Samuele wa Bobedi 5:1-25

  • Dafide o nna kgosi ya Iseraele (1-5)

  • Jerusalema e a gapiwa (6-16)

    • Siona, Motse wa ga Dafide (7)

  • Dafide o fenya Bafilisitia (17-25)

5  Fa nako e ntse e tsamaya, ditso tsotlhe tsa Iseraele di ne tsa tla kwa go Dafide kwa Heberone+ mme tsa re: “Re lerapo la gago le nama ya gago.*+  Mo nakong e e fetileng fa Saulo e ne e le kgosi ya rona, ke wena yo o neng o etelela Iseraele pele mo matsholong a yone.*+ Mme Jehofa o ne a go raya a re: ‘O tla disa batho ba me ba Iseraele, e bile o tla nna moeteledipele wa Iseraele.’ ”+  Ka jalo, bagolwane botlhe ba Iseraele ba ne ba tla kwa kgosing kwa Heberone, mme Kgosi Dafide o ne a dira kgolagano le bone+ kwa Heberone fa pele ga ga Jehofa. Go tswa foo, ba ne ba tlotsa Dafide gore a nne kgosi ya Iseraele.+  Dafide o ne a na le dingwaga di le 30 fa a nna kgosi, mme o ne a busa dingwaga di le 40.+  O ne a busa Juda a le kwa Heberone dingwaga di le 7 le dikgwedi di le 6, mme kwa Jerusalema+ o ne a busa Iseraele yotlhe le Juda dingwaga di le 33.  Mme kgosi le banna ba yone ba ne ba ya kwa Jerusalema gore ba ye go tlhasela Bajebuse+ ba ba neng ba nna mo lefatsheng leo. Ba ne ba kgoba Dafide ba re: “Ga o kitla o tsena fano! Tota le difofu le digole di tla go lelekisa.” Ba ne ba akanya gore, ‘Dafide ga a kitla a tsena foo.’+  Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a gapa motse o o sireletsegileng wa Siona, o moragonyana o neng wa bidiwa Motse wa ga Dafide.+  Ka jalo, Dafide o ne a bua jaana mo letsatsing leo: “Ba ba tlhaselang Bajebuse ba tshwanetse go tsena ka mosele wa metsi gore ba ye go kgemetha ‘digole le difofu,’ tse Dafide a di tlhoileng!” Ke gone ka moo go tweng: “Sefofu le segole ga di kitla di tsena mo ntlong.”  Go tswa foo, Dafide o ne a nna mo motseng oo o o sireletsegileng, mme o ne wa bidiwa* Motse wa ga Dafide; mme Dafide o ne a simolola go aga gotlhe fela go tswa kwa Thoteng*+ go ela mo gare ga motse.+ 10  Ka jalo, Dafide o ne a nna a nonofa le go feta,+ mme Jehofa, Modimo wa masomosomo o ne a na le ene.+ 11  Kgosi Hirame+ wa Ture o ne a romela barongwa kwa go Dafide, le dikota tsa mosedara,+ babetli ba logong le babetli ba maje a a dirisiwang go aga dipota, mme ba ne ba simolola go agela Dafide ntlo.*+ 12  Mme Dafide o ne a lemoga gore Jehofa o ne a mo nonotshitse thata gore a nne kgosi ya Iseraele+ le gore o ne a godisitse bogosi jwa gagwe+ ka ntlha ya batho ba Gagwe ba Iseraele.+ 13  Dafide o ne a nyala bagadingwana+ le basadi ba bangwe gape mo Jerusalema fa a sena go tswa kwa Heberone, mme Dafide o ne a tsholelwa bana ba bangwe gape ba basimane le ba basetsana.+ 14  Ano ke maina a barwa ba a neng a ba tsholelwa kwa Jerusalema: Shammua, Shobabe, Nathane,+ Solomone,+ 15  Ibehare, Elishua, Nefege, Jafia, 16  Elishama, Eliada le Elifelete. 17  Fa Bafilisitia ba utlwa gore Dafide o ne a tloditswe gore a nne kgosi ya Iseraele,+ Bafilisitia botlhe ba ne ba tla go batla Dafide.+ E rile Dafide a utlwa ka gone, o ne a ya kwa lefelong le le sireletsegileng.+ 18  Foo Bafilisitia ba ne ba tla mme ba gasama mo Mokgatšheng* wa Refaime.+ 19  Dafide o ne a botsa Jehofa,+ a re: “A ke ye go tlhasela Bafilisitia? A o tla ba tsenya mo seatleng sa me?” Foo Jehofa o ne a raya Dafide a re: “Tsamaya, ka gonne ruri ke tla tsenya Bafilisitia mo seatleng sa gago.”+ 20  Ka jalo, Dafide o ne a ya kwa Baale-perasime, mme o ne a ba kgemetha gone koo. Foo o ne a re: “Jehofa o thubagantse baba ba me+ fa pele ga me, fela jaaka phatlha e e dirilweng ke metsi.” Ke gone ka moo a neng a bitsa lefelo leo Baale-perasime.*+ 21  Bafilisitia ba ne ba tlogela medingwana ya bone gone foo, mme Dafide le banna ba gagwe ba ne ba e tsaya. 22  Moragonyana Bafilisitia ba ne ba tlhatloga gape mme ba gasama mo Mokgatšheng* wa Refaime.+ 23  Dafide o ne a botsa Jehofa, mme Ene o ne a re: “O se ka wa ya kwa go bone ka tlhamalalo. Go na le moo, dikologa o ye kwa morago ga bone, mme o ba tlhasele o tswa kwa pele ga ditlhatshana tsa bakha. 24  Mme fa o utlwa modumo wa go gwanta mo godimo ga ditlhatshana tsa bakha, foo o dire ka bonako, ka gonne Jehofa o tla bo a dule a le kwa pele ga gago gore a kgemethe masole a Bafilisitia.” 25  Ka jalo, Dafide o ne a dira fela jaaka Jehofa a ne a mo laetse, mme o ne a kgemetha Bafilisitia+ go simologa kwa Geba+ go ya go fitlha kwa Gesere.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “masika a gago.”
Seheb., “ke wena yo o neng o ntsha Iseraele le go e tsenya.”
Kgotsa gongwe “mme o ne a e bitsa.”
Kgotsa “Milo.” Lereo la Sehebera le le kayang “tlatsa.”
Kgotsa “ntlo ya segosi.”
Kgotsa “mo Lebaleng le le Kwa Tlase.”
Mo go kayang “Mong yo o Thubaganyang.”
Kgotsa “mo Lebaleng le le Kwa Tlase.”