokhutlong, di kwadilwe mo Bukeng ya Dikgosi Tsa Iseraele le Tsa Juda.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa gongwe “besa.”
Seheb., “ntlo.”
Kgotsa “Nkentsheng.”