Samuele wa Bobedi 8:1-18

  • Diphenyo tsa ga Dafide (1-14)

  • Puso ya ga Dafide (15-18)

8  Nako nngwe moragonyana, Dafide o ne a tlhasela Bafilisitia+ a bo a ba fenya,+ mme Dafide o ne a tsaya motse wa Methege-ama mo diatleng tsa Bafilisitia.  O ne a fenya Bamoabe+ mme a dira gore ba rapame fa fatshe a bo a ba lekanya ka mogala. Ba ba neng ba tla bolawa o ne a ba lekanya ka megala e le mebedi mme ba ba neng ba tla tlogelwa ba tshela o ne a ba lekanya ka mogala o le mongwe o o feletseng.+ Mme Bamoabe ba ne ba nna batlhanka ba ga Dafide mme ba tlisa sehuba.*+  Dafide o ne a fenya Hadadesere morwa Rehobe kgosi ya Soba+ fa a ne a le mo tseleng a ya go tsosolosa taolo ya gagwe kwa Nokeng ya Euferatese.+  Dafide o ne a gapa masole a a tsamayang ka dipitse a le 1 700 le masole a a tsamayang ka dinao a le 20 000 mo go ene. Go tswa foo, Dafide o ne a kgaola mesifa ya maoto a dipitse tsotlhe tse di gogang dikara mme a sadisa di le 100.+  Fa Basiria ba kwa Damaseko+ ba ne ba tla go thusa Kgosi Hadadesere wa Soba, Dafide o ne a kgemetha Basiria ba le 22 000.+  Go tswa foo, Dafide o ne a tlhoma ditlhopha tsa masole a a sireletsang kwa Siria wa Damaseko, mme Basiria ba ne ba nna batlhanka ba ga Dafide mme ba tlisa sehuba. Jehofa o ne a dira gore Dafide a fenye gongwe le gongwe kwa a neng a ya teng.+  Mo godimo ga moo, Dafide o ne a tsaya dithebe tsa gauta tse di kgolokwe mo batlhankeng ba ga Hadadesere a bo a di tlisa mo Jerusalema.+  Kgosi Dafide o ne a tsaya kopore e ntsi fela thata kwa Beta le Berothai, e leng metse ya ga Hadadesere.  Jaanong Kgosi Toi wa Hamathe+ o ne a utlwa gore Dafide o fentse mophato otlhe wa masole a ga Hadadesere.+ 10  Ka jalo, Toi o ne a roma morwawe e bong Jorame kwa go Kgosi Dafide gore a ye go mmotsa matsogo le go mo akgola ka gonne a ne a lole le Hadadesere e bile a mo fentse (ka gonne Hadadesere o ne a tle a lwe le Toi), mme o ne a tsamaya a tshotse dilwana tsa selefera, tsa gauta le tsa kopore. 11  Kgosi Dafide o ne a dira dilwana tseno boitshepo gore e nne tsa ga Jehofa, mmogo le selefera le gauta tse a neng a di dirile boitshepo a di tsere kwa ditšhabeng tsotlhe tse a neng a di fentse:+ 12  kwa Siria le Moabe,+ kwa Baamoneng, kwa Bafilisitieng,+ kwa Baamalekeng+ le tse di tswang mo dilong tse a di gapileng mo go Hadadesere+ morwa Rehobe kgosi ya Soba. 13  Gape Dafide o ne a itirela leina fa a ne a boa a tswa go kgemetha Baedoma ba le 18 000 kwa Mokgatšheng wa Letswai.+ 14  O ne a tlhoma ditlhopha tsa masole a a sireletsang kwa Edoma. Kwa Edoma yotlhe, o ne a tlhoma ditlhopha tsa masole a a sireletsang, mme Baedoma botlhe ba ne ba nna batlhanka ba ga Dafide.+ Jehofa o ne a dira gore Dafide a fenye gongwe le gongwe kwa a neng a ya teng.+ 15  Dafide o ne a tswelela a busa mo Iseraele yotlhe,+ mme Dafide o ne a diragatsa tshiamiso le tshiamo+ mo bathong ba gagwe botlhe.+ 16  Joabe+ morwa Seruia o ne a okametse mophato wa masole, mme Jehoshafate+ morwa Ahilude e ne e le mokwadi wa ditiragalo. 17  Sadoke+ morwa Ahitube le Ahimeleke morwa Abiathare e ne e le baperesiti, mme Seraia e ne e le mokwaledi. 18  Benaia+ morwa Jehoiada o ne a okametse Bakeretha le Bapelethe.+ Mme bomorwa Dafide bone, ba ne ba nna badiredibagolo.*

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “ba nna baperesiti.”