Samuele wa Bobedi 2:1-32

  • Dafide o nna kgosi ya Juda (1-7)

  • Ishe-boshethe o nna kgosi ya Iseraele (8-11)

  • Ntwa fa gare ga lelapa la ga Dafide le lelapa la ga Saulo (12-32)

2  Morago ga moo, Dafide o ne a botsa Jehofa,+ a re: “A ke tlhatlogele kwa go mongwe wa metse ya Juda?” Jehofa o ne a mo raya a re: “Tlhatloga.” Foo Dafide o ne a botsa jaana: “Ke tlhatlogele kae?” Modimo o ne a araba jaana: “Kwa Heberone.”+  Ka jalo, Dafide o ne a tlhatlogela teng a na le basadi ba gagwe ba babedi, Ahinoame+ wa kwa Jesereele le Abigaile,+ motlholagadi wa ga Nabale wa Mokaremele.  Gape Dafide o ne a tsamaya le banna ba ba neng ba na le ene,+ mongwe le mongwe a na le ba lelapa la gagwe, mme ba ne ba nna mo metseng e e dikologileng Heberone.  Go tswa foo, banna ba Juda ba ne ba tla mme fa ba le koo ba ne ba tlotsa Dafide gore a nne kgosi ya lotso lwa Juda.+ Ba ne ba bolelela Dafide jaana: “Banna ba Jabeshe-gileade ke bone ba ba neng ba fitlha Saulo.”  Ka jalo, Dafide o ne a romela barongwa kwa banneng ba Jabeshe-gileade mme a ba raya a re: “E kete Jehofa a ka lo segofatsa, ka gonne lo bontshitse morena wa lona e bong Saulo lorato lo lo sa kgaotseng ka go mo fitlha.+  E kete Jehofa a ka lo bontsha lorato lo lo sa kgaotseng le boikanyegi. Le nna ke tla lo bontsha bopelonomi ka gonne lo dirile seno.+  Jaanong a diatla tsa lona di nonofe lo bo lo nne banna ba ba pelokgale, ka gonne morena wa lona Saulo o sule, mme batho ba Juda ba ntloditse gore ke nne kgosi ya bone.”  Le fa go ntse jalo, Abenere+ morwa Nere, molaodi wa masole a ga Saulo, o ne a tsere morwa Saulo e bong Ishe-boshethe,+ mme a kgabaganya le ene go ya kwa Mahanaime+  mme o ne a mo dira kgosi ya Gileade,+ Baashure, Jesereele,+ Eferaime,+ Benjamine le Iseraele yotlhe. 10  Morwa Saulo yo o bidiwang Ishe-boshethe o ne a na le dingwaga di le 40 fa a ne a nna kgosi ya Iseraele, mme o ne a busa dingwaga di le pedi. Le fa go ntse jalo, ba lotso lwa Juda ba ne ba le mo letlhakoreng la ga Dafide.+ 11  Dafide* o ile a nna kgosi ya lotso lwa Juda kwa Heberone dingwaga di le supa le dikgwedi di le thataro.+ 12  Fa nako e ntse e tsamaya, Abenere morwa Nere le batlhanka ba ga Ishe-boshethe, morwa Saulo, ba ne ba tswa mo Mahanaime+ ba ya kwa Gibeone.+ 13  Joabe+ morwa Seruia+ le batlhanka ba ga Dafide le bone ba ne ba tswa mme ba kopana le bone kwa mogobeng wa Gibeone; mme setlhopha se sengwe se ne sa nna ka fa letlhakoreng leno la mogobe mme setlhopha se sengwe sa nna ka kwa letlhakoreng lele la mogobe. 14  La bofelo Abenere o ne a raya Joabe a re: “A makawana a eme mme a lwantshane* fa pele ga rona.” Foo Joabe o ne a re: “A a eme.” 15  Ka jalo, a ne a ema mme a kgabaganya go ya ka palo, a le 12 e le a ga Benjamine le morwa Saulo e bong Ishe-boshethe, mme a le 12 a tswa mo batlhankeng ba ga Dafide. 16  A ne a tshwarana ka ditlhogo mme mongwe le mongwe wa bone o ne a somola tšhaka ya gagwe mme a tlhaba yo a lwang le ene mo letlhakoreng, mme botlhe ba ne ba wa mmogo. Ka jalo, lefelo leo le le kwa Gibeone, le ne la bidiwa Helekathe-hasurime. 17  Tlhabano e e neng ya latela e ne ya nna maswe thata mo letsatsing leo, mme la bofelo Abenere le banna ba Iseraele ba ne ba fenngwa fa pele ga batlhanka ba ga Dafide. 18  Jaanong bomorwa Seruia+ ba bararo e bong Joabe,+ Abishai+ le Asahele+ ba ne ba le koo; mme Asahele o ne a le dinao di bofefo jaaka tshephe e le mo nageng. 19  Asahele o ne a lelekisa Abenere, mme o ne a se ka a fapogela ka fa mojeng kgotsa ka fa molemeng fa a ntse a lelekisitse Abenere. 20  Fa Abenere a leba kwa morago o ne a botsa a re, “A ke wena, Asahele?” ene o ne a araba a re: “Ee, ke nna.” 21  Foo Abenere o ne a mo raya a re: “Fapogela ka fa mojeng kgotsa ka fa molemeng mme o tshware lengwe la makawana o bo o itseela sepe fela se o tla se le apolang.” Le fa go ntse jalo, Asahele o ne a sa batle go tlogela go mo lelekisa. 22  Ka jalo, Abenere o ne a raya Asahele gape a re: “Tlogela go ntelekisa. Ke ka ntlha yang fa ke tshwanetse go go bolaya? Ke tla leba morwarrago e bong Joabe jang mo sefatlhegong?” 23  Mme o ne a nna a gana go tlogela go mo lelekisa, ka jalo Abenere o ne a mo tlhaba mo mpeng ka matshwaro a lerumo,+ mme lerumo le ne la phunyeletsa la tswa ka kwa mokwatleng wa gagwe; mme o ne a wela fa fatshe a bo a swela gone foo. Mongwe le mongwe yo o neng a fitlha mo lefelong le Asahele a neng a wetse mo go lone e bile a swetse foo, o ne a ema a gakgametse. 24  Go tswa foo, Joabe le Abishai ba ne ba lelekisa Abenere. Fa letsatsi le phirima, ba ne ba tla mo thoteng ya Ama, e e lebaganeng le Gia mo tseleng e e yang kwa nageng ya Gibeone. 25  Fa ba le koo, Babenjamine ba ne ba phuthega mmogo ka fa morago ga ga Abenere, mme ba ne ba nna setlhopha se le sengwe ba bo ba ema mo godimo ga thota nngwe. 26  Go tswa foo, Abenere o ne a tlhaeletsa kwa go Joabe jaana: “Re tla lwantshana ka ditšhaka go fitlha leng? A ga o itse gore diphelelo e tla nna tse di botlhoko? Ka jalo, e tla nna lobaka lo lo kae pele ga o bolelela batho gore ba tlogele go lelekisa bomorwarraabone?” 27  Foo Joabe o ne a re: “Ke ikana ka Modimo yo o tshelang wa boammaaruri, fa o ka bo o sa bua, batho ba ne ba tla tlogela go lelekisa bomorwarraabone kamoso mo mosong.” 28  Jaanong Joabe o ne a letsa lonaka, mme banna ba gagwe ba ne ba tlogela go lelekisa Baiseraele, mme tlhabano e ne ya kgaotsa. 29  Go tswa foo, Abenere le banna ba gagwe ba ne ba tsamaya ba raletse Araba+ bosigo joo jotlhe mme ba ne ba kgabaganya Joredane ba bo ba tsamaya ba raletse molatswana o o fetang fa gare ga dithota* mme la bofelo ba ne ba goroga kwa Mahanaime.+ 30  Fa Joabe a boa a tswa go lelekisa Abenere, o ne a phutha batho botlhe mmogo. Mo batlhankeng ba ga Dafide, banna ba le 19 ba ne ba seyo, le Asahele. 31  Le fa go ntse jalo, batlhanka ba ga Dafide ba ne ba fentse Babenjamine le banna ba ga Abenere, mme go ne go sule banna ba bone ba le 360. 32  Ba ne ba tsaya Asahele+ ba bo ba mo fitlha mo lebitleng la ga rraagwe, le le kwa Bethelehema.+ Go tswa foo, Joabe le banna ba gagwe ba ne ba tsamaya bosigo jotlhe, mme ba ne ba goroga kwa Heberone+ fa letsatsi le tlhaba.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “Palo ya malatsi a Dafide.”
Kgotsa “a gaisane.”
Kgotsa gongwe “ba raletse Bitherone yotlhe.”