Samuele wa Bobedi 19:1-43

  • Dafide o hutsafalela Abesalome (1-4)

  • Joabe o kgalemela Dafide (5-8a)

  • Dafide o boela kwa Jerusalema (8b-15)

  • Shimei o ikopela maitshwarelo (16-23)

  • Mefiboshethe ga a bonwe molato (24-30)

  • Barisilai o a tlotliwa (31-40)

  • Ditso di a ganetsana (41-43)

19  Joabe o ne a begelwa jaana: “Kgosi e a lela e bile e hutsafaletse Abesalome.”+  Ka jalo, mo letsatsing leo phenyo* e ne ya fetoga khutsafalo mo bathong botlhe, ka gonne ba ne ba utlwile gore kgosi e ne e hutsafaletse morwaayone.  Ka letsatsi leo, batho ba ne ba boela kwa motseng+ ba didimetse jaaka batho ba ba tlhabilweng ke ditlhong ka gonne ba tshabile kwa tlhabanong.  Kgosi e ne ya ipipa sefatlhego mme e ne ya nna ya lela ka lentswe le le kwa godimo e re: “Abesalome morwaaka! Abesalome morwaaka, morwaaka!”+  Go tswa foo, Joabe o ne a ya kwa kgosing kwa ntlong mme a re: “Gompieno o tlhabisitse batlhanka botlhe ba gago ditlhong ba mo letsatsing leno ba bolokileng botshelo jwa gago le matshelo a bomorwao,+ bomorwadio,+ basadi ba gago le bagadingwana ba gago.+  O rata ba ba go tlhoileng mme o tlhoile ba ba go ratang, ka gonne gompieno o dirile gore go bonale sentle gore balaodi le batlhanka ga se sepe mo go wena, ka gonne ke itse sentle gore fa Abesalome a ne a tshela gompieno mme rona rotlhe re sule, go ne go tla bo go siame mo go wena.  Jaanong ema o tswele kwa ntle mme o ye go kgothatsa* batlhanka ba gago, ka gonne ke ikana ka Jehofa gore fa o sa tswe, ga go na monna ope yo o tla nnang le wena mo bosigong jono. Seno se tla go utlwisa botlhoko thata go feta botlhoko bope jo o kileng wa bo utlwa go tloga bosheng jwa gago go tla go fitlha jaanong.”  Ka jalo, kgosi e ne ya tswa mme ya ya go nna kwa kgorong ya motse, mme batho botlhe ba ne ba bolelelwa jaana: “Jaanong kgosi e ntse kwa kgorong.” Foo batho botlhe ba ne ba tla fa pele ga kgosi. Le fa go ntse jalo, Baiseraele ba ne ba tshabile, mongwe le mongwe a tshabetse kwa legaeng la gagwe.+  Batho botlhe mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele ba ne ba ganetsana, ba re: “Kgosi e ne ya re golola mo babeng ba rona,+ e bile e ne ya re falotsa mo Bafilisitieng; mme jaanong e tshabile mo lefatsheng leno ka ntlha ya ga Abesalome.+ 10  Mme Abesalome, yo re neng ra mo tlotsa gore a re okamele,+ o swetse kwa tlhabanong.+ Jaanong ke ka ntlha yang fa lo sa dire sepe gore lo buse kgosi?” 11  Kgosi Dafide o ne a romela molaetsa ono kwa go moperesiti Sadoke+ le moperesiti Abiathare:+ “Buang le bagolwane ba Juda+ lo re, ‘Ke ka ntlha yang fa lo tshwanetse go nna ba bofelo go busetsa kgosi kwa ntlong ya yone, fa lefoko la Iseraele yotlhe le setse le tlile kwa kgosing kwa ntlong ya yone? 12  Lo bomorwarre; lo lerapo la me le nama ya me.* Ke ka ntlha yang fa lo tshwanetse go nna ba bofelo go busa kgosi?’ 13  Mme lo reye Amasa+ lo re, ‘A ga o lerapo la me le nama ya me? Ka jalo, e kete Modimo a ka nkotlhaya mo go botlhoko fa o ka se nne molaodi wa me wa masole mo boemong jwa ga Joabe+ go tloga jaanong go ya pele.’” 14  Ka jalo, Dafide* ne a gapa* dipelo tsa banna botlhe ba Juda gore di nne seoposengwe, mme ba ne ba romela molaetsa kwa kgosing ba re: “Boa, wena le batlhanka botlhe ba gago.” 15  Kgosi e ne ya boa mme ya goroga kwa Joredane mme batho ba Juda ba ne ba tla kwa Gilegala+ gore ba ye go kgatlhantsha kgosi le gore ba tsamaye le ene fa a kgabaganya Joredane. 16  Foo Shimei+ morwa Gera, wa Mobenjamine yo o tswang kwa Bahurime, o ne a itlhaganela a tsamaya le banna ba Juda go ya go kgatlhantsha Kgosi Dafide, 17  mme o ne a na le banna ba le 1 000 ba ba tswang kwa Benjamine. Motlhokomedi wa ntlo ya ga Saulo e bong Siba,+ a na le bomorwawe ba le 15 le batlhanka ba gagwe ba le 20, le ene o ne a itlhaganelela kwa Joredane kwa pele ga kgosi. 18  O* ne a kgabaganya noka gore a ye go thusa ba lelapa la kgosi go kgabaganya le go dira sepe fela se kgosi e se eletsang. Le fa go ntse jalo, Shimei morwa Gera o ne a khubama fa pele ga kgosi fa e ne e tloga e kgabaganya Joredane. 19  O ne a raya kgosi a re: “Morena wa me o se ka wa mpona molato, e bile o se ka wa gakologelwa phoso e nna motlhanka wa gago ke neng ka e dira+ mo letsatsing le o neng o tswa kwa Jerusalema ka lone. Kgosi, o se ka wa e baya mo pelong, 20  ka gonne nna motlhanka wa gago ke itse sentle gore ke leofile; ka jalo, gompieno ke nna wa ntlha mo go botlhe ba lelapa* la ga Josefa go tla go go kgatlhantsha, morena wa me kgosi.” 21  Ka yone nako eo, Abishai+ morwa Seruia+ o ne a re: “A Shimei ga a tshwanela go bolaelwa seno ka gonne a ile a hutsa motlodiwa wa ga Jehofa?”+ 22  Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a re: “Seno se lo ama jang, lona bomorwa Seruia,+ go bo lo lwantshana le nna gompieno? A gompieno motho mongwe o tshwanetse go bolawa mo Iseraele? A gompieno ga ke kgosi ya Iseraele gape?” 23  Foo kgosi e ne ya raya Shimei ya re: “Ga o kitla o swa.” Mme kgosi e ne ya mo ikanela.+ 24  Mefiboshethe,+ setlogolwana sa ga Saulo, le ene o ne a tla go kgatlhantsha kgosi. O ne a sa tlhapa dinao, a sa beola ditedu e bile o ne a sa tlhatswa diaparo tsa gagwe go tloga ka letsatsi le kgosi e neng e tsamaya ka lone, go fitlha ka letsatsi le e neng ya boa ka kagiso ka lone. 25  E rile a tla mo* Jerusalema a tla go kgatlhantsha kgosi, kgosi e ne ya mo raya ya re: “Ke ka ntlha yang fa o ne o sa tsamaye le nna, Mefiboshethe?” 26  Foo o ne a re: “Morena wa me kgosi, motlhanka wa me+ o ntsieditse. Gonne nna motlhanka wa gago ke ne ke rile, ‘Mma ke belese tonki gore ke tle ke e palame mme ke tsamaye le kgosi,’ ka gonne nna motlhanka wa gago ke golafetse.+ 27  Le fa go ntse jalo, Siba o ne a ntshenya leina mo go wena, morena wa me kgosi.+ Mme gone, morena wa me kgosi o tshwana le moengele wa Modimo wa boammaaruri, ka jalo dira sepe fela se o bonang se le molemo mo go wena. 28  Morena wa me kgosi o ka bo o atlholetse botlhe ba lelapa la ga rre loso, mme le fa go ntse jalo, o ne wa baya nna motlhanka wa gago mo bathong ba ba jang mo tafoleng ya gago.+ Ka jalo, ke na le tshwanelo efe ya go batla mo go oketsegileng mo kgosing?” 29  Le fa go ntse jalo, kgosi e ne ya mo raya ya re: “Goreng o tswelela o bua ka kgang eno? Ke dirile tshwetso ya gore wena le Siba lo kgaogane tshimo.”+ 30  Foo Mefiboshethe o ne a raya kgosi a re: “A a e tseye yotlhe, ka gonne jaanong morena wa me kgosi o tlile mo ntlong ya gagwe ka kagiso.” 31  Go tswa foo, Barisilai+ wa Mogileade o ne a tswa kwa Rogelime a tla mo kgaolong ya Joredane gore a tsamaye le kgosi fa e ya go kgabaganya Joredane. 32  Barisilai o ne a tsofetse thata, a na le dingwaga di le 80, mme o ne a tlamela kgosi ka dijo fa e ne e nna kwa Mahanaime,+ ka gonne o ne a humile thata. 33  Ka jalo, kgosi e ne ya raya Barisilai ya re: “Kgabaganya le nna, mme ke tla go tlamela ka dijo kwa Jerusalema.”+ 34  Le fa go ntse jalo, Barisilai o ne a raya kgosi a re: “Dingwaga tsa botshelo jwa me tse di setseng di kae gore nka tsamaya le kgosi kwa Jerusalema? 35  Ke na le dingwaga di le 80 gompieno.+ A nka kgona go lemoga molemo le bosula? A nna motlhanka wa gago, nka kgona go utlwa tatso ya se ke se jang le se ke se nwang? A ke sa ntse nka kgona go utlwa lentswe la baopedi ba banna le ba basadi?+ Ka jalo, ke ka ntlha yang fa nna motlhanka wa gago ke tshwanetse go nna mokgweleo o o oketsegileng mo go wena morena wa me kgosi? 36  Go lekane go bo nna motlhanka wa gago ke kgonne go tlisa kgosi mo Joredane. Goreng kgosi e tshwanetse go ntuela ka maduo ano? 37  Tsweetswee, mma nna motlhanka wa gago ke boe, mme mma ke swele mo motseng wa gaetsho gaufi le lefelo la go fitlhela la ga rre le mmê.+ Le fa go ntse jalo, motlhanka wa gago e bong Kimehame+ ke yono. A a kgabaganye le morena wa me kgosi, mme o ka nna wa mo direla se o bonang se le molemo mo go wena.” 38  Ka jalo, kgosi e ne ya re: “Kimehame o tla kgabaganya le nna, mme ke tla mo direla se o bonang se le molemo mo go wena; sepe fela se o tla se nkopang ke tla se go direla.” 39  Jaanong batho botlhe ba ne ba simolola go kgabaganya Joredane, mme fa kgosi e kgabaganya, e ne ya suna Barisilai+ ya bo ya mo segofatsa; mme Barisilai o ne a boela gae. 40  Fa kgosi e ne e kgabaganyetsa kwa Gilegala,+ Kimehame o ne a kgabaganya le yone. Batho botlhe ba Juda le halofo ya batho ba Iseraele ba ne ba thusa kgosi go kgabaganya.+ 41  Go tswa foo, banna botlhe ba Iseraele ba ne ba tla kwa kgosing mme ba e raya ba re: “Ke ka ntlha yang fa bomorwarraarona, banna ba Juda, ba ne ba go utswa ba bo ba thusa kgosi le ba lelapa la yone go kgabaganya Joredane, mmogo le banna botlhe ba ga Dafide?”+ 42  Banna botlhe ba Juda ba ne ba araba banna ba Iseraele ba re: “Ka gonne kgosi e amana le rona.+ Ke ka ntlha yang fa lo galefetse seno? A go na le sengwe se re se jeleng se kgosi e se dueletseng, kgotsa a go na le mpho e re e neilweng?” 43  Le fa go ntse jalo, banna ba Iseraele ba ne ba araba banna ba Juda ba re: “Re na le dikarolo di le lesome mo kgosing, ka jalo re na le tshwanelo e kgolwane mo go Dafide go lo feta. Jaanong ke ka ntlha yang fa lo ne lo re nyatsa? A re ne re sa tshwanela go nna ba ntlha go busa kgosi ya rona?” Mme banna ba Juda ba ne ba fenya banna ba Iseraele mo kganetsanong eo.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “poloko.”
Seheb., “go bua le pelo ya.”
Kgotsa “masika a me a madi.”
Kgotsa gongwe “Amasa.”
Seheb., “o ne a oba.”
Kgotsa gongwe “Ba.”
Seheb., “ba ntlo.”
Kgotsa gongwe “a tswa kwa.”