Samuele wa Bobedi 10:1-19

  • Amone le Siria di a fenngwa (1-19)

10  Moragonyana kgosi ya Baamone+ e ne ya swa, mme morwaayone e bong Hanune o ne a nna kgosi mo boemong jwa yone.+  Foo Dafide o ne a re: “Ke tla bontsha Hanune morwa Nahashe lorato lo lo sa kgaotseng fela jaaka rraagwe a ne a mpontsha lorato lo lo sa kgaotseng.” Ka jalo, Dafide o ne a romela batlhanka ba gagwe gore ba ye go mo gomotsa ka gonne a ne a tlhokafaletswe ke rraagwe. Le fa go ntse jalo, fa batlhanka ba ga Dafide ba goroga kwa lefatsheng la Baamone,  dikgosana tsa Baamone di ne tsa raya Hanune morena wa tsone tsa re: “A o akanya gore Dafide o tlotla rrago ka go go romelela bagomotsi? A Dafide ga a romela batlhanka ba gagwe kwa go wena gore a sekaseke motse le go o tlhola a bo a o fenya?”  Ka jalo, Hanune o ne a tsaya batlhanka ba ga Dafide a bo a beola halofo ya ditedu+ tsa bone, mme o ne a sega diaparo tsa bone ka bogare fa maragong a bo a ba koba.  E rile Dafide a bolelelwa seo, ka yone nako eo o ne a roma banna gore ba ye go ba kgatlhantsha ka gonne banna bao ba ne ba tlhabisitswe ditlhong thata; mme kgosi e ne ya ba raya ya re: “Nnang mo Jeriko+ go fitlha ditedu tsa lona di gola gape, mme go tswa foo lo boele kwano.”  Fa nako e ntse e tsamaya, Baamone ba ne ba lemoga gore Dafide o ba tlhoile, ka jalo ba ne ba romela barongwa gore ba ye go thapa Basiria ba kwa Bethe-rehobe+ le Basiria ba kwa Soba,+ masole a a tsamayang ka dinao a le 20 000; le kgosi ya kwa Maaka+ e na le banna ba le 1 000; mme go tswa kwa Ishetobe,* banna ba le 12 000.+  E rile Dafide a utlwa ka gone, o ne a romela Joabe le masole otlhe, go akaretsa le batlhabani ba gagwe ba ba maatla thata.+  Mme Baamone ba ne ba tswa ba bo ba tlhomagana go ya ka thulaganyo ya tlhabano kwa kgorong ya motse fa Basiria ba kwa Soba le ba kwa Rehobe mmogo le masole a kwa Ishetobe* le a kwa Maaka, ba ne ba le bosi kwa nageng.  E rile Joabe a bona gore o tlhaselwa go tswa kwa pele le kwa morago, o ne a tlhopha mephato mengwe e e e gaisang yotlhe mo Iseraele mme a e tlhomaganya go ya ka thulaganyo ya tlhabano gore e ye go kgatlhantsha Basiria.+ 10  O ne a baya banna ba bangwe botlhe mo taolong* ya ga morwarraagwe e bong Abishai,+ gore a ba tlhomaganye go ya ka thulaganyo ya tlhabano gore ba ye go kgatlhantsha Baamone.+ 11  Go tswa foo, o ne a re: “Fa Basiria ba nna maatla go mpheta, foo o tle go nthusa; mme fa Baamone ba nna maatla go go feta, ke tla tla go go thusa. 12  Re tshwanetse go nonofa le go nna pelokgale+ ka ntlha ya batho ba rona le ka ntlha ya metse ya Modimo wa rona, mme Jehofa o tla dira se se molemo mo matlhong a gagwe.”+ 13  Go tswa foo, Joabe le banna ba gagwe ba ne ba ya go tlhabana le Basiria, mme ba ne ba tshaba fa pele ga gagwe.+ 14  Fa Baamone ba bona gore Basiria ba ne ba tshabile, le bone ba ne ba tshaba fa pele ga ga Abishai ba bo ba ya kwa motseng. Morago ga moo, Joabe o ne a boa kwa Baamoneng mme a tla mo Jerusalema. 15  E rile Basiria ba bona gore ba ne ba fentswe ke Baiseraele, ba ne ba iphutha gape.+ 16  Ka jalo, Hadadesere+ o ne a roma barongwa gore Basiria ba ba kwa kgaolong ya Noka*+ ba ye go bidiwa, mme ba ne ba tla mo Helame ba na le Shobake molaodi wa mophato wa masole a ga Hadadesere a ba eteletse pele. 17  Fa Dafide a ne a begelwa seno, gone fela foo o ne a phutha Iseraele yotlhe mme a kgabaganya Joredane a bo a tla mo Helame. Ka nako eo, Basiria ba ne ba tlhomagana go ya ka thulaganyo ya tlhabano gore ba ye go kgatlhantsha Dafide mme ba tlhabane le ene.+ 18  Le fa go ntse jalo, Basiria ba ne ba tshaba fa pele ga Baiseraele; mme Dafide o ne a bolaya bakgweetsi ba dikara ba le 700 le masole a a tsamayang ka dipitse a le 40 000 a Basiria, mme o ne a kgemetha Shobake molaodi wa mophato wa masole a bone, yo o neng a swela gone foo.+ 19  E rile dikgosi tsotlhe, batlhanka ba ga Hadadesere, di bona gore di ne di fentswe ke Baiseraele, ka bonako fela di ne tsa dira kagiso le Iseraele mme tsa busiwa ke Iseraele;+ mme Basiria ba ne ba boifa go thusa Baamone gape.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “banna ba kwa Tobe.”
Kgotsa “banna ba kwa Tobe.”
Seheb., “mo seatleng.”
Go tewa Euferatese.