Daniele 10:1-21

  • Daniele o etelwa ke morongwa yo o tswang kwa Modimong (1-21)

    • Mikaele o thusa moengele (13)

10  Mo ngwageng wa boraro wa puso ya ga Kgosi Kurose+ wa Peresia, Daniele yo o neng a bidiwa Beleteshasare,+ o ne a amogela molaetsa mongwe; molaetsa oo o ne o le boammaaruri, mme o ne o le ka ga ntwa e kgolo. O ile a tlhaloganya molaetsa oo e bile o ile a thusiwa go tlhaloganya se a neng a se bone.  Mo metlheng eo, nna Daniele, ke ne ke feditse dibeke di le tharo tse di tletseng ke hutsafetse.+  Ke ne ke sa je dijo dipe tse di monate, ke ne ke sa tsenye nama le fa e le beine mo molomong wa me, e bile ke ne ke sa itshase leokwane lepe mo dibekeng tseo tse tharo tse di tletseng.  Mo letsatsing la bo24 la kgwedi ya ntlha, fa ke ne ke le mo lotshitshing lwa noka e kgolo, e leng Tigris,*+  ke ne ka tsholetsa matlho mme ka bona monna mongwe a apere diaparo tsa letsela le le boleta,+ a ikgatlhile mo dinôkeng ka lebanta la gauta ya kwa Ufase.  Mmele wa gagwe o ne o tshwana le kerusolete,+ sefatlhego sa gagwe se ne se tshwana le legadima, matlho a gagwe a ne a tshwana le dikgabo tsa molelo, mabogo a gagwe le dinao tsa gagwe di ne di tshwana le kopore e e phatsimisitsweng,+ lentswe la gagwe le ne le le kwa godimo le utlwala jaaka mantswe a batho ba le bantsi.  Ke nna fela ke neng ka bona ponatshegelo eo; banna ba ba neng ba na le nna ga ba a ka ba bona ponatshegelo eo.+ Le fa go ntse jalo, ba ne ba welwa ke poifo e kgolo, mme ba ne ba tshaba ba ya go iphitlha.  Foo ke ne ka sala ke le nosi, mme fa ke ne ke bona ponatshego eo e kgolo, ke ne ka sala ke se na maatla ape e bile sefatlhego sa me se ne sa fetoga thata mme ka felelwa ke nonofo.+  Go tswa foo, ke ne ka utlwa modumo wa gagwe fa a ntse a bua; le fa go ntse jalo fa ke ntse ke mo reeditse a bua, ke ne ka thulamela sefatlhego sa me se lebile fa fatshe.+ 10  Mme seatla se ne sa ntshwara+ se bo se ntshikinya gore ke tsoge. Go tswa foo, ke ne ka tsoga ka khubama ka mangole mme diatla tsa me di le fa fatshe. 11  Morago ga moo, o ne a nthaya a re: “Daniele, wena monna yo o botlhokwa thata,*+ reetsa ka kelotlholo mafoko a ke tlogang ke go bolelela one. Jaanong ema, ka gonne ke romilwe kwa go wena.” Fa a mpolelela mafoko ao, ke ne ka ema ke ntse ke roroma. 12  Go tswa foo, o ne a nthaya a re: “O se ka wa boifa,+ tlhe Daniele. Thapelo ya gago e utlwilwe go tloga fela ka letsatsi la ntlha fa o ne o batla go tlhaloganya dilo tseno le fa o ne o batla go ikokobetsa fa pele ga Modimo wa gago, mme jaanong ke tlile ka ntlha ya thapelo ya gago.+ 13  Mme kgosana+ ya bogosi jwa Peresia e ne ya emelana le nna malatsi a le 21. Le fa go ntse jalo, Mikaele,*+ nngwe ya dikgosana tsa maemo a a kwa godimo,* o ne a tla go nthusa; mme nna ke ne ka sala foo fa thoko ga dikgosi tsa Peresia. 14  Ke tlile go go thusa gore o tlhaloganye se se tla diragalelang batho ba gaeno kwa bokhutlong jwa metlha,+ ka gonne ke ponatshegelo e e ka ga se se tla diragalang mo nakong e e tlang.”+ 15  Jaanong e rile a mpolelela mafoko ano, ke ne ka lebisa sefatlhego sa me fa fatshe mme ka felelwa ke puo. 16  Foo mongwe yo o neng a lebega jaaka monna o ne a kgoma molomo wa me,+ mme ke ne ka bula molomo ke bo ke raya yo o neng a eme fa pele ga me ke re: “Morena wa me, ke a roroma ka ntlha ya ponatshegelo e ke neng ka e bona, e bile ga ke na maatla ape.+ 17  Ka jalo, nna motlhanka wa gago nka bua jang le wena morena wa me?+ Gone jaanong ga ke na maatla ape, e bile ga ke kgone go hema sentle.”+ 18  Mongwe yo o neng a tshwana le monna o ne a ntshwara gape a bo a nnonotsha.+ 19  Go tswa foo, o ne a re: “O se ka wa boifa,+ wena motho yo o botlhokwa thata.*+ E kete o ka nna le kagiso.+ Nonofa o bo o nne le maatla.” Fa a ntse a bua le nna ke ne ka nna le nonofo mme ka re: “Bua morena wa me, ka gonne o nnonotshitse.” 20  Foo o ne a nthaya a re: “A o itse gore ke ka ntlha yang fa ke tlile mo go wena? Jaanong ke boela morago gore ke ye go tlhabana le kgosana ya Peresia.+ Fa ke tsamaya, kgosana ya Gerika e tla tla. 21  Le fa go ntse jalo, ke tla go bolelela dilo tse di kwadilweng mo mekwalong ya boammaaruri. Ga go na ope yo o nkemeng nôkeng ka botlalo mo dilong tseno fa e se Mikaele,+ kgosana ya lona.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “Hidekele.”
Kgotsa “yo o rategang; yo o tseelwang kwa godimo.”
Kgotsa “kgosana ya maemo a ntlha.”
Mo go kayang “Ke Mang yo o Tshwanang le Modimo?”
Kgotsa “yo o rategang; yo o tseelwang kwa godimo.”