Amose 8:1-14

  • Ponatshegelo ya mmanki wa maungo a selemo (1-3)

  • Bagateledi ba bonwa molato (4-14)

    • Leuba la tshwantshetso (11)

8  Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a neng a se mpontsha mo ponatshegelong: Ke ne ka bona mmanki wa maungo a selemo.  Foo o ne a re, “O bona eng, Amose?” Ke ne ka re, “Mmanki wa maungo a selemo.” Mme Jehofa o ne a nthaya a re: “Bokhutlo bo gorogetse batho ba me ba Iseraele. Ga nkitla ke tlhola ke ba itshwarela.+  ‘Mo letsatsing leo, dipina tsa tempele di tla fetoga e nna go bokolela,’+ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa. ‘Go tla bo go na le ditopo di le dintsi di latlhetswe gongwe le gongwe,+ go tla sala go didimetse.’   Utlwang seno, lona ba lo gatakang bahumanegi,Le ba lo fedisang batho ba ba pelonolo mo lefatsheng,+   Ba lo reng, ‘Moletlo wa ngwedi yo mosha o tla fela leng+ gore re tle re rekise dijo tsa rona tsa ditlhaka,Le Sabata+ e tla feta leng gore re tle re ntshe dijo tsa rona tsa ditlhaka re ipaakanyetse go rekisa? Gore re tle re fokotse selekanyo sa dijo tse re di rekisangMme re oketse tlhwatlhwa e re di rekisang ka yoneE le gore re fetole dikale tsa rona mme re kgone go tsietsa;+   Gore re tle re reke batlhoki ka seleferaLe bahumanegi ka ditlhako,*+Mme re rekise karolo e e se nang mosola ya dijo tsa ditlhaka.’   Jehofa o ikanne ka Kgalalelo ya ga Jakobe+ a re,‘Le ka motlha ga nkitla ke lebala ditiro tsotlhe tsa bone.+   Ka ntlha ya seno lefatshe le tla reketla,Mme mongwe le mongwe yo o nnang mo go lone o tla hutsafala.+ A lotlhe fela ga le kitla le kgaphasela jaaka noka ya Nile,Le gogomoga le bo le kokobela jaaka noka ya Nile e e kwa Egepeto?’+   Morena Molaodimogolo Jehofa a re, ‘Mo letsatsing leo,Ke tla phirimisa letsatsi go le motshegare,E bile ke tla dira gore go nne lefifi mo lefatsheng letsatsi le penne.+ 10  Ke tla fetola meletlo ya lona ke e dira ya khutsafalo+Le dipina tsotlhe tsa lona ke tla di dira dipina tsa khutsafalo. Ke tla dira gore mongwe le mongwe a apare letsela la kgetsi mo dinôkeng e bile ke tla dira gore mongwe le mongwe a itire lefatla;Ke tla dira gore go nne jaaka fa go hutsafaletswe morwa yo o esi fela,E bile ke tla dira gore e nne letsatsi le le utlwisang botlhoko.’ 11  Morena Molaodimogolo Jehofa a re, ‘Metlha e etla,E ke tla romelang leuba mo lefatsheng,E se leuba la dijo kgotsa lenyora la metsi,Mme e le leuba la go utlwa mafoko a ga Jehofa.+ 12  Ba tla kgokgweetsega ba tswa lewatleng ba ya lewatleng,E bile ba tswa bokone ba ya botlhaba. Ba tla kgarakgatshega ba batla lefoko la ga Jehofa, mme ga ba kitla ba le bona. 13  Mo letsatsing leo, makgarebane a mantleMmogo le makawana, a tla idibala ka ntlha ya lenyora; 14  Ba ba ikanang ka molato wa Samarea+ le ba ba reng,“Ke ikana ka modimo wa gago yo o tshelang, wena Dana!”+ E bile ba re, “Ke ikana ka tsela ya Beere-sheba!”+ Ba tla wa, mme ga ba kitla ba tlhola ba ema gape.’”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “bompaatšhane.”