Amose 4:1-13

  • Molaetsa wa go atlholwa ga dikgomo tsa kwa Bashana (1-3)

  • Jehofa o kgala kobamelo ya maaka ya Baiseraele (4, 5)

  • Baiseraele ba gana go amogela kotlhao (6-13)

    • “Ipaakanyetse go kopana le Modimo wa gago” (12)

    • ‘Modimo o bolelela motho dikakanyo tsa Gagwe’ (13)

4  “Utlwang lefoko leno, lona dikgomo tsa kwa Bashana,Tse di leng mo thabeng ya Samarea,+Lona basadi ba lo tsietsang batho ba maemo a a kwa tlase+ le ba lo gatelelang bahumanegi,Ba lo rayang banna* ba lona lo re, ‘Re tlisetseng sengwe re nwe!’   Morena Molaodimogolo Jehofa, yo o boitshepo o ikanne a re,‘“Bonang! Metlha e etla e mo go yone mmaba a tla lo tsholetsang ka dihuku tse di kgwagetsang namaLe e a tla tsholetsang ba ba setseng ba lona ka dihuku tsa ditlhapi.   Lo tla tswela kwa ntle ka diphatlha tse di mo loboteng, mongwe le mongwe a tsamaya a tlhamaletse;Mme lo tla latlhelwa kwa ntle kwa Haremone,” go bua Jehofa.’   ‘Tlang mo Bethele mme lo leofe,*+Tlang mo Gilegala mme lo leofe le go feta!+ Ntshang ditlhabelo+ tsa lona mo mosong,Le ditsabosome*+ tsa lona mo letsatsing la boraro.   Fisang setlhabelo sa go leboga sa senkgwe se se nang le sebediso;+Goang lo itsise ka ditlhabelo tsa lona tse di ntshiwang ka go rata! Ka gonne ke sone se lo ratang go se dira, lona batho ba Iseraele,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.   ‘Mme nna, ga ke a ka ka lo naya dijo gore lo je mo metseng yotlhe ya lonaE bile ke ne ka dira gore go se ka ga nna le senkgwe mo matlong otlhe a lona;+Le fa go ntse jalo, ga lo a ka lwa boela mo go nna,’+ go bua Jehofa.   ‘Gape ga ke a ka ka lo nesetsa pula dikgwedi di le tharo pele ga thobo;+Ke ne ka dira gore e ne mo motseng o mongwe, mme e se ka ya na mo motseng o mongwe. Karolo e nngwe ya naga e ne e tla nelwa ke pula,Mme karolo e nngwe ya naga e pula e neng e tla bo e sa na mo go yone e ne e tla omelela.   Batho ba metse e mebedi kgotsa e meraro ba ne ba tsamaya ba kgokgweetsega ba ya kwa motseng o le mongwe gore ba ye go nwa metsi,+Mme metsi ao a ne a sa lekane go tlosa lenyora la bone;Le fa go ntse jalo, ga lo a ka lwa boela mo go nna,’+ go bua Jehofa.   ‘Ke ne ka lo otlhaya ka mogote o o babolang le ka mouta.+ Lo ne lwa ntsifatsa ditshingwana tsa lona le masimo a lona a morara,*Le fa go ntse jalo, tsie e ne e tle e je ditlhare tsa lona tsa mofeige le tsa motlhware;+Mme le mo lekgetlong leo, ga lo a ka lwa boela mo go nna,’+ go bua Jehofa. 10  ‘Ke ne ka lo romelela bolwetse jwa leroborobo jo bo tshwanang le jo bo neng jwa tlela Egepeto.+ Ke ne ka bolaya makawana a lona ka tšhaka+ ka bo ka gapa dipitse tsa lona.+ Ke ne ka dira gore lo nkgelwe ke sebodu se se tswang mo dikampeng tsa lona;+Le fa go ntse jalo, ga lo a ka lwa boela mo go nna,’ go bua Jehofa. 11  ‘Ke ne ka ribegetsa naga ya lonaJaaka fa ke ne ke ribegetsa Sodoma le Gomora.+ Mme lo ne lo tshwana le kota e e swatotsweng mo molelong;Le fa go ntse jalo, ga lo a ka lwa boela mo go nna,’+ go bua Jehofa. 12  Ka jalo, seo ke sone se ke tla se go dirang, wena Iseraele. E re ka seno e le se ke tla se go dirang,Ipaakanyetse go kopana le Modimo wa gago, wena Iseraele. 13  Gonne ke ene a bopileng dithaba+ e bile ke ene a dirileng phefo;+O bolelela motho dikakanyo tsa Gagwe,O fetola bosa gore e nne lefifi,+E bile o gata mo mafelong a a kwa godimo a lefatshe;+Leina la gagwe ke Jehofa, Modimo wa masomosomo.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “beng.”
Kgotsa “tlhanoge.”
Kgotsa “dikarolo tsa bolesome.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”