Daniele 11:1-45

  • Kgosi ya Peresia le kgosi ya Gerika (1-4)

  • Kgosi ya borwa le kgosi ya bokone (5-45)

    • Go tla tsoga mokgethisi (20)

    • Moeteledipele wa kgolagano o a robaganngwa (22)

    • Modimo wa dikago tsa phemelo o a galalediwa (38)

    • Kgosi ya borwa le kgosi ya bokone di a kgorometsana (40)

    • Dipego tse di tshwenyang tse di tswang kwa botlhaba le kwa bokone (44)

11  “Mme nna, mo ngwageng wa ntlha wa puso ya ga Dario+ wa Momeda, ke ne ka mo ema nôkeng ka bo ka mo nonotsha.*  Jaanong se ke tlileng go go bolelela sone ke boammaaruri: “Go tla tsoga* dikgosi tse dingwe tse tharo tse di tla busang Peresia, mme ya bonê e tla kgobokanya dikhumo tse dintsi go feta tse dingwe tsotlhe. Mme fa e sena go nonofa ka ntlha ya dikhumo tsa yone, e tla tlhotlheletsa mongwe le mongwe go tlhasela bogosi jwa Gerika.+  “Go tla ema kgosi e e maatla e bo e busa ka taolo e kgolo thata+ e bile e tla dira jaaka e rata.  Mme fa e sena go ema, bogosi jwa yone bo tla thubaganngwa bo bo bo kgaoganyediwa kwa diphefong tse nnê tsa magodimo,*+ mme bo sa kgaoganyediwe ditlogolwana tsa yone e bile ga bo kitla bo tswelela bo le maatla jaaka fa e ne e busa; gonne bogosi jwa yone bo tla kumolwa bo bo bo newa batho ba bangwe ntle le bano.  “Mme kgosi ya borwa e tla nonofa, go tewa nngwe ya dikgosana tsa yone; le fa go ntse jalo, mongwe* o tla e fenya a bo a busa ka taolo e kgolo, e e fetang maatla a kgosi eno e neng e na le one fa e busa.  “Morago ga dingwaga tse di rileng ba tla dira kgolagano, mme morwadia kgosi ya borwa o tla ya kwa kgosing ya bokone gore a netefatse kgolagano* eo. Le fa go ntse jalo, morwadi yono ga a kitla a tswelela a na le maatla a lebogo la gagwe; mme kgosi eo ga e kitla e tlhola e na le maatla; mme morwadi yono o tla tsenngwa mo maatleng a ba bangwe, ene le ba ba mo tlisang, le yo o dirileng gore a tsholwe, le yo o dirang gore a nonofe mo metlheng eo.  Mme mongwe yo o tswang mo letlhogeleng la medi ya morwadi yono o tla ema mo maemong a gagwe, o tla ya kwa masoleng a bo a tlhasela kago ya phemelo ya kgosi ya bokone mme o tla tlhabana le bone a bo a ba fenya.  Gape o tla tsaya medimo ya bone, ditshwantsho* tsa bone tse di bopilweng, dilwana tsa bone tse di eletsegang* tsa selefera le tsa gauta le batshwarwa a bo a ya Egepeto ka tsone. O tla tlogela kgosi ya bokone ka dingwaga tse di rileng,  mme yone e tla tla go tlhasela bogosi jwa kgosi ya borwa, le fa go ntse jalo e tla boela kwa lefatsheng la yone. 10  “Mme bomorwawe* ba tla ipaakanyetsa ntwa ba bo ba phutha mophato o mogolo wa masole a mantsi. Mongwe wa bone o tla* tsamaya a tlhasela a bo a gogola jaaka morwalela. Le fa go ntse jalo, o tla boela morago, mme o tla tsamaya a ntse a tlhabana fa a boela kwa kagong ya gagwe ya phemelo. 11  “Mme kgosi ya borwa e tla galefa e bo e tswa e ya go tlhabana le ene, e leng kgosi ya bokone; mme kgosi* eno e tla phutha boidiidi jo bogolo, le fa go ntse jalo, boidiidi joo bo tla tsenngwa mo seatleng sa kgosi* ele. 12  Mme e tla gapa boidiidi joo. Pelo ya yone e tla ikgodisa, e bile e tla diga ba le dikete di le masome; le fa go ntse jalo ga e kitla e dirisa maatla a yone ka botlalo. 13  “Mme kgosi ya bokone e tla boa e bo e phutha boidiidi jo bogolo go feta jwa ntlha; mme kwa bokhutlong jwa metlha, morago ga dingwaga tse di rileng, ruri e tla tla ka mophato o mogolo wa masole le ka dithoto tse dintsi. 14  Mo metlheng eo ba le bantsi ba tla tlhasela kgosi ya borwa. “Mme ba ba ratang thubakanyo* ba ba mo bathong ba gaeno le bone ba tla tsewa gore ba leke go diragatsa ponatshegelo; le fa go ntse jalo, ba tla kgopiwa. 15  “Mme kgosi ya bokone e tla tla, e tla dira thotana go dikologa motse o o sireletsegileng e bo e o gapa. Mme mabogo* a borwa ga a kitla a ema, le banna ba yone ba ba tlhophilweng ga ba kitla ba ema; ga ba kitla ba nna le maatla a go ema. 16  Yo o mo tlhaselang o tla dira jaaka a rata, mme ga go na ope yo o tla emang fa pele ga gagwe. O tla ema mo Lefatsheng le Lentle,*+ e bile mo seatleng sa gagwe go tla bo go na le bokgoni jwa go nyeletsa. 17  O tla ikemisetsa* go tla ka maatla otlhe a bogosi jwa gagwe; le fa go ntse jalo o tla dira kgolagano e e tlhomameng* le ene a bo a diragatsa maikaelelo a gagwe. O tla letlelelwa gore a senye morwadia basadi. Mme morwadi yoo ga a kitla a ema, e bile ga a kitla a tswelela e le wa gagwe. 18  O tla lebisa sefatlhego sa gagwe kwa mafelong a a fa lotshitshing lwa lewatle mme o tla gapa a le mantsi. Mme molaodi o tla fedisa kgobo e yoo a ntseng a mo kgoba ka yone, gore kgobo eo e se ka ya tlhola e nna teng. O tla dira gore e boele kwa go ene yoo. 19  Go tswa foo, o tla lebisa sefatlhego sa gagwe kwa kagong ya phemelo ya lefatshe la gagwe, mme o tla kgopiwa a bo a wa, e bile ga a kitla a bonwa. 20  “Mme mo maemong a gagwe go tla ema mongwe yo o dirang gore mokgethisi* a ralale bogosi jo bontlentle, le fa go ntse jalo mo malatsing a le mmalwa o tla robaganngwa, mme o tla bo a sa robaganngwe ka bogale kgotsa ka ntwa. 21  “Mo maemong a gagwe go tla ema mongwe yo o nyadiwang, mme ga ba kitla ba mo naya tlotlo ya segosi; mme o tla tla ka nako ya pabalesego* a bo a tsaya bogosi a dirisa mafoko a a borethe.* 22  Mme mabogo* a morwalela a tla gogolwa ka ntlha ya gagwe, e bile a tla robaganngwa, mme Moeteledipele+ wa kgolagano+ le ene o tla robaganngwa. 23  Mme ka ntlha ya kgolagano e ba e dirileng le ene, o tla tswelela a tsietsa, o tla tlhatloga a bo a nna maatla ka setšhaba se sennye. 24  Ka nako ya pabalesego,* o tla tsena mo dikarolong tse di humileng* tsa porofense* a bo a dira se borraagwe le borraagwemogolo ba sa se dirang. O tla ba kgaoganyetsa dilo tse a di gapileng le dithoto; mme o tla logela mafelo a a sireletsegileng maano a a bosula, le fa go ntse jalo, o tla dira seo ka nakwana fela. 25  “Mme o tla nna le maatla le bopelokgale* jwa go tlhasela kgosi ya borwa ka mophato o mogolo wa masole, mme kgosi ya borwa le yone e tla ipaakanyetsa ntwa ka mophato wa masole o mogolo le o o maatla thata. Le fa go ntse jalo, ga e kitla e ema ka gonne ba tla e logela maano a a bosula. 26  Ba ba jang dijo tsa yone tsa maemo ke bone ba ba tla e digang. “Mophato wa yone wa masole o tla gogolwa, e bile ba le bantsi ba tla wa ba bolailwe setlhogo. 27  “Mme dipelo tsa dikgosi tseno tse pedi di tla tlhotlheletsega go dira se se bosula, mme di tla nna mo tafoleng e le nngwe di bolelelana maaka. Le fa go ntse jalo, ga go na sepe se se tla atlegang, ka gonne bokhutlo bo tla tla ka nako e e tlhomilweng.+ 28  “O* tla boela kwa lefatsheng la gagwe ka dithoto tse dintsi thata, mme o tla ikemisetsa go lwantsha kgolagano e e boitshepo. O tla atlega mo go se a se dirang a bo a boela kwa lefatsheng la gagwe. 29  “Ka nako e e tlhomilweng o tla boa a bo a tlhasela borwa. Le fa go ntse jalo, mo lekgetlong leno ga go kitla go nna jaaka pele, 30  ka gonne dikepe tsa Kitime+ di tla mo tlhasela, mme o tla kokobediwa. “O tla boela morago a bo a tshololela bogale* jwa gagwe mo kgolaganong e e boitshepo+ a bo a atlega; o tla boela morago a bo a itebaganya le ba ba tlogelang kgolagano e e boitshepo. 31  Mme mabogo* a tla ema a tswa mo go ene; mme a tla leswafatsa* lefelo le le boitshepo,+ kago ya phemelo a bo a emisa setlhabelo se se ntshiwang ka metlha.*+ “Mme a tla tlhoma selo se se ferosang sebete se se bakang tshenyo.+ 32  “Mme ba ba dirang bosula e bile ba tlola kgolagano, o tla ba gogela kwa botlhanoging a dirisa mafoko a a borethe.* Le fa go ntse jalo, batho ba ba itseng Modimo wa bone ba tla fenya e bile ba tla atlega. 33  Mme ba ba nang le temogo+ ba ba mo gare ga batho, ba tla thusa ba le bantsi go nna le kitso. Mme ba tla bogisiwa malatsi a le mmalwa ba bolawa ka tšhaka le ka molelo, ba isiwa botshwarwa e bile ba gapelwa dilo. 34  Le fa go ntse jalo, fa ba ntse ba bogisiwa, ba tla thusiwa go le gonnye fela; mme ba le bantsi ba tla ikgolaganya le bone ba dirisa puo e e borethe.* 35  Mme bangwe mo go ba ba nang le temogo ba tla bogisiwa, e le gore go tle go dirwe tiro ya go itshekisa, ya go phepafatsa le ya go sweufatsa+ ka ntlha ya bone go fitlha ka motlha wa bokhutlo; gonne e sa ntse e tla tla ka nako e e tlhomilweng. 36  “Kgosi ya bokone e tla dira jaaka e rata, e bile e tla itlotlomatsa e bo e ikgodisetsa modimo mongwe le mongwe; mme e tla bua dilo tse di gakgamatsang ka Modimo wa medimo.+ Mme e tla atlega go fitlha katlholo e fela; gonne se Modimo a se ikaeletseng se tshwanetse go direga. 37  Ga e kitla e tlotla Modimo wa borraayone; e bile ga e kitla e akanyetsa dilo tse basadi ba di eletsang kgotsa e tlotla modimo ope fela yo mongwe, mme e tla ikgodisetsa mongwe le mongwe. 38  Go na le moo,* e tla galaletsa modimo wa dikago tsa phemelo; e tla galaletsa modimo o borraayone ba neng ba sa o itse e dirisa gauta le selefera le maje a a tlhwatlhwakgolo le dilo tse di eletsegang.* 39  E tla atlega fa e ntse e tlhasela dikago tse di thata tse di sireletsegileng thata e na le* modimo o sele. Ba ba e tsayang tsia* e tla ba galaletsa thata, e bile e tla ba tlhoma gore ba buse batho ba le bantsi; mme e tla kgaoganya* lefatshe ka tlhwatlhwa. 40  “Mo motlheng wa bokhutlo kgosi ya borwa e tla kgorometsana le yone,* mme kgosi ya bokone e tla e tlhasela ka dikara le ka masole a a tsamayang ka dipitse le ka dikepe tse dintsi; mme e tla tsena mo mafatsheng e bo e a gogola jaaka e kete ka morwalela. 41  Gape e tla tsena mo Lefatsheng le Lentle,*+ e bile e tla senya mafatshe a le mantsi. Le fa go ntse jalo, bano ke ba ba tla falolang mo seatleng sa yone: Edoma le Moabe le karolo e kgolo ya Baamone. 42  E tla tswelela e ntshetsa mafatshe seatla sa yone; mme lefatshe la Egepeto lone ga le kitla le falola. 43  E tla laola matlotlo a a fitlhegileng a gauta le a selefera e bile e tla laola dilo tsotlhe tse di eletsegang* tsa Egepeto. Mme Balibia le Baethiopia ba tla e sala morago.* 44  “Le fa go ntse jalo, e tla tshwenngwa ke dipego tse di tswang kwa botlhaba le tse di tswang kwa bokone, mme e tla tswa e shakgetse thata gore e ye go nyeletsa le go senya ba le bantsi. 45  E tla tlhoma ditente tsa yone tsa segosi fa gare ga lewatle le legolo le thaba e e boitshepo ya Lefatshe le Lentle;*+ mme e tla tsamaya go ya go fitlha fela kwa bokhutlong jwa yone, mme go tla bo go se na ope yo o e thusang.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “ka bo ka nna kago ya gagwe ya phemelo.”
Seheb., “ema.”
Kgotsa “bo bo bo kgaogana bo nna dikarolo tse nnê.”
Go lebega go tewa kgosi ya bokone.
Kgotsa “tumalano.”
Kgotsa “difikantswe.”
Kgotsa “tlhwatlhwakgolo.”
Go lebega go tewa barwa ba kgosi ya bokone.
Seheb., “O tla.”
Go lebega go tewa kgosi ya borwa.
Go lebega go tewa kgosi ya bokone.
Kgotsa “Mme bomorwa dinokwane.”
Kgotsa “masole.”
Kgotsa “mo Lefatsheng la Mokgabiso.”
Seheb., “O tla tlhoma sefatlhego sa gagwe.”
Kgotsa “o tla dira tumalano.”
Kgotsa “mookamedi wa tiro.”
Kgotsa gongwe “a sa ba tlhagisa.”
Kgotsa “ka maano a a bosula.”
Kgotsa “masole.”
Kgotsa “kgaolo e e nang le taolo.”
Kgotsa gongwe “A sa ba tlhagisa.”
Seheb., “nonneng.”
Seheb., “pelo.”
Go lebega go tewa kgosi ya bokone.
Seheb., “a latlhela dikatlholo.”
Kgotsa “masole.”
Seheb., “itshepolola.”
Seheb., “karolo e e ntshiwang ka metlha.”
Kgotsa “tsietso; boferefere.”
Kgotsa “tsietso; boferefere.”
Kgotsa “E le mo maemong a yone.”
Kgotsa “tlhwatlhwakgolo.”
Kgotsa “e thusiwa ke.”
Kgotsa “Ope fela yo e mo lemogang.”
Kgotsa “aba.”
Kgotsa “e tla thulana le yone ka dinaka.”
Kgotsa “mo Lefatsheng la Mokgabiso.”
Kgotsa “tlhwatlhwakgolo.”
Seheb., “ba tla bo ba le mo dikgatong tsa yone.”
Kgotsa “Lefatshe la Mokgabiso.”