Ditiragalo wa Bobedi 9:1-31

  • Kgosigadi ya Sheba e etela Solomone (1-12)

  • Dikhumo tsa ga Solomone (13-28)

  • Loso lwa ga Solomone (29-31)

9  Jaanong kgosigadi ya Sheba+ e ne ya utlwa pego ka ga Solomone, mme e ne ya ya kwa Jerusalema go ya go leka Solomone ka dipotso tse di thata.* E ne e na le setlhopha* se segolo thata le dikamela di rwele leokwane la balema, le gauta+ e ntsi le maje a a tlhwatlhwakgolo. E ne ya tsena kwa go Solomone mme ya mmolelela sengwe le sengwe se e neng e se rata.+  Foo Solomone o ne a araba dipotso tsotlhe tsa gagwe. Go ne go se na sepe se se thata* se Solomone a neng a sa kgone go se mo tlhalosetsa.  E rile kgosigadi ya Sheba e sena go bona botlhale jwa ga Solomone,+ ntlo e a e agileng,+  dijo tse di jewang mo tafoleng ya gagwe,+ tsela e manno a batlhanka ba gagwe a neng a rulagantswe ka yone, kafa baabi ba gagwe ba dijo ba direlang ka gone mo ditafoleng le diaparo tsa bone, batho ba ba abang dinô le diaparo tsa bone le ditlhabelo tsa gagwe tse di fisiwang tse a neng a di ntsha ka metlha kwa ntlong ya ga Jehofa,+ o ne a sala a gakgametse fela thata.*  Ka jalo, o ne a raya kgosi a re: “Pego e ke e utlwileng kwa lefatsheng la me ka se o se fitlheletseng* le botlhale jwa gago e ne e le boammaaruri.  Le fa go ntse jalo, ga ke a ka ka dumela dipego tseo go fitlha ke tla mme ke bona seo ka matlho a me.+ Mme ga ke a bolelelwa le fa e le halofo ya botlhale jwa gago jo bogolo.+ O feta kgakala pego e ke e utlwileng.+  Go itumela banna ba gago, e bile go itumela batlhanka ba gago ba ba emang fa pele ga gago ka metlha, ba reetsa botlhale jwa gago.  E kete Jehofa, Modimo wa gago a ka bakwa, yo o neng a itumela ka ntlha ya gago a bo a go baya mo setulong sa gagwe sa bogosi gore o nne kgosi mo boemong jwa ga Jehofa, Modimo wa gago. E re ka Modimo a rata Baiseraele,+ e bile a batla gore ba tswelele ba le teng ka bosakhutleng, o ne a go tlhoma gore o nne kgosi gore o diragatse tshiamiso le tshiamo.”  Go tswa foo, o ne a naya kgosi ditalenta* tsa gauta+ di le 120 le leokwane la balema le lentsi thata le maje a a tlhwatlhwakgolo. Ga go ise go ke go tlhole go tlisiwa leokwane la balema le lentsi jalo le le lekanang le le kgosigadi ya Sheba e neng ya le naya Kgosi Solomone.+ 10  Mo godimo ga moo, batlhanka ba ga Hirame le batlhanka ba ga Solomone ba ba neng ba tlisa gauta go tswa kwa Ofire+ ba ne ba tlisa le dikota tsa ditlhare tsa morukuru le maje a a tlhwatlhwakgolo.+ 11  Kgosi e ne ya direla ntlo+ ya ga Jehofa le ntlo ya kgosi*+ ditepisi ka dikota tsa ditlhare tsa morukuru, gape e ne ya direla baopedi+ diharepa le diletswa tsa megala. Go ne go ise go ke go bonwe dikota tse di tshwanang le tsone pele ga moo mo lefatsheng la Juda. 12  Gape Kgosi Solomone o ne a naya kgosigadi ya Sheba sepe fela se a neng a se eletsa le se a neng a se kopile, o ne a mo naya dilo tse di fetang* tse a neng a di tlisitse kwa kgosing. Go tswa foo, o ne a tsamaya mme a boela kwa lefatsheng la gagwe, mmogo le batlhanka ba gagwe.+ 13  Mme bokete jwa gauta e e neng ya tlisiwa kwa go Solomone mo ngwageng o le mongwe e ne e le ditalenta tsa gauta di le 666,+ 14  kwantle ga e e neng ya tlisiwa ke bagwebi le barekisi le ke dikgosi tsotlhe tsa Baarabia le balaodi ba lefatshe ba ba neng ba tlisa gauta le selefera kwa go Solomone.+ 15  Kgosi Solomone o ne a dira dithebe tse dikgolo tsa gauta e e tswakantsweng+ di le 200 (thebe nngwe le nngwe e ne ya dirwa ka gauta ya bokete jwa dishekele* di le 600)+ 16  le dithebe tse dinnye* tsa gauta e e tswakantsweng di le 300 (thebe nngwe le nngwe e nnye e ne ya dirwa ka gauta e e tswakantsweng ya bokete jwa bomaena* ba le bararo). Go tswa foo, kgosi e ne ya di baya mo Ntlong ya Sekgwa sa Lebanona.+ 17  Gape kgosi e ne ya dira setulo se segolo sa bogosi e dirisa lonaka lwa tlou mme ya se manega gauta e e sa tswakanngwang.+ 18  Go ne go na le ditepisi di le thataro tse di yang kwa setulong sa bogosi, mme go ne go na le sebeo sa dinao se se tshwaraganeng le setulo seo, e bile go ne go na le maikaego a mabogo mo matlhakoreng oomabedi a setulo seo, mme ditau+ tse pedi di ne di eme ka fa thoko ga maikaego a mabogo. 19  Mme go ne go na le ditau+ di le 12 di eme mo ditepising tseo tse thataro, nngwe le nngwe e eme kwa bofelelong jwa ditepisi tseo tse thataro. Ga go na bogosi bope jo bo neng bo dirile sengwe se se tshwanang le seo. 20  Dikopi tsotlhe tsa ga Kgosi Solomone e ne e le tsa gauta, mme dilwana tsotlhe tsa Ntlo ya Sekgwa sa Lebanona e ne e le tsa gauta e e sa tswakanngwang. Go ne go se na sepe se se dirilweng ka selefera, ka gonne mo motlheng wa ga Solomone+ selefera e ne e tsewa e se sepe. 21  Gonne dikepe tsa kgosi di ne di tle di ye kwa Tareshishe+ le batlhanka ba ga Hirame.+ Gangwe mo dingwageng di le tharo, dikepe tsa Tareshishe di ne di tla di rwele gauta le selefera, lonaka lwa tlou,+ dikgabo le diphikoko. 22  Ka jalo, Kgosi Solomone o ne a humile thata e bile a le botlhale thata go feta dikgosi tse dingwe tsotlhe tsa lefatshe.+ 23  Mme dikgosi tsotlhe tsa lefatshe di ne di batla go bona* Solomone gore di utlwe botlhale jwa gagwe jo Modimo wa boammaaruri a neng a bo tsentse mo pelong ya gagwe.+ 24  Mongwe le mongwe wa bone o ne a tle a tlise mpho eno ngwaga le ngwaga: dilwana tsa selefera, dilwana tsa gauta, diaparo,+ dibetsa, leokwane la balema, dipitse le bommoulo. 25  Solomone o ne a na le masakana a le 4 000 a dipitse tsa gagwe le dikara tsa gagwe e bile o ne a na le dipitse* di le 12 000,+ mme o ne a di baya mo metseng ya dikara le mo Jerusalema gaufi le kgosi.+ 26  Mme o ne a busa dikgosi tsotlhe go simologa kwa Nokeng* go ya kwa lefatsheng la Bafilisitia le go ya kwa molelwaneng wa Egepeto.+ 27  Kgosi e ne ya dira gore selefera e nne ntsi mo Jerusalema jaaka maje, ya bo ya dira gore dikgong tsa mosedara di nne dintsi jaaka ditlhare tsa mosikamore tse di kwa Shefela.+ 28  Mme ba ne ba tle ba tlisetse Solomone dipitse go tswa kwa Egepeto+ le kwa mafatsheng a mangwe otlhe. 29  Fa e le pego yotlhe ya botshelo jwa ga Solomone,+ go tswa kwa tshimologong go ya kwa bokhutlong, a ga e a kwalwa mo mafokong a ga moporofeti Nathane,+ mo boporofeting jwa ga Ahija+ wa Moshilo le mo pegong ya diponatshegelo tsa ga Ido+ mmoni wa diponatshegelo tse di buang ka Jeroboame+ morwa Nebate? 30  Solomone o ile a busa Baiseraele botlhe mo Jerusalema ka dingwaga di le 40. 31  Go tswa foo, Solomone o ne a lala le borraagwemogolo. Ka jalo, o ne a fitlhwa mo Motseng wa ga Dafide rraagwe;+ mme morwawe e bong Rehoboame o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “mokoloko.”
Kgotsa “ka dithamalakane.”
Seheb., “go se na sepe se se fitlhegileng.”
Seheb., “go ne go sa tlhole go na le moya ope mo go ene.”
Kgotsa “ka mafoko a gago.”
Talenta e lekana le 34,2 kg. Bona Dintlha B14.
Kgotsa “ntlo ya segosi.”
Kgotsa gongwe “mo godimo ga dimpho tse di lekanang le boleng jwa.”
Shekele e lekana le 11,4 g. Bona Dintlha B14.
Thebe e nnye e gantsi e neng e tsholwa ke bahulametswi.
Mo Dikwalong Tsa Sehebera maena o lekana le 570 g. Bona Dintlha B14.
Seheb., “di batla sefatlhego sa ga.”
Kgotsa “bapalami ba dipitse.”
Go tewa Euferatese.