Baefeso 5:1-33

  • Go bua le go itshwara sentle (1-5)

  • Tsamayang jaaka bana ba lesedi (6-14)

  • Tladiwang ka moya (15-20)

    • Dirisang nako ya lona sentle (16)

  • Kgakololo e e newang banna le basadi (21-33)

5  Ka jalo, etsang Modimo+ ka gonne lo bana ba gagwe ba ba rategang,  e bile tswelelang lo na le lorato+ fela jaaka Keresete le ene a ne a re* rata+ a bo a ineela ka ntlha ya rona* e le setlhabelo se se nkgang monate se se yang kwa Modimong.+  A boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo* le boitshekologo* kgotsa bogagaru jwa mofuta mongwe le mongwe di se ka tsa umakwa mo go lona,+ fela jaaka go tshwanela batlhanka ba Modimo.+  E bile ga lo a tshwanela go dira boitshwaro jo bo tlhabisang ditlhong kgotsa go bua dilo tsa boeleele kgotsa metlae e e ferosang sebete,+ go na le moo lo tshwanetse go leboga Modimo.+  Gonne lo itse seno e bile lo lemoga gore mo Bogosing Jwa ga Keresete le Jwa Modimo ga go na boswa bope jo bo tla newang motho ope yo o dirang boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo*+ kgotsa motho yo o seng phepa kgotsa motho yo o pelotshetlha,+ ka gonne go nna pelotshetlha ke go obamela medingwana.+  A motho ope a se ka a lo tsietsa ka mafoko a a se nang mosola, ka gonne Modimo o tla galefela batho ba ba sa utlweng ka ntlha ya dilo tse di ntseng jalo.  Ka jalo, lo se ka lwa amana le bone ka gope;  gonne lo kile lwa bo lo le lefifi, mme jaanong lo lesedi+ ka gonne lo ba Morena.+ Tswelelang lo tsamaya jaaka bana ba lesedi,  ka gonne lesedi leo le re thusa gore re nne le pelo e ntle mo dilong tsotlhe, re dire se se siameng e bile re tsamaye mo tseleng e e siameng.+ 10  Nnang lo tlhomamise gore ke eng se Morena a se amogelang;+ 11  mme tlogelang go dira ditiro tse di sa ungweng tsa lefifi;+ go na le moo, di senoleng. 12  Gonne go tlhabisa ditlhong go bolela dilo tse ba di dirang mo sephiring. 13  Jaanong lesedi le senola* dilo tsotlhe tse di sa siamang, mme seo se dira gore dilo tse di sa siamang di bonale. 14  Ka jalo, ga twe: “Tsoga, wena yo o robetseng, o bo o tsoge mo baswing,+ mme Keresete o tla go phatsimela.”+ 15  Ka jalo, elang tlhoko thata tsela e lo itshwarang ka yone, gore lo se ka lwa itshwara jaaka batho ba ba seng botlhale mme lo itshware jaaka ba ba botlhale, 16  lo dirisa nako ya lona sentle,*+ ka gonne malatsi a re tshelang mo go one a bosula. 17  Ka ntlha ya seno, tlogelang go nna batho ba ba se nang tlhaloganyo, mme nnang lo tlhomamise gore ke eng se Jehofa* a batlang gore lo se dire.+ 18  Gape, lo se ka lwa tagwa,+ ka gonne seno se ka dira gore lo se ka lwa laolesega,* mme tswelelang lo tladiwa ka moya wa Modimo. 19  Buang ka dipesalema, bakang Modimo lo bo lo opele dipina tsa kobamelo.+ Opelang lo bo lo leletse Jehofa* dipina+ go tswa mo dipelong tsa lona,+ 20  ka metlha lo leboga+ Modimo wa rona le Rara ka dilo tsotlhe lo dirisa leina la Morena wa rona Jesu Keresete.+ 21  Ikobelaneng+ ka gonne lo boifa Keresete. 22  A basadi ba ikobele banna ba bone+ jaaka ba ikobela Morena, 23  ka gonne monna ke tlhogo ya mosadi wa gagwe+ fela jaaka Keresete le ene e le tlhogo ya phuthego,+ ene yo e leng mmoloki wa mmele ono. 24  Tota e bile, e re ka phuthego e ikobela Keresete, basadi le bone ba tshwanetse go ikobela banna ba bone mo go sengwe le sengwe. 25  Banna, tswelelang lo rata basadi ba lona,+ fela jaaka Keresete le ene a ne a rata phuthego a bo a e swela,+ 26  gore a tle a e dire boitshepo, a e dire phepa ka go e tlhatswa ka metsi, e leng lefoko la Modimo,+ 27  gore phuthego e tle e nne ntle mo matlhong a gagwe, e se ka ya nna le patso kgotsa letsutsuba kgotsa sepe sa dilo tse di ntseng jalo,+ go na le moo e nne boitshepo e bile e se ka ya nna le molato.+ 28  Ka tsela e e tshwanang, banna ba tshwanetse go rata basadi ba bone jaaka ba rata mebele ya bone. Monna yo o ratang mosadi wa gagwe o a ithata, 29  ka gonne ga go motho ope yo o kileng a tlhoa mmele* wa gagwe, mme o a o fepa a bo a o tlhokomela, fela jaaka Keresete a dira ka phuthego, 30  ka gonne re dikarolo tsa mmele wa gagwe.+ 31  “Ka lebaka leno, monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela* mosadi wa gagwe, mme batho bano ba babedi ba tla nna nama e le nngwe.”+ 32  Sephiri seno se se boitshepo+ se segolo. Se bua ka ga Keresete le phuthego.+ 33  Le fa go ntse jalo, mongwe le mongwe wa lona o tshwanetse go rata mosadi wa gagwe+ jaaka a ithata; ka fa letlhakoreng le lengwe, mosadi o tshwanetse go tlotla monna wa gagwe thata.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa gongwe “lo.”
Kgotsa gongwe “lona.”
Ka Segerika, por·nei′a. Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “kgala.”
Seger., “lo ithekela nako e e lo siametseng.”
Seger., “lo tshele botshelo jo bo maswe.”
Seger., “nama.”
Kgotsa “o tla tswelela a nna le.”