Amose 2:1-16

  • Dikatlholo tsa go tlhanoga gangwe le gape (1-16)

2  “Jehofa a re,‘“E re ka Moabe a ne a tlhanoga gangwe le gape,+ ga nkitla ke fetola se ke se ikaeletseng,Ka gonne o ne a fisa marapo a kgosi ya Edoma gore a sale e le melora.   Ka jalo, ke tla romela molelo mo Moabe,Mme o tla laila ditora tse di sireletsegileng tsa Keriothe;+Moabe o tla swela mo pheretlhegong eoGo na le mokgosi wa ntwa, le modumo wa lonaka.+   Ke tla tlosa mmusi* mo go eneKe bo ke bolaya dikgosana tsotlhe tsa gagwe mmogo le mmusi yoo,”+ go bua Jehofa.’   Jehofa a re,‘E re ka Juda a ne a tlhanoga gangwe le gape,+ ga nkitla ke fetola se ke se ikaeletseng,Ka gonne ba ile ba gana molao* o nna Jehofa, ke ba o neileng,Le ka gonne ba ile ba se ka ba ikobela melawana ya me;+Mme ba ne ba faposiwa ke maaka a borraabonemogolo ba neng ba a sala morago.+   Ka jalo, ke tla romela molelo mo Juda,Mme o tla laila ditora tse di sireletsegileng tsa Jerusalema.’+   Jehofa a re,‘E re ka Iseraele a ne a tlhanoga gangwe le gape,+ ga nkitla ke fetola se ke se ikaeletseng,Ka gonne ba rekisa motho yo o siameng gore ba bone seleferaLe motho yo o humanegileng gore ba bone ditlhako.*+   Ba gatakela ditlhogo tsa batho ba maemo a a kwa tlase mo loroleng,+E bile ba thiba tsela ya batho ba ba pelonolo.+ Motho le rraagwe ba tlhakanela dikobo le mosetsana a le mongwe,Ba dira gore leina la me le le boitshepo le se ka la tlhola le nna boitshepo.   Ba namalala gaufi le sebeso sengwe le sengwe+ mo diaparong tse ba di tsereng e le peeletso ya se ba se adimileng mongwe;+E bile beine e ba e nwelang mo ntlong* ya medimo ya bone ba e tsere mo bathong ba ba neng ba ba duedisa.’   ‘Mme ke nna yo ke neng ka nyeletsa Baamore fa pele ga bone,+Ba ba neng ba le baleele jaaka masedara e bile ba nonofile jaaka ditlhare tsa moakere;*Ke ne ka nyeletsa maungo a bone le medi ya bone.+ 10  Ke ne ka lo ntsha kwa lefatsheng la Egepeto,+Mme ke ne ka dira gore lo tsamaye mo nageng dingwaga di le 40,+Gore lo ye go rua lefatshe la Baamore. 11  Ke ne ka dira gore bangwe ba bomorwaalona e nne baporofeti+Le makawana mangwe a lona gore a nne Banasirite.+ A ga go a nna jalo, lona batho ba Iseraele?’ go bua Jehofa. 12  ‘Le fa go ntse jalo, lo ne lwa nna lwa naya Banasirite beine gore ba nwe,+E bile lo ne lwa laela baporofeti lwa re: “Lo se ka lwa porofeta.”+ 13  Ka jalo, ke tla lo tšhwetlakanya mo lefelong la lona,Fela jaaka kara e e tletseng dijo tsa ditlhaka tse di robilweng e tšhwetlakanya se se ka fa tlase ga yone. 14  Yo o bofefo o tla tlhoka lefelo le a tla tshabelang kwa go lone,+Yo o nonofileng ga a kitla a tswelela a le maatla,E bile ga go na motlhabani ope yo o tla falotsang botshelo* jwa gagwe. 15  Motho yo o tsholang bora ga a kitla a kgona go ikemela,Ba ba dinao di bofefo ga ba kitla ba kgona go falola,E bile lesole le le tsamayang ka pitse ga le kitla le kgona go falotsa botshelo* jwa lone. 16  Tota le motlhabani yo o pelokgale* go ba gaisa botlheO tla tshaba a sa apara sepe mo letsatsing leo,’+ go bua Jehofa.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “moatlhodi.”
Kgotsa “taelo.”
Seheb., “bompaatšhane.”
Kgotsa “mo tempeleng.”
Mofuta mongwe wa ditlhare tse dikgolo. Ka Seesemane se bidiwa oak.
Seheb., “ne′phesh.Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Seheb., “ne′phesh.Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “le ba ba nonofileng mo pelong.”