Amose 7:1-17

  • Diponatshegelo tse di bontshang gore bokhutlo jwa Iseraele bo gaufi (1-9)

    • Tsie (1-3), molelo (4-6), mogala o o tlhamalatsang (7-9)

  • Amose o bolelelwa gore a tlogele go porofeta (10-17)

7  Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a neng a se mpontsha mo ponatshegelong: Ke ne ka mmona a dira gore go nne le lesogodi la tsie fa dijalo tse di jadilweng morago* di ne di simolola go tlhoga. Tseno ke dijalo tse di jadilweng fa bojang jwa kgosi bo sena go segiwa.  Fa lesogodi leo le fetsa go ja dimela tsa naga, ke ne ka re: “Ao tlhe Morena Molaodimogolo Jehofa, tsweetswee itshwarele batho ba gago!+ Jakobe o tla falola* jang? Gonne o bokoa!”+  Ka jalo, Jehofa o ne a ikwatlhaela* seno.+ Jehofa o ne a re, “Seno ga se kitla se diragala.”  Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a neng a se mpontsha mo ponatshegelong: Ke ne ka bona Morena Mogodimodimo Jehofa a tlisa katlholo ya molelo. Molelo oo o ne wa tuka go fitlha lewatle le kgala e bile o ne wa laila karolo nngwe ya naga.  Foo ke ne ka re: “Ao tlhe Morena Molaodimogolo Jehofa, tsweetswee emisa seno.+ Jakobe o tla falola* jang? Gonne o bokoa!”+  Ka jalo, Jehofa o ne a ikwatlhaela* seno.+ Morena Molaodimogolo Jehofa o ne a re, “Seo le sone ga se kitla se diragala.”  Seno ke se a neng a se mpontsha mo ponatshegelong: Ke ne ka bona Jehofa a eme mo loboteng lo lo dirilweng ka mogala o o tlhamalatsang,* mme mo seatleng o ne a tshotse mogala o o tlhamalatsang.  Foo Jehofa o ne a nthaya a re: “O bona eng, Amose?” Ka jalo, ke ne ka re: “Mogala o o tlhamalatsang.” Mme Jehofa o ne a nthaya a re: “Jaanong ke lekanya batho ba me ba Iseraele ke dirisa mogala o o tlhamalatsang. Ga nkitla ke tlhola ke ba itshwarela.+  Mafelo a a kwa godimo a ga Isake+ a tla fetoga marope, le mafelo a a boitshepo a Iseraele a tla senngwa;+ mme ke tla tlhasela losika lwa ga Jeroboame ka tšhaka.”+ 10  Amasia yo e leng moperesiti wa kwa Bethele+ o ne a romela molaetsa ono kwa go Kgosi Jeroboame+ wa Iseraele: “Amose o go logela leano la boferefere mo Iseraele.+ Lefatshe le ka se kgone go itshokela mafoko otlhe a gagwe.+ 11  Gonne Amose a re, ‘Jeroboame o tla bolawa ka tšhaka, mme ruri Iseraele o tla isiwa botshwarwa a tswa mo nageng ya gagwe.’”+ 12  Go tswa foo, Amasia o ne a raya Amose a re: “Wena mmoni wa diponatshegelo, tsamaya, tshabela kwa nageng ya Juda, o ipatlele senkgwe* teng, mme o ka nna wa porofeta teng.+ 13  Le fa go ntse jalo, o se ka wa tlhola o porofeta kwa Bethele,+ ka gonne ke lefelo le le boitshepo la kgosi+ e bile ke ntlo ya bogosi.” 14  Foo Amose o ne a araba Amasia a re: “Ke ne ke se moporofeti kgotsa morwa moporofeti; mme ke ne ke le modisa,+ e bile ke ne ke tlhokomela ditlhare tsa difeige tsa mosikamore.* 15  Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a ntlogedisa tiro ya go sala letsomane morago, mme Jehofa o ne a nthaya a re, ‘Tsamaya, o ye go porofetela batho ba me ba Iseraele.’+ 16  Jaanong utlwa lefoko la ga Jehofa: ‘Wena o a re, “O se ka wa bolelela Iseraele molaetsa wa katlholo+ e bile o se ka wa bolela+ gore ditlogolwana tsa ga Isake di tlile go atlholwa.” 17  Ka jalo, seno ke se Jehofa a se buang: “Mosadi wa gago o tla nna seaka mo motseng, mme bomorwao le bomorwadio ba tla bolawa ka tšhaka. Lefatshe la gago le tla kgaoganngwa ka mogala o o lekanyang, mme wena o tla swela kwa lefatsheng le le itshekologileng; mme ruri Iseraele o tla isiwa botshwarwa a tswa mo nageng ya gagwe.”’”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Go tewa tse di jadilweng ka January le February.
Seheb., “ema.”
Seheb., “o ne a fetola mogopolo ka.”
Seheb., “ema.”
Seheb., “o ne a fetola mogopolo ka.”
Kgotsa “setlhamalatsalobota.”
Seheb., “o je senkgwe.”
Kgotsa “ke ne ke le mopomi wa difeige tsa mosikamore.”