Amose 6:1-14

  • Go latlhega ba ba sa tshwenyegeng ka sepe! (1-14)

    • Malao a a dirilweng ka lonaka lwa tlou; dikopi tse dikgolo tsa beine (4, 6)

6  “Ruri go latlhega ba ba itshepang thata* mo SionaLe ba ba ikutlwang ba sireletsegile mo thabeng ya Samarea,+E leng batho ba ba tlotlegang ba ditšhaba tse di tseelwang kwa godimo,Ba Baiseraele ba yang kwa go bone!   Kgabaganyetsang kwa Kalene mme lo bone. Tswang koo mme lo ye kwa Hamathe yo Mogolo,+Lo bo lo ya kwa Gathe wa Bafilisitia. A ba botoka go gaisa magosi ano,*Kgotsa a naga ya bone e kgolo go gaisa ya lona?   A lo itebatsa letsatsi la masetlapelo+Lo bo lo dira gore go buse batho ba ba ratang thubakanyo?+   Ba rapama mo ditulong tse di dirilweng ka lonaka lwa tlou+ e bile ba iketlile mo disofeng+Ba ntse ba ja diphelefu tsa letsomane le dinamane* tse di nonneng;+   Ba tlhama dipina tsa boeleele tse di tsamaisanang le modumo wa harepa,*+E bile ba dira diletswa jaaka Dafide;+   Ba nwa beine e tletse mo dikoping tse dikgolo,+E bile ba itlotsa ka leokwane la boleng jo bo kwa godimo. Le fa go ntse jalo, ga ba tshwenyege ka* masetlapelo a a tlelang batho ba ga Josefa.+   Ka jalo, ba tla nna ba ntlha go isiwa botshwarwa,+Mme nako ya go ijesa monate e tla fela.   ‘Nna Morena Molaodimogolo Jehofa ke ikanne,’+ go bua Jehofa Modimo wa masomosomo,‘“Ke ila boikgogomoso jwa ga Jakobe,+Ke tlhoile ditora tsa gagwe tse di sireletsegileng,+Mme ke tla tsenya motse ono le se se tletseng mo go one mo seatleng sa baba ba one.+  “‘“Mme le fa batho ba le lesome ba ka sala mo ntlong e le nngwe, le bone ba tla swa. 10  Mongwe wa losika* o tla tla go ntsha ditopo tsa bone a bo a di fisa ka bongwe ka bongwe. O tla ntshetsa ditopo* tsa bone kwa ntle ga ntlo; go tswa foo, o tla raya ope fela yo o mo diphaposing tse di kwa teng tsa ntlo a re, ‘A go sa ntse go na le batho ba bangwe ba ba nang le wena?’ Mme ene o tla re, ‘Ga go na ope!’ Foo o tla re, ‘Didimala! Gonne eno ga se nako ya go umaka leina la ga Jehofa.’” 11  Gonne Jehofa ke ene a ntshitseng taelo,+Mme o tla diga ntlo e kgolo gore e sale e le mokoa wa maje,Le ntlo e potlana gore e sale e le marope fela.+ 12  A dipitse di tla siana mo lefikeng,Kgotsa a motho o tla lema koo ka dikgomo? Gonne lo fetotse tshiamiso lwa e dira semela se se botlhole,Le maungo a tshiamo lwa a dira longana.*+ 13  Lo itumelela selo se se se nang mosola,Mme lwa re: “A ga re a nna maatla* ka ntlha ya nonofo ya rona?”+ 14  Ka jalo, lona Baiseraele, ke tla romela setšhaba sengwe gore se tle go lo tlhasela,’+ go bua Jehofa, Modimo wa masomosomo,‘Mme se tla lo gatelela go simologa kwa Lebo-hamathe*+ go ya go fitlha kwa Molapong wa Araba.’”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “ba ba sa tshwenyegeng ka sepe.”
Go lebega go tewa bogosi jwa Juda le jwa Iseraele.
Kgotsa “dipowana.”
Kgotsa “seletswa sa megala.”
Seheb., “ga ba a ka ba lwatswa ke.”
Seheb., “Morwarraagwe rraagwe.”
Seheb., “marapo.”
Kgotsa “bogalaka.”
Seheb., “a itseela dinaka.”
Kgotsa “kwa kgorong ya Hamathe.”