Samuele wa Bobedi 6:1-23

  • Letlole le isiwa kwa Jerusalema (1-23)

    • Usa o tshwara Letlole a bo a bolawa (6-8)

    • Mikale o nyatsa Dafide (16, 20-23)

6  Dafide o ne a phutha gape mephato e e e gaisang yotlhe mo Iseraele, banna ba le 30 000.  Go tswa foo, Dafide le banna botlhe ba ba nang le ene ba ne ba ya kwa Baale-juda gore ba ye go tsaya Letlole la Modimo wa boammaaruri koo,+ Letlole le batho ba bitsang leina la ga Jehofa wa masomosomo+ fa pele ga lone, yo o ntseng fa godimo ga* ditšheruba.+  Le fa go ntse jalo, ba ne ba pega Letlole la Modimo wa boammaaruri mo kareng e ntšha+ gore ba le ntshe mo ntlong ya ga Abinadabe,+ e e neng e le mo thoteng; mme Usa le Ahio, bomorwa Abinadabe, ba ne ba eteletse pele kara e ntšha e e gogwang ke dikgomo.  Ka jalo, ba ne ba ntsha Letlole la Modimo wa boammaaruri mo ntlong ya ga Abinadabe e e mo thoteng, mme Ahio o ne a tsamaya kwa pele ga Letlole.  Dafide le batho botlhe ba Iseraele ba ne ba bina fa pele ga ga Jehofa ba letsa diletswa tse di farologaneng tsa logong lwa mofira, diharepa, diletswa tse dingwe tsa megala,+ meropana,+ disiseterama le disemebala.+  Le fa go ntse jalo, fa ba goroga kwa seboaneng sa ga Nakone, Usa o ne a ntsha seatla a bo a tshwara Letlole la Modimo wa boammaaruri,+ ka gonne dikgomo di ne di batlile di le menola.  Foo bogale jwa ga Jehofa bo ne jwa tukela Usa mme Modimo wa boammaaruri o ne a mmolaela+ gone foo ka ntlha ya go sa ikobele molao wa Modimo,+ mme o ne a swela foo fa thoko ga Letlole la Modimo wa boammaaruri.  Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a galefa* ka gonne Jehofa a ile a galefela Usa fela thata; mme lefelo leo le ntse le bidiwa Perese-usa* go fitlha mo letsatsing leno.  Ka jalo, Dafide o ne a boifa Jehofa+ mo letsatsing leo mme a re: “Letlole la ga Jehofa le tla tla jang kwa go nna?”+ 10  Dafide o ne a se ka a isa Letlole la ga Jehofa kwa a neng a nna gone kwa Motseng wa ga Dafide.+ Go na le moo, Dafide o ne a laela gore le isiwe kwa ntlong ya ga Obede-edoma+ wa Mogathe. 11  Letlole la ga Jehofa le ne la tswelela le le kwa ntlong ya ga Obede-edoma wa Mogathe dikgwedi di le tharo, mme Jehofa o ne a nna a segofatsa Obede-edoma le botlhe ba lelapa la gagwe.+ 12  Kgosi Dafide o ne a begelwa jaana: “Jehofa o segofaditse ntlo ya ga Obede-edoma le tsotlhe tse a nang le tsone ka ntlha ya Letlole la Modimo wa boammaaruri.” Ka jalo, Dafide o ne a ya go tsaya Letlole la Modimo wa boammaaruri kwa ntlong ya ga Obede-edoma a le isa kwa Motseng wa ga Dafide ka boitumelo.+ 13  Fa batho ba ba tshwarang Letlole+ la ga Jehofa ba sena go tsamaya dikgato di le thataro, Dafide o ne a ntsha setlhabelo sa poo le phologolo e e nonneng. 14  Dafide o ne a binabina fa pele ga ga Jehofa ka maatla a gagwe otlhe; mo nakong eo yotlhe Dafide o ne a apere* khiba+ ya letsela le le boleta. 15  Dafide le batho botlhe ba Iseraele ba ne ba tlisa Letlole+ la ga Jehofa ba goa ba itumetse+ e bile ba letsa lonaka.+ 16  Le fa go ntse jalo, fa Letlole la ga Jehofa le goroga mo Motseng wa ga Dafide, morwadia Saulo e bong Mikale,+ o ne a leba kwa tlase ka fensetere mme a bona Kgosi Dafide a tlolatlola e bile a binabina fa pele ga ga Jehofa; mme o ne a mo nyatsa mo pelong.+ 17  Ka jalo, ba ne ba tsenya Letlole la ga Jehofa mo teng ga tente e Dafide a neng a e le tlhometse ba bo ba le baya mo lefelong la lone.+ Go tswa foo, Dafide o ne a ntsha ditlhabelo tse di fisiwang+ le ditlhabelo tsa go abelana+ fa pele ga ga Jehofa.+ 18  Fa Dafide a sena go ntsha ditlhabelo tse di fisiwang le ditlhabelo tsa go abelana, o ne a segofatsa batho mo leineng la ga Jehofa wa masomosomo. 19  Mo godimo ga moo, o ne a abela boidiidi jotlhe jwa Baiseraele, monna le mosadi mongwe le mongwe senkgwe se se bopegileng jaaka leseka, kuku ya leungo la mokolane le kuku ya morara* o o swabisitsweng, mme go tswa foo batho botlhe ba ne ba tsamaya, mongwe le mongwe a ya kwa ntlong ya gagwe. 20  E rile Dafide a boa a ya go segofatsa ba lelapa la gagwe, morwadia Saulo e bong Mikale,+ o ne a tswa a tla go mo kgatlhantsha. O ne a re: “Ruri kgosi ya Iseraele e itsentse matlho fa e ne e ikapola gompieno fa pele ga malata a a direlang batlhanka ba yone, fela jaaka monna wa seeleele a ikapola phatlalatsa!”+ 21  Foo Dafide o ne a raya Mikale a re: “Ke ne ke itumela fa pele ga ga Jehofa, yo o tlhophileng nna go na le rrago le botlhe ba lelapa la gagwe le yo o tlhomileng nna gore ke nne moeteledipele wa batho ba ga Jehofa, ba Iseraele.+ Ka jalo, ke tla itumela fa pele ga ga Jehofa, 22  e bile ke tla ikokobetsa le go feta, mme ke tla ikisa kwa tlase tota le mo matlhong a me. Mme fa e le malata a o buileng ka one, a tla nkgalaletsa.” 23  Ka jalo, Mikale+ morwadia Saulo o ne a se ka a nna le bana go ya go fitlha mo letsatsing le a suleng ka lone.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa gongwe “fa gare ga.”
Kgotsa “a kgopisega.”
Mo go kayang “Go Galefela Usa.”
Seheb., “o ne a ikgatlhile ka.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”